Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Meletlo e e Tumileng—A e Itshiametse Fela?

Meletlo e e Tumileng—A e Itshiametse Fela?

Meletlo e e Tumileng—A e Itshiametse Fela?

MO BOGARENG jwa kgwedi ya October, go simolola go nna le phetogo e e sa tlwaelegang mo ditoropong dingwe tsa Fora. Difensetere tsa mabenkele di tlala ka maphutse, marapo a batho le mabi a digokgo. Mo marekisetsong a koo, dikasiri di rwala dihutshe tse dintsho tse di motsu. Mme ga se gone gotlhe. Bananyana ba tlalatlala mo mebileng—ba tsamaya ba kokota mo dikgorong tsa batho ba kopa dimonamone le go tshosetsa gore ba tla dira ditiro tsa bosenyi fa ba sa newe “dimonamone” tseo.

Dingwao tse di sa tlwaelegang tseno tsotlhe fela ke karolo ya go keteka moletlo o o bidiwang Halowine. Halowine e pele e neng e lejwa e le letsatsi la boikhutso la kwa Amerika, e setse e anametse mo lefatsheng lotlhe e bile e ratwa thata ke bana le bagolo. Go bonala Fora e amogetse Halowine ka diatla tsoopedi. Go ya ka phopholetso nngwe, moletlo ono o ne wa ketekwa ke mo e batlang e nna nngwetharong ya malapa a kwa Fora mo ngwageng o o fetileng. Lekwalodikgang le le bidiwang La Repubblica la kwa Italy le le tswang letsatsi le letsatsi le bua ka tlwaelo eno ya gone jaanong le re ke “koketsego” e e gogolang setlhaketlhake sa Italy. Lekwalodikgang le le bidiwang Nordkurier le bolela gore “baagi ba le bantsi go feta pele ba kwa [Jeremane], ga ba batle go fetwa ke monate ono o o boitshegang.”

Yuropa ga se lone fela lefelo le batho ba teng ba ratang Halowine thata. Go tswa Bahamas go ya Hong Kong, Halowine e ketekwa ka matlhagatlhaga. International Herald Tribune e bega gore mo ngwageng o o fetileng seteishene sa radio sa kwa Sri Lanka se ne sa tshwara kgaisano ya “go dira resepe ya Halowine e e sa tlwaelegang go feta tsotlhe le go bokolela ka tsela e e tshosang go gaisa botlhe jaaka motho yo o swang loso lo lo botlhoko.” Halowine e simolola go tuma le kwa Japane, kwa batho ba le diketekete ba ileng ba e keteka gone kwa Tokyo ba dirile ‘mekoloko ba tshwere bommamatlhwana ba ba dirilweng ka dikgapha tsa maphutse.’

Tota le kwa dikarolong tsa lefatshe kwa Halowine e sa tumang gone, gantsi go na le mekete le meletlo e e tshwanang le yone. Ka nako ya moletlo wa Guy Fawkes Night wa Boritane, o tla bona ditlhopha tsa bana ba tsamaya ba kopa madi le go dira metlae e e tshwanang le ya Halowine. Kwa Taiwan, go na le Moletlo wa Dilantere tse di mebalabala. Bana ba bannye ba tsamayatsamaya mo mebileng ba tshotse dilantere tsa ditshwantsho tsa dinonyane le diphologolo. Mexico e na le Dia de los Muertos ya yone, kgotsa Letsatsi la Baswi, e leng moletlo o o kgabaganyeditseng kwa United States go ralala molelwane wa Mexico. Go ya ka mokwadi mongwe e bong Carlos Miller, Ba-Mexico bangwe ba Baamerika ba sa ntse ba “ipipa difatlhego ka logata lwa logong lo lo bidiwang calacas ba bo ba bina go tlotla ba losika lwa bone ba ba suleng.”

Batho ba le bantsi ba ka nna ba leba meletlo e e ntseng jalo jaaka e e itshiametseng fela—e le seipato sa gore bana le bagolo ba apare diaparo dingwe tse di kgethegileng ba bo ba o keteka ba se na boithibo. Le fa go ntse jalo, go leba dilo ka tsela e e motlhofo jalo go dira gore ba itlhokomolose ntlha e e ka se kang ya ganediwa ya gore meletlo eno e tswa kwa boheitaneng. Ka sekai, Moletlo wa Dilantere wa Taiwan o ne wa simolola fa batho ba ne ba tshuba dilantere ba leka go bona meya ya kwa magodimong e ba neng ba dumela gore e fofa mo loaping. Letsatsi la Baswi la kwa Mexico le simolotse mo ngwaong ya Ba-Aztec e e neng e le ya go tlotla baswi.

Bangwe ba ka nna ba bolela gore tshimologo ya meletlo e e tshwanang le eno ga e botlhokwa go le kalo. Mme ipotse jaana, ‘A meletlo e e nang le tshimologo e e maswe jalo tota e ka lejwa jaaka e e itshiametseng fela?’ Baetleetsi ba kgwebo ba meletlo eno bone ga ba kgathalele go itse. Moemedi wa Setheo sa Ngwao sa Barcelona kwa Spain o ne a bolela jaana malebana le Halowine: “Ke moletlo o o anamisiwang ka maikaelelo a go gweba.” Aitsane, mo ngwageng o o fetileng, go ne go fopholediwa gore madi a a dirilweng ka Halowine a ka tshwara dimilione di le dikete di le 55 tsa diranta kwa United States fela. Kwa Fora, kgwebo ya khampani e e dirang diaparo tsa Halowine e ne ya gola makgetlo a a fetang a le lekgolo mo dingwageng di le tharo fela.

Mme a o tshwanetse go nna le seabe mo meletlong e e ntseng jalo fela ka gonne e tumile kgotsa e tlisa lotseno mo kgwebong? Go araba potso eno, re tla leba ka mo go tseneletseng go ketekwa ga moletlo wa Halowine.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Magata a a dirilweng ka sukiri a a dirisediwang Letsatsi la Baswi la Mexico

[Motswedi wa Setshwantsho]

SuperStock, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Kwa Boritane, go ketekwa moletlo wa “Guy Fawkes Night” ka melelo e megolo

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Hulton Getty Archive/gettyimages