Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Lefatshe Seoposengwe—Ditsholofelo le Dipoifo Tsa Gone

Go Dira Lefatshe Seoposengwe—Ditsholofelo le Dipoifo Tsa Gone

Go Dira Lefatshe Seoposengwe—Ditsholofelo le Dipoifo Tsa Gone

“Kgang ya go dira lefatshe seoposengwe ke selo se se botlhokwa thata mo go tsa ikonomi mo motlheng wa rona. . . . Gone jaanong go dira gore dimilione di le diketekete tsa batho mo lefatsheng lotlhe di bulegelwe ke ditshono tse di iseng di ko di nne le tsone pele.”—MARTIN WOLF, MOKWADI WA DIKGANG TSA MADI.

“Rona baagi ba Lefatshe re lelapa le le lengwe le legolo. Motlha ono o mosha o re tlela ka dikgwetlho tse disha le mathata a masha a a amang lefatshe lotlhe, a a jaaka mathata a magolo a tikologo, go senngwa ga dikuno tsa tlholego, dintwa tse di bolayang batho ba bantsi le khumanego.”—EDUARD SHEVARDNADZE, PORESIDENTE WA GEORGIA.

KA December 1999, kokoano e e neng e tshwaretswe kwa Seattle, U.S.A., ya Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Kgwebisano e ne ya kgaupediwa ke dikhuduego. Mapodise a ne a dirisa gase ya dikeledi, dikolo tsa rabara le dikgatsi tsa pepere go lolamisa maemo. Ba ne ba feleletsa ba tshwere makgolokgolo a bangongoregi bao.

Ke eng se se neng sa baka dikhuduego tseo kwa Seattle? Di ne tsa bakwa ke go bo batho ba ne ba tshwenyegile ka go latlhegelwa ke ditiro, mathata a tikologo le go tlhoka tekatekano mo bathong. Le fa go ntse jalo, tota re ka re, bangongoregi ba ne ba boifa kgang ya go dira lefatshe seoposengwe—ba ne ba boifa kafa seno se tlileng go ama batho le polanete ka teng.

Dilo tse ba neng ba di boifa ga di a fela. Fa e sa le go tloga ka 1999, dikhuduego tsa go ngongoregela go dirwa ga lefatshe seoposengwe di ile tsa oketsega ka palo le ka bogolo. Ka dinako dingwe, baeteledipele ba lefatshe ba leka go tshwarela dikokoano tsa bone mo mafelong a go leng thata go a fitlhelela e le gore bangongoregi ba se ka ba kgona go kgoreletsa dipuisano tsa bone.

Mme gone, ga se batho botlhe ba ba akanyang gore go dira lefatshe seoposengwe go tla baka mathata. Le fa batho bangwe ba tsaya gore ke gone go go bakelang lefatshe mathata, ba bangwe ba go tsaya e le makgonatsotlhe a bontsi jwa mathata a lefatshe. Ke boammaaruri gore, kgang eno ya moruthutha e ka lebega e sa ame batho ba bantsi, ba bontsi jwa bone ba sa itseng go le kalo ka se tota go dira lefatshe seoposengwe go se akaretsang. Le fa maikutlo a gago e ka tswa e le afe ka seno, go dira lefatshe seoposengwe go setse go go ama, mme gongwe e bile go tlile go go ama thata mo isagweng.

Totatota go Dira Lefatshe Seoposengwe ke Eng?

“Go dira lefatshe seoposengwe” ke lereo le le dirisiwang go tlhalosa tsela e e ntseng e golela pele e batho le dinaga di ikaegang ka tse dingwe ka yone. Seno se ile sa gola ka lobelo lo logolo mo masomeng a dingwaga a a fetileng kana go feta, mme thatathata e le ka ntlha ya kgatelopele e kgolo mo go tsa boranyane jwa saense. (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 21.) Mo nakong eno, bontsi jwa dilo tse di neng di baka go sa utlwane ga dinaga tse di neng di lwa Ntwa ya Molomo di fedisitswe, maparego a kgwebisano a tlositswe, mebaraka e megolo ya madi ya lefatshe e dirilwe seoposengwe, go tsaya maeto go setse go le tlhwatlhwatlase e bile go motlhofo.

Go dirwa seoposengwe jalo ga lefatshe go go ntseng go gola, go dirile gore go nne le matswela a le mantsi—a tsa ikonomi, dipolotiki, setso le tikologo. Ka maswabi, mangwe a matswela ano e ka nna a a sa itumediseng. Kgatiso ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya Human Development Report 1999 e ile ya tlhalosa jaana: “Matshelo a batho mo lefatsheng lotlhe a dirilwe gore a golagane thata le ka tlhamalalo go feta le fa e le leng pele. Seno se dira gore go tlhage ditshono di le dintsi, tse di siameng le tse di sa siamang.” Fela jaaka dilo di le dintsi tse batho ba atlegileng mo go tsone, go dira lefatshe seoposengwe go na le melemo le masula a gone.

