Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boammaaruri ka Meletlo e e Tumileng

Boammaaruri ka Meletlo e e Tumileng

 Boammaaruri ka Meletlo e e Tumileng

BALOI le dipoko, maphutse le melelo e megolo, go senya kgotsa go newa dimonamone. Go motlhofo go lemoga matshwao a Halowine. Mme moletlo ono le e mengwe e e tshwanang le one e tswa kae? Gape, Halowine e bidiwa ‘All Hallow Even’ e e rayang Maitseboa a Pele ga Letsatsi la Baitshepi Botlhe. Le fa go ntse jalo, leina leno le go tsewang gore ke la Bokeresete le dira gore go se ka ga bonala gore tshimologo ya meletlo eno ga e boitshepo gotlhelele. Tota  e bile, bakanoki ba re Halowine e simolotse bogologolo pele ga motlha wa Bokeresete—motlha wa fa Ba-Celt ba bogologolo ba ne ba nna kwa Boritane le Ireland. Ba-Celt ba ne ba dirisa khalendara ya modikologo wa ngwedi go kgaoganya ngwaga ka dipaka tse pedi—dikgwedi tse di lefifi tsa mariga le dikgwedi tse di lesedi tsa selemo. Fa ngwedi e tletse pele fela ga November 1, Ba-Celt ba ne ba keteka moletlo wa Samhain, mo go rayang “Bokhutlo Jwa Selemo.” *

Moletlo ono, o o neng o tshwaya tshimologo ya ngwaga o mosha wa Ba-Celt, o ne o nna kwa bokhutlong jwa selemo, fa thobo e setse e kokoantswe mme matsomane le metlhape e setse e boile go tswa mafulong e tsentswe mo masakeng. Ba-Celt ba ne ba dumela gore fa malatsi a ntse a khutshwafala, go ne go tlhokega go tsosolosa letsatsi ka dingwao le ditlhabelo tse di farologaneng. Melelo yotlhe e ne e tingwa e le tshwantshetso ya go fela ga ngwaga wa bogologolo, mme ngwaga o mosha o ne o gorosiwa ka go gotsiwa ga melelo e megolo e e boitshepo e batho botlhe mo setšhabeng ba neng ba gotsa maiso a bone ka yone. Melelo eno e megolo—e e sa ntseng e gotsiwa gompieno kwa Boritane ka Guy Fawkes Night le kwa Brazil ka nako ya meletlo ya June—go ne gape go akanngwa gore e leleka meya e e bosula.

Go ne go dumelwa gore ka nako ya moletlo wa Samhain, go bulwa lesire le le fa gare ga batho le mafatshe a meya mme meya e e molemo le e e bosula e ne e kailakaila mo lefatsheng. Go ne go akanngwa gore meya ya baswi e boela magaeng a yone, mme malapa a ne a tla naya dipoko tseno tse di ba etetseng dijo le dinō ka tsholofelo ya go di reba bogale le go ntsha sefifi. Ka jalo, gompieno jaana fa bana ba apara jaaka dipoko kgotsa baloi, ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba kopa dimonamone tsa Halowine kgotsa ba tshosetsa batho gore ba tla senya fa ba sa di newe, ba tshegetsa dingwao tsa bogologolo tsa moletlo wa Samhain ba sa lemoge. Jean Markale o akgela jaana mo bukeng ya gagwe ya Halloween, histoire et traditions (Halowine—Hisitori le Dingwao): “Fa bana bano ba amogela sengwe, ba bontsha botsalano fa gare ga lefatshe le le bonalang le lefatshe le le sa bonaleng, e le ka tsela ya tshwantshetso e bone ba sa e tlhaloganyeng. Ke gone ka moo metshameko ya go ikgakisa batho ya Halowine . . . tota e leng ditirelo tse di boitshepo.”

E re ka batho ba ne ba dumela gore melelwane e ne e tlositswe fa gare ga lefelo la sebele le la semoya, ba ne ba akanya gore batho ba ne ba kgona go kgabaganyetsa kwa lefatsheng la semoya motlhofo fela. Ka jalo, moletlo wa Samhain e ne e le nako e e itumedisang thata ya go senola diphiri tsa mo isagweng. Diapole kgotsa di-hazelnut, tse di neng di lejwa jaaka tse di tswang mo ditlhareng tse di boitshepo, di ne di dirisediwa go senola tshedimosetso e e malebana le lenyalo, bolwetse le loso. Ka sekai, go ne go tsenngwa diapole  tse di nang le matshwao a beng ba tsone mo teng ga sejana se se nang le metsi. Lekau kgotsa lekgarebe le ne le kgona go itse gore le tlile go nyalana le mang mo isagweng ka go ntsha apole mo sejaneng seno ka molomo fela. Tlwaelo ya go bolelela dilo pele ka tsela eno e sa ntse e dirwa gompieno mo metshamekong ya Halowine ya go ntsha diapole mo metsing ka go e tshwara fela ka meno.

