Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Bothata Jono bo Ntse bo Gola?

Ke Eng fa Bothata Jono bo Ntse bo Gola?

Ke Eng fa Bothata Jono bo Ntse bo Gola?

AO NE o itse gore go gweba ka batho ke bokebekwa jo bo tsayang maemo a boraro mo lefatsheng, jo bo fetwang fela ke jwa go rekisiwa ga diokobatsi le dibetsa? Go ya ka mokgatlho wa United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization, boaka jwa mefuta yotlhe bo gola ka iketlo.

Mo nageng nngwe ya kwa Latin-America, Komiti ya Kongerese e e Dirang Dipatlisiso e bega gore go na le basetsanyana ba ba fetang 500 000 ba ba dirisiwang jaaka diaka le mororo kgwebo e e ntseng jalo e ileditswe.

Kwa nageng e nngwe, go na le bana ba ba dirisiwang jaaka diaka ba le 300 000 mo mebileng, segolo jang mo mafelong a go rekisiwang diokobatsi mo go one.

Kwa dinageng tsa Asia, go begwa gore basetsanyana ba ka nna milione ba dirisiwa jaaka diaka mo maemong a a tshwanang le a bokgoba. Dinaga dingwe di itsege ka mafelo a ditiro tsa boaka, a bana ba ba dirisiwang jaaka diaka ba isiwang kwa go one e bile e le a bojanala jwa tlhakanelodikobo.

Ka ntlha ya go anama ga malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo a a tshwanang le AIDS, batho ba ba robalang le bana ba go bonalang e sa ntse e le makgarebane, ba iketleeleditse go duela madi a a kwa godimo thata e re ka ba se kitla ba tshwaetsega bonolo. “Go tshaba AIDS, go dirile gore banna ba batle basimane le basetsana ba ba sa ntseng ba le bannye, mme seno se dira gore bothata jono bo etegele,” go bolela jalo Luíza Nagib Eluf wa Lephata la Bosiamisi la kwa Brazil. O ne a re: “Go tlhakanela dikobo le basetsana le basha ba dingwaga tsa bolesome ka tsela e e sa tshwanelang ke bothata jo bogolo mo setšhabeng sa basadi ba bahumanegi mo Brazil.”

Lehuma le go Dirisiwa ga Bana Jaaka Diaka

Go dirisiwa ga bana jaaka diaka go tlwaelegile thata mo mafelong a a nang le batho ba bantsi ba ba sotlegileng le ba ba humanegileng. Go ya ka modiredi mongwe wa puso, go sotliwa ga bana ka ditiro tsa boaka mo nageng ya gaabo “go amanngwa ka phepafalo le go thubega ga malapa mme ke gone go bakang tshotlego le tlala.” Batsadi bangwe ba bolela gore lehuma ke lone le dirileng gore ba rekise bana ba bone gore ba dirisiwe jaaka diaka. Bana ba ba nnang mo mebileng ba feleletsa e le diaka ka gonne ba bone e le yone fela tsela e ba ka itshedisang ka yone.

Lokwalodikgang lo lo bidiwang O Estado de S. Paulo le tlhalosa gore mosetsana a ka feleletsa a le seaka ka go nna mongwe wa segopa sa dinokwane tsa mo mebileng. Gore a nne le sengwe sa go ja, a ka nna a utswa le go ithekisa mmele ka dinako tse dingwe. Morago ga moo, o simolola go itshedisa ka go nna seaka.

Ka dinako tse dingwe, basha ba dingwaga tsa bolesome ba romelwa kwa dinageng tse dingwe go ya go bereka jaaka diaka. UNESCO Sources e bega jaana: “Madi a diaka tse di fudugetseng kwa dinageng tse dingwe di a romelelang ba malapa a tsone, gantsi a mantsi thata fa go lejwa ka fa dinaga dingwe tsa Asia le Afrika di humanegileng ka gone. Mo dinageng tseno, go kgothalediwa boaka ka ntlha ya bajanala ba ba tswang kwa dinageng tse di humileng ba ba tlang ka boikaelelo jwa go ‘robala’ le basha mmogo le bana.”

Fa makasine wa Time o tlhalosa dikotsi tse di tlelang bana ba ba dirisiwang jaaka diaka mo mebileng kwa motseng mongwe wa Latin-America, o bega jaana: “Bangwe ba bana bano ba ba dirisiwang jaaka diaka ba na le dingwaga di le 12 fela. E re ka ba tswa mo malapeng a a thubegileng, ba robala fa ba ka kgonang go robala teng motshegare, mme bosigo ba ya kwa mafelong a maitiso a bosigo kwa ba tla kopanang le batho ba ba tsamayang ka dikepe ba ba itisitseng koo, ba ba tla robalang le bone.”