Ditsholofelo Tsa go Dira Gore Lefatshe le Atlege

Amartya Sen yo e leng mofenyi wa Sekgele sa Nobel mo go tsa ikonomi o ile a bolela gore go dirwa ga lefatshe seoposengwe “go thusitse lefatshe mo go tsa saense le mo go tsa setso e bile go solegetse batho ba le bantsi molemo le mo go tsa ikonomi.” Human Development Report 1999 le yone e bolela gore go dirwa ga lefatshe seoposengwe “go bula ditshono di le dintsi tsa go fedisa khumanego mo lekgolong la bo21 la dingwaga.” Selo se se dirang gore batho ba nne le tsholofelo jaana ke katlego e kgolo e go dirwa ga lefatshe seoposengwe go e bakileng. Malapa a le mantsi gompieno mo lefatsheng a na le lotseno lo lo oketsegileng gararo go feta ka tsela e go neng go le ka teng dingwaga di le 50 tse di fetileng. *

Babatlisisi bangwe ba bona fa go kopanngwa ga ikonomi ya dinaga go lere melemo e mengwe: Ba akanya gore go tla dira gore dinaga di se ka tsa lwa. Thomas L. Friedman, mo bukeng ya gagwe ya The Lexus and the Olive Tree, o dumalana le gore go dirwa ga lefatshe seoposengwe “go oketsa dilo tse di tlhotlheletsang dinaga gore di se ka tsa lwa e bile go dira gore go lwa go je madi a mantsi go feta ka fa go neng go le ka teng mo nakong e e fetileng.”

Gape go dirisana mmogo thata ga batho go ka nna ga thusa go dira gore lefatshe le nne le kutlwano e kgolo. Mekgatlho mengwe e e lwelang ditshwanelo tsa batho e ile ya kgona go dirisa Internet go buelela maikaelelo a yone ka tsela e e molemo. Ka sekai, tumalano ya ditšhabatšhaba ya 1997 e e neng e thibela go dirisiwa ga dibomo tse di epelwang e ne ya kgona go fitlhelelwa ka go bo go ilwe ga dirisiwa melaetsa e e romelwang ka khomputara go tlhotlheletsa ditlhopha tse di farologaneng tsa batho mo lefatsheng lotlhe gore di eme maikaelelo ao nokeng. Mokgwa o o ntseng jalo o ne wa tlotlomadiwa gore ke “tsela e ntšha ya go rerisana ka kagiso gareng ga dinaga, e mo go yone dipuso le batho ba dirisanang mmogo go rarabolola bothata jo bo amang lefatshe lotlhe.”

Le fa go na le dilo tseno tse di molemo, batho ba le bantsi ba akanya gore matswela a a sa itumediseng a go dira lefatshe seoposengwe a feta melemo ya gone.

Dipoifo Tsa Gore Lefatshe le Tla Kgaogana

Gongwe selo se se tshwenyang batho thata malebana le go dirwa ga lefatshe seoposengwe ke tsela e go bakileng pharologano e kgolo ka teng gareng ga bahumi le bahumanegi. Le fa gone go se na pelaelo gore khumo ya lefatshe e oketsegile, e oketsegileng fela mo bathong ba le mmalwa le dinaga di le mmalwa. Gone jaanong madi a batho ba le 200 ba ba humileng go gaisa botlhe mo lefatsheng ba nang le one a feta a a amogelwang ke diperesente di le 40 tsa batho botlhe ba ba mo lefatsheng—ba ba ka nnang dimilione di le dikete tse 2,4. Le fa madi a batho ba a amogelang a nna a okediwa kwa dinageng tse di humileng, a ile a fokodiwa thata kwa dinageng tse 80 tse di humanegileng thata mo dingwageng tse di fetileng di le lesome.

Selo sengwe se se tshwenyang batho thata ke kgang ya tikologo. Go dirwa ga lefatshe seoposengwe mo go tsa ikonomi go ile ga engwa nokeng thata ke dikgwebo tse di amegileng thata ka go bona dipoelo tse dintsi go na le go amega ka go sireletsa polanete. Agus Purnomo, yo e leng mookamedi wa lekgotla la World Wide Fund for Nature kwa Indonesia, o tlhalosa bothata jono jaana: “Re lelekisana le kgatelopele. . . . Ke tshoga gore e tla re morago ga dingwaga di le lesome re tla bo re itse sentle ka tikologo, mme gone go tla bo go sa sala sepe mo tikologong.”

Gape batho ba tshogetse ditiro tsa bone. E re ka dikhampani tsa lefatshe lotlhe di kopanngwa e bile kgaisano e kgolo mo go tsa kgwebo e pateletsa dikhampani go nonotsha ditiro tsa tsone, seno se dira gore ditiro le madi a batho ba a amogelang di se ka tsa tlhomama. Go ka bonala go utlwala mo khampaning e e batlang go oketsa dipoelo tsa yone gore e thape badiri kana e ba fokotse go ya ka maemo a yone a nako eo, mme gone seo se kgobera matshelo a batho.