Moletlo wa Samhain gape e ne e le modiro wa ditlhapelo le go dira dilo ka go tlhoka boithibo. Markale o bolela jaana: “Mekgwa e mentle ya setso e ne e nyadiwa kgotsa e fetolwa. Se se neng se ileditswe se ne se letlelelwa, mme se se neng se letlelelwa se ne se ilediwa.” Gompieno, moletlo wa Halowine o sa ntse o bontsha moya ono, o go se nang pelaelo gore ke one o o dirang gore e tume jaana. The Encyclopedia of Religion e tlhalosa gore mo malatsing ano Halowine ke “nako ya fa bagolo le bone ba ka dirang dilo tse di thulanang le setso ba bo ba dira dilo tse di ba ronang ka go itlhapedisa ka tsela e e feteletseng. Ka jalo, tsela e moletlo wa Ba-Celt o neng o ketekwa ka yone mo maitseboeng a gangwe ka ngwaga a mo go one batho ba neng ba dira dilo tse ba sa tlwaelang go di dira e sa ntse e le yone e o ketekwang ka yone mo lekgolong leno la bomasomeamabedi la dingwaga.”

Go Lwa ga Bodumedi

Morago ga leuba la ditapole mo lekgolong la bo19 la dingwaga, batho ba kwa Ireland ba ne ba fudugela kwa United States ka Halowine le dingwao tsa yone. Go tswa koo e ne ya boela kwa Yuropa mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, go tuma ga Halowine ga go ratwe ke batho botlhe. Jaaka go bolela lekwalodikgang la Le Monde, “Halowine, e e tlang ka nako e le nngwe fela le Letsatsi la Baitshepi Botlhe le Letsatsi la Meya Yotlhe (November 1 le 2) e bile e ka nna ya a tseela sebaka, e itumedisa beng ba mabenkele mme e tshosa baruti.”

Baemedi ba dikereke kwa Fora ba tshwentswe thata ke go bo malatsi ano a boikhutso a a tlwaelegileng a Katoliki a sa tlhole a ketekwa mme go ketekwa Halowine mo boemong jwa one, ba leba seno jaaka sesupo sa go “fetolela setšhaba mo boheitaneng.” Stanislas Lalanne, e leng mmueledi wa Khonferense ya Bobishopo ba Katoliki ba Fora ene a re Halowine ‘e sokamisa bokao jwa botshelo le loso.’ Bishopo wa kwa Nice, Jean Bonfils o ne a tlhalosa gore “moletlo ono le dingwao tsa one ga o amane ka gope le setso sa rona sa Mediterranean le Bokeresete,” e bile o ne a tlhagisa Bakatoliki kgatlhanong le “moletlo o o botlhokwa go e gaisa yotlhe wa Baobamedi ba ga Satane mo lefatsheng lotlhe.”

Hippolyte Simon, bishopo wa Clermont-Ferrand o ne a bolela jaana fa a ne a akgela ka tsela e Bafora ba tlogetseng dingwao tsa Katoliki ka yone gore ba keteke meletlo eno ya boheitane: “Go ntse jaaka e kete setšhaba sa Bafora se batla bodumedi bongwe jo bo tlwaelegileng jo bo  kgonang go tseela ditshwantshetso tsa Bokeresete sebaka.” O kwala jaana: “Fa go ketekwa moletlo wa Halowine, batho ba etsa baswi e bile ‘dipoko’ tsa bone di a boa go tla go re boifisa le go re tshosetsa gore di tla re bolaya. Go farologana le moo, ka Letsatsi la Baitshepi Botlhe, re netefatsa gore batho ba ba re tlogetseng ba a tshela le gore re solofediwa go kopana le bone kwa Motseng wa Modimo.”—Vers une France païenne? (A Fora o Fetogela Kwa Boheitaneng?)

Ka tsela e e tshwanang, Carlo Maria Martini, mokadinale wa kwa Milan, Italy, o ne a kgothaletsa Bantadiana gore ba se ka ba kgaogana le malatsi a boikhutso a Katoliki, a bolela gore Halowine “ga e a tlwaelega mo setsong sa rona se se botlhokwa thata se se tshwanetseng go tswelela pele. Letsatsi la Meya Yotlhe ke moletlo wa hisitori ya rona. Ke nako e ka yone re simololang go tlhaloganya ka iketlo tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng, nako e ka yone Morena a dirang gore re tlhaloganye gore go na le mo gontsi mo botshelong go na le jo re bo tshelang mo lefatsheng.” Ga go na pelaelo gore Bakatoliki ba le bantsi ba ba peloephepa ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, a pharologanyo fa gare ga Halowine le Letsatsi la Meya Yotlhe e bonala sentle jaaka fa dikakgelo tseno di dira gore re dumele gore go ntse jalo? Go sekaseka matso a malatsi ano a boikhutso a Katoliki ka mo go tseneletseng go senola eng?