Ngwana yo o dirisiwang jaaka seaka, fa a dirisitse diokobatsi, a ka nna a dumalana go dira dilo tse di maswe tse a neng a se kitla a dumela go di dira fa a sa ja diokobatsi. Ka sekai, makasine wa Veja o bega gore mapodise a ne a fitlhela ditheipi tsa bidio di le 92, tse mo go tsone ngaka nngwe e gatisitseng ditiragalo tsa go sotlwa mo go feteletseng ga basadi ba ba fetang 50 mmogo le bana.

Go sa kgathalesege matswela a a hutsafatsang a seno, ngwana mongwe yo a neng a dirisiwa jaaka seaka o ne a tlhalosa jaana: “Fa nka batla tiro, ga nkitla ke kgona go amogela madi a a lekaneng go reka dijo ka gonne ga ke a ithutela tiro epe. Lelapa la gaetsho le itse sengwe le sengwe se ke se dirang e bile ga ke batle go tlogela go tshela ka tsela eno. Ke mmele wa me, ke dira se ke se batlang ka one.”

Le fa go ntse jalo, basetsana bano ga ba itlhomela mokgele wa go tshela jaaka diaka. Go ya ka modirediloago mongwe, basha ba le bantsi ba ba dirisiwang jaaka diaka “ba batla go nyalwa” le go nna le monna yo o tla ba ratang le go ba tlhokomela. Le fa go na le mathata a a raraaneng a a dirang gore ba tshele botshelo jwa go nna diaka, mmatlisisi mongwe o bolela jaana: “Selo se se tshosang thata ke gore bontsi jwa bone ba ne ba betelelwa ke ba malapa a bone.”

A go Dirisiwa ga Bana Jaaka Diaka go Tla Fela?

Go na le tsholofelo ka bana bano ba ba tlhokileng lesego. Batho ba dingwaga tsotlhe ba ba neng ba dirisiwa jaaka diaka ba kgonne go fetola matshelo a bone. (Bona lebokoso le le reng, “Batho ba ka Kgona go Fetoga,” mo tsebeng 7.) Lefoko la Modimo Baebele le thusitse dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe gore e nne baagisani ba ba molemo le maloko a a ikanyegang a lelapa. Re bala jaana ka batho ba pele e neng e le bagokafadi, diaka, magodu, batho ba ba pelotshetlha le matagwa: “Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo. Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa, lo itshepisitswe, lo boletswe lo le ba ba siameng mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete le ka moya wa Modimo wa rona.”—1 Bakorintha 6:9-11.

Gompieno, fela jaaka mo motlheng wa fa go ne go kwalwa Baebele, go na le batho ba ba fetolang matshelo a bone mme ba nna le diphelelo tse di molemo. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le mo go ntsi mo go tshwanetseng ga dirwa go fedisa mokgwa ono wa go tlhakanela dikobo le batho ka tsela e e sa siamang. Dipuso dingwe le mekgatlho mengwe di lwantshana le bojanala jwa tlhakanelodikobo le go dirisiwa ga bana jaaka diaka. Mme tota ga go na sepe se se kalo se batho ba ka se dirang go fedisa tshotlego le lehuma. Batlhomamolao ga ba ka ke ba kgona go thibela dikakanyo le maikutlo a a dirang gore batho ba itshole ka tsela eno e e sa siamang.

Le fa go ntse jalo, go na le gore mathata ano otlhe a rarabololwe ke batho, go na le tsela e a tla rarabololwang ka yone—Bogosi Jwa Modimo. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore jang.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Gantsi lehuma le dira gore bana ba dirisiwe jaaka diaka

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Diphelelo Tse di Hutsafatsang

Fa Daisy a ne a na le dingwaga di le thataro fela, mongwe wa bokgaitsadie o ne a mo sotla ka go tlhakanela dikobo le ene. Ka ntlha ya moo, o ne a ya go nna le kgaitsadie yo mogolo go fitlha a nna le dingwaga di le 14, mme a simolola go bereka kwa lefelong lengwe la maitiso a bosigo. Morago ga malatsi a sekae, Daisy o ne a simolola go lwala. E ne ya re fa a fola, mothapi wa gagwe a bo a mmolelela gore o a mo kolota, a mo pateletsa gore a dire tiro ya go nna seaka. Mo e ka nnang morago ga ngwaga, o ne a ise a fetse sekoloto sa gagwe mme go ne go lebega e kete ga a kitla a tsamaya a se fetsa. Le fa go ntse jalo, motsamaya ka sekepe mongwe o ne a mo duelela sekoloto sotlhe sa gagwe mme a mo isa kwa motseng mongwe kwa a neng a fitlha a mo tshwara jaaka lekgoba teng. Daisy o ne a mo tlogela mme moragonyana a nna le monna mongwe dingwaga di le tharo mme morago ga moo, ba nyalana. O ne a leka makgetlho a le mararo go ipolaya ka ntlha ya mathata a a masisi a lenyalo.

