Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go se Utlwane ga Saense le Bodumedi

Go se Utlwane ga Saense le Bodumedi

 Go se Utlwane ga Saense le Bodumedi

“A tsela e e botoka ya go tlhalosa bodumedi ke ya gore ke bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo tshelanwang?”—Richard Dawkins wa moitsethutotshelo.

KA DINAKO tse dingwe bodumedi le saense di tsewa e le baba ba ba itaanang ka noga e tshela. Bangwe ba di tsaya di ganetsana thata jaana mo go bonalang se sengwe se ka kgona go fenya fa fela se sengwe se ka fedisiwa.

Mo letlhakoreng le lengwe go na le baitsesaense bangwe, ba ba jaaka Peter Atkins, ba ba akanyang gore “go ka se ka ga kgonega” gore bodumedi bo letlanngwe le saense. Atkins a re go dumela gore “go na le Modimo yo e leng ene yo o dirileng dilo (tsotlhe), go tlhabisa ditlhong tota.”

Kafa letlhakoreng le lengwe go na le batho ba bodumedi ba ba latofatsang saense ka gore e senya tumelo. Batho bao ba dumela gore saense ya segompieno e a tsietsa; dintlha tsa yone di ka tswa di le boammaaruri, mme tsela e e phoso e e tlhalosang dintlha tseo ka yone e nyenyefatsa dithuto tsa bodumedi. Ka sekai, William Provine yo e leng moitsethutotshelo o bolela gore go dumela mo dithutong tsa ga Darwin go kaya “go se nne le dithuto tsa motheo tsa boitshwaro; go se nne le lebaka lepe le le botlhokwa la go bo re tshela.”

Le fa go ntse jalo, dilo dingwe tse bodumedi le saense di sa dumalaneng ka tsone di bakwa ke dithuto dingwe tse di seng boammaaruri tse di rutwang ke matlhakore ano ka bobedi. Go fetile makgolokgolo a dingwaga baeteledipele ba bodumedi ba ruta ditlhamane le dithuto tse di seng boammaaruri tse di thulanang le dilo tse di ribolotsweng ke saense ya segompieno mme e le tse di sa thaiwang mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng. Ka sekai, Kereke ya Katoliki ya Roma e ne ya bona Galileo molato ka go bo a ne a na le pono e e boammaaruri ya gore lefatshe le dikologa letsatsi. Pono eno ya ga Galileo ga e ganetse Baebele ka gope, le fa go ntse jalo e ne e sa dumelane le se kereke e neng e se ruta ka nako eo. Kafa letlhakoreng le lengwe, baitsesaense ba phoso fa ba ruta thuto e e se nang bosupi ya gore botshelo bo nnile gone ka go itlhagela fela go tswa mo dilong tse di sa tsheleng bo sa bopiwa ke Modimo. Ba nyatsa dithuto tsa bodumedi ba re ga di dumalane le saense.

Ka gone, a go a kgonega go ka letlanya saense le bodumedi? Ee, go a kgonega. Tota e bile, bodumedi jwa boammaaruri le saense e e tshegediwang ka mabaka di a dumalana go na le go ganetsana.

 [Setshwantsho mo go tsebe 2, 3]

Kereke e ne ya latofatsa Galileo ka go bo a ne a ruta thuto e e boammaaruri ya saense