Meletlo e e Boitshepo

The Catholic Encyclopedia e tlhalosa Letsatsi la Baitshepi Botlhe jaaka moletlo wa go “tlotla baitshepi botlhe, ba ba itsiweng le ba ba sa itsiweng.” Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga, batho ba go tweng ke Bakeresete ba ne ba simolola go tlotla ba ba neng ba bolaetswe tumelo mme e re ka ba ne ba dumela gore ba ne ba setse ba na le Keresete kwa legodimong, ba ne ba ba rapela gore ba ba buelele mo go ene. Letsatsi leno le ne la simolola go tlotlwa ka metlha ka May 13, * 609 kgotsa ka 610 C.E., fa Mopapa Boniface IV a ne a neela Pantheon—tempele ya Roma ya medimo yotlhe—go Marea le baswelatumelo botlhe. Markale o akgela jaana: “Medimo ya Roma e ne ya tlogelela baitshepi ba bodumedi jo bo fentseng lefelo la yone.”

Mopapa Gregory III (731-741 C.E.), yo o neng a neela ntlo ya kobamelo go baitshepi botlhe kwa Roma a bo a laela gore ba tlotlwe ka November 1 ke ene a neng a fetolela letlha leno kwa kgweding ya November. Ga go itsiwe gore tota ke ka ntlha yang fa a ne a dira jalo. Mme e ka tswa e le ka gonne letsatsi leo la boikhutso le ne le setse le ketekwa ka lone letlha leo kwa Engelane. The Encyclopedia of Religion e bontsha jaana: “Moletlo wa Samhain o ne wa tswelela e le moletlo o o tumileng mo bathong ba Ba-Celt mo nakong yotlhe ya fa Great Britain e ntse e fetogela mo Bokereseteng. Kereke ya Boritane e ne ya leka go fedisa go rata dingwao tseno tsa boheitane ka go tsenya moletlo wa Bokeresete mo khalendareng ka lone letlha le Samhain e neng e ketekwa ka lone. . . . Go keteka Letsatsi la Baitshepi Botlhe ga Boritane mo metlheng ya bogare go ka tswa e le gone go dirileng gore kereke ya Bokeresete e keteke moletlo ono mo lefatsheng lotlhe.”

Markale o tlhalosa gore tlhotlheletso ya baitlami ba kwa Ireland e ne e gola mo Yuropa ka nako eno. Gape, New Catholic Encyclopedia e bolela  jaana: “Gantsi Ba-Ireland ba ne ba keteka meletlo e e botlhokwa mo letsatsing la ntlha la kgwedi, mme e re ka November 1 le yone e ne e le tshimologo ya mariga a Ba-Celt, go bonala e ne e ka nna lone letlha le moletlo wa baitshepi botlhe o neng o ka ketekwa ka lone.” Kgabagare, ka 835 C.E., Mopapa Gregory IV o ne a dira gore moletlo ono o ketekwe mo lefatsheng lotlhe.

Fa e le ka Letsatsi la Meya Yotlhe lone, le ka lone go dirwang merapelo go thusa meya e e mo pakatoring gore e amogele masego a selegodimo, baitlami ba kwa Cluny, kwa Fora, ba ne ba tlhoma letsatsi leno la boikhutso mo go November 2 ka lekgolo la bo11 la dingwaga. Le fa go bonala Letsatsi la Meya Yotlhe e le letsatsi la boikhutso la Katoliki, go phepafetse gore batho ba le bantsi ba ne ba tlhakanngwa tlhogo ke seno. New Catholic Encyclopedia e bolela gore “go ralala Metlha ya Bogare yotlhe batho gongwe le gongwe ba ne ba dumela gore meya e e mo pakatoring e ne e ka tlhaga mo letsatsing leno e le dipoko, baloi, digwagwa le dilo tse dingwe.”

E re ka kereke e ne e sa kgone go tlosa ditumelo tsa boheitane mo dipelong tsa letsomane la tsone, e ne ya dira fela gore di lebege e kete ke tsa “Bokeresete.” The Encyclopedia of Religion e gatelela seno ka go bolela jaana: “Moletlo wa Bokeresete, Moletlo wa Baitshepi Botlhe, ke wa go gakologelwa baitshepi ba bodumedi jwa Bokeresete ba ba itsiweng le ba ba sa itsiweng fela jaaka go ne go ntse ka moletlo wa Samhain o mo go one go neng go tlotlwa medimo ya Ba-Celt.”