Kgabagare, ene le monna wa gagwe ba ne ba simolola go ithuta Baebele. Mme Daisy o ne a ikutlwa a sa tshwanelege go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa a ne a bontshiwa go tswa mo Baebeleng gore Jehofa Modimo o amogela batho ba ba dirang diphetogo tse di tlhokegang, o ne a neela botshelo jwa gagwe mo go ene. Daisy o ne a iteka thata go dira se se siameng mme o ne a se ke a kgotsofala, ka jalo o ne a tshwenyega thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore o ne a amogela thuso ya gore a kgone go lebana le ditlamorago tse di bakilweng ke go sotlwa ka tlhakanelodikobo le go dirisiwa jaaka seaka fa a ne a sa ntse a le ngwana le gore a kgone go ritibala mo maikutlong.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Batho ba ka Kgona go Fetoga

Fa Jesu Keresete a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a utlwela botlhoko batho ba ba bogang le ba ba nang le boleo. O ne a itse gore diaka, go sa kgathalesege gore ke ba dingwaga tse kae, ba ne ba ka kgona go fetola mokgwa wa bone wa botshelo. Jesu o ne a bo a raya baeteledipele ba bodumedi a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re bakgethisi le diaka ba tsena pele ga lona mo bogosing jwa Modimo.” (Mathaio 21:31) Le fa gone ba ne ba nyadiwa ka ntlha ya tsela ya bone ya botshelo, batho bao ba dipelo tse di siameng ba ne ba itshwarelwa ka ntlha ya go dumela mo go Morwa Modimo. Baleofi ba ba ikotlhaileng ba ne ba iketleeleditse go tlogela botshelo jwa bone jwa boaka gore ba bone masego a Bogosi Jwa Modimo. Morago ga moo, ba ne ba tshela tumalanong le ditekanyetso tsa tshiamo tsa Modimo. Le gompieno, batho ba mefuta yotlhe ba amogela thuto ya Lefoko la Modimo ba bo ba fetola tsela ya bone ya botshelo.

Akanya ka se se neng sa diragalela Maria, Carina le Estela, ba ba umakilweng mo setlhogong sa ntlha. Mo godimo ga go emelana le go gatelelwa ke mmaagwe gore a tswelele e le seaka, Maria o ne a tshwanelwa ke go lwa ka thata gore a tlogele go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke dirisa diokobatsi go itebatsa maikutlo a go bo ke se na mosola ka ntlha ya go tshela botshelo jwa go nna seaka.” Maria o tlhalosa ka fa phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa e neng ya mo amogela ka gone: “Ke ne ka kgatlhwa ke lorato lo maloko a phuthego a neng a na le lone. Botlhe—bana le bagolo—ba ne ba ntshwara ka tlotlo. Ke ne ka tlhokomela gore banna ba ba nyetseng ba ne ba ikanyega mo basading ba bone. Ke itumela thata go bo ba nkamogela jaaka tsala ya bone.”

Fa Carina a ne a na le dingwaga di le 17, o ne a etelwa ke Basupi ba ga Jehofa. O ne a simolola go ithuta Baebele le mororo a ne a fetsa nakonyana a ntse a dira tiro ya gagwe ya go nna seaka. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a simolola go tlhaloganya dithuto tsa Baebele. Ka jalo, o ne a swetsa ka gore a fudugele kwa toropong nngwe e e kwa kgakala mme fa a fitlha koo, a nna Mosupi wa ga Jehofa.

Estela yo o neng a dira tiro ya go nna seaka a sa le monnye, a ya meketeng ya go nwa le go tlhapelwa, o ne a simolola go kgatlhegela Baebele. Le fa go ntse jalo, o ne a swetsa ka gore Modimo ga a kitla a bo a mo itshwarela. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a simolola go tlhaloganya gore Jehofa Modimo o itshwarela batho ba ba ikotlhayang. Gone jaanong Estela yo e leng leloko la phuthego ya Bokeresete, a nyetswe e bile a na le bana ba le bararo, a re: “Ke itumetse thata e bile ke leboga Jehofa go bo a nkitshitse mo seretseng le go nkamogela mo phuthegong ya gagwe e e phepa.”

Dipego tseno di tshegetsa se Baebele e se buang fa e re thato ya Modimo ke gore, “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:4.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Gantsi bana ba ba dirisiwang jaaka diaka ba dirisa diokobatsi

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

© Jan Banning/Panos Pictures, 1997