Go dirwa seoposengwe ga ditheo tsa madi le gone go dirile gore go nne le selo se sengwe gape se se bakang ketsaetsego. Babeeletsi ba dinaga tse dingwe ba ka beeletsa madi a mantsi kwa dinageng tse di sa ntseng di tlhabologa mme morago ba tloge ba goge madi ao ka tshoganyetso fa maemo a ikonomi a bonala a sa itumedise. Go goga madi a mantsi jalo go ka tsenya dinaga tse dintsi mo mathateng a tsa ikonomi. Mathata a tsa madi a kwa Asia Botlhaba ka 1998 a ne a dira gore batho ba le dimilione di le 13 ba latlhegelwe ke ditiro. Kwa Indonesia, tota le badiri ba ba neng ba se ka ba latlhegelwa ke ditiro ba ne ba bona madi a ba a duelwang a fokotsega ka halofo.

Go a utlwala he go bo go dirwa ga lefatshe seoposengwe go dira gore batho ba nne le dipoifo le ditsholofelo. A o na le lebaka la go boifa go dirwa ga lefatshe seoposengwe? A kgotsa o ka lebelela gore go tla dira gore lefatshe le atlege thata? A go dirwa ga lefatshe seoposengwe go re neile lebaka la gore re solofele dilo tse di molemo mo isagweng? Setlhogo sa rona se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Le fa go ntse jalo, dipalogare tseno, segolobogolo tsa lefatshe lotlhe di ka tsietsa. Mo mafelong a le mantsi lotseno lwa malapa mangwe ga lo a oketsega ka gope mo dingwageng tse 50 tse di fetileng, fa a mangwe one lotseno lwa one lo ile lwa oketsega ka makgetlo a le mantsi.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Madi otlhe a batho ba le 200 ba ba humileng go gaisa botlhe mo lefatsheng ba nang le one a feta palogotlhe ya madi a a amogelwang ke diperesente di le 40 tsa baagi ba lefatshe

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]

BORANYANE JO BO THUSANG GO DIRA LEFATSHE SEOPOSENGWE

Boranyane bo fetotse ditsela tsa tlhaeletsano thata mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng. Go tlhaeletsana le batho le go bona tshedimosetso—segolobogolo gongwe le gongwe mo lefatsheng—go dirilwe gore go nne bonako, go nne tlhwatlhwatlase le gore go nne motlhofo.

THELEBISHENE Jaanong batho ba le bantsi mo lefatsheng ba kgona go lebelela thelebishene, tota le fa e se ya bone ka namana. Ka 1995, go ne go na le dithelebishene di le 235 mo bathong bangwe le bangwe ba le 1 000 mo lefatsheng lotlhe, palo e e fetang ya 1980 go menagane gabedi. Fa motho yo o nnang kwa mafelong a a kwa thoko a na le sathalaete e nnye fela a ka kgona go bona kgaso ya thelebishene go tswa mo lefatsheng lotlhe. Francis Fukuyama, yo e leng porofesa wa ikonomi ya tsa dipolotiki a re: “Gompieno ga go na naga epe e tota e ka kgonang go iphapaanya bobegadikgang jwa lefatshe lotlhe.”

INTERNET Beke le beke go nna le batho ba le 300 000 ba basha ba ba gokaganang le Internet. Ka 1999 go ne ga fopholediwa gore go tlile go nna le batho ba le dimilione di le 700 ba ba tla gokaganang le yone ka ngwaga wa 2001. Thomas L. Friedman, yo e leng mokwadi, o ne a tlhalosa jaana: “Seno se dirile gore batho ba le bantsi ba ithute ka matshelo a batho ba bangwe, dilo tse ba di tlhagisang le megopolo ya bone ka selekanyo se segolo go feta nako epe fela mo hisitoring ya lefatshe.”

FOUNO Dikheibole tsa fiber-optic le mafaratlhatlha a disathalaete di fokoditse ditlhwatlhwa tsa difouno fela thata. Tlhwatlhwa ya founo e e tsayang metsotso e le meraro go tloga kwa New York go ya kwa Lontone e ile ya fokotsega go tloga go R2 860 ka 1930 go nna R4,00 ka 1999. Mafaratlhatlha a a dirisang makhubu a radio a dirile gore difouno tsa selula di ate fela jaaka khomputara. Go fopholediwa gore fa ngwaga wa 2002 o fela, go tla bo go na le batho ba le dimilione di le sekete ba ba dirisang difouno tsa selula mme bontsi jwa bone bo tla bo bo kgona go dirisa difouno tseno go gokagana le Internet.

MICROCHIP Dilo tseno tsotlhe tse di umakilweng fa godimo tse gangwe le gape di tlhabololwang, di ikaegile ka di-microchip. Mo dingwageng tse 30 tse di fetileng, maatla a di-microchip a go boloka tshedimosetso a oketsegile go menagane gabedi mo dikgweding dingwe le dingwe tse 18. Ga go ise go ke go direge gore mokgobe o kana kana wa tshedimosetso o bolokiwe mo selong se sennye jaana.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Globes on pages 21, 23-26, and 29: NASA photo