Meletlo e e Tumileng le Wena

O tshwanetse go tshwenyega go le kana kang ka tshimologo e e maswe eno ya Halowine le meletlo e mengwe e e tshwanang le yone? Aitsane, mo bathong ba le bantsi, Halowine ke nako fela ya go apara ka tsela e e sa tlwaelegang le go ijesa monate. A mme gone ga o dumalane gore go botlhokwa gore batsadi ba tlhomamise gore boitlosobodutu bope fela jo bana ba bone ba nnang le seabe mo go jone e tshwanetse go bo e le jo bo siameng e seng jo bo kotsi?

Motlhatlhobi mongwe wa sekolo go tswa kwa Fora yo o nang le maitemogelo a dingwaga tse di fetang 20 a go ruta bana o ne a bodiwa gore Halowine e ama bana ba babotlana jang. O ne a akgela jaana: “Ke tshwenngwa ke gore go tsamaya ga bone ka ntlo le ntlo ba tshosetsa bagolo gore ba ba neye dimonamone go ka nna le diphelelo tse di kotsi tse di tla ba amang lobaka lo loleele. Go ka ba dira gore ba nne pelotshetlha le go nna le moya wa boithati. Ba ithuta gore ba ka kgona go bona se ba se batlang ka go gatelela, go batla dilo ka dikgoka le go tshosetsa ba bangwe.” Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Ke “dithuto” dife tse bongwanake ba tla di ithutang ka go keteka letsatsi leno la boikhutso?’

Ga go gakgamatse go bo malapa a le mantsi a fitlhela gore go ineela go naya bana dimonamone le go ba rekela dikhosetšhumo tse ba di batlang go ka ja madi a mantsi. Robert Rochefort, mokaedikakaretso wa Setheo sa Patlisiso ka Maemo  a Botshelo sa kwa Fora o bolela jaana: “Halowine . . . ga se letsatsi la boikhutso, ke tsela ya go gweba.” Halowine e dira gore batho ba nne ba ntse ba reka le pele ba simolola go rekela Keresemose. Ka mafoko a mangwe, ke se sengwe fela sa dilo tse di gatelelang batho gore ba dirise madi a bone—madi a gantsi ba se nang one. A tota o tshwanetse go ya fela le mogoro mo kgannyeng eno?

Le fa go ntse jalo, se se tshwenyang Bakeresete thata ke gore Halowine le meletlo e e tshwanang le yone e nweleletse mo boheitaneng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ga ke batle gore lo nne batlhakanedi le madimona. Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena le senwelo sa madimona.” (1 Bakorintha 10:20-22, New International Version) Gape o ne a botsa jaana: “Molemo o ka tsalana jang le bosula? Lesedi le lefifi di ka tshela mmogo jang? Go ka nna le tumalano jang fa gare ga ga Keresete le diabolo? Modumedi a ka tsalana jang le yo o sa dumeleng?” (2 Bakorintha 6:14-16, Phillips) Ka jalo, Baebele e kgala go dira gore tlwaelo ya boheitane e lebege e kete ke ya Bokeresete!

Gape, Baebele e tlhagisa kgatlhanong le go dirisana le meya. (Duteronome 18:10-12) Le fa bontsi jwa ba ba ketekang moletlo wa Halowine ba re ba tlhoile ditiro tsa Bosatane, re tshwanetse go lemoga gore kwa letsatsi leno la boikhutso le simologileng teng le amana thata le masaitsiweng. Ka jalo, le ka nna la dira gore motho a simolole go dirisana le meya, segolo jang basha ba ba nang le boboko jo bo sa ntseng bo anya kitso. Dingwao tsa boheitane le meetlo e e kgotletsweng ke go dirisana le meya ga di amogelesege gotlhelele mo kobamelong ya Bokeresete; di kotsi fela thata.

Labofelo, Halowine, Letsatsi la Baitshepi Botlhe le Letsatsi la Meya Yotlhe, otlhe fela a theilwe mo tumelong ya gore baswi ba a boga kgotsa gore ka tsela nngwe ba ka gobatsa batshedi. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha ka phepafalo gore ditumelo tse di ntseng jalo ga di boammaaruri fa e re: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Ka ntlha ya moo, Baebele e gakolola jaana: “Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago, gonne ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole [lebitla le le tlwaelegileng la batho], lefelo le o yang kwa go lone.” (Moreri 9:10) E re ka baswi ba sa ikutlwe e bile ba ka se ka ba kgona go gobatsa batho ba bangwe kgotsa ba ka se ka ba boga bone ka bobone, ga re tlhoke go ba boifa. Mo godimo ga moo, dithapelo tsa go ba thusa ga di na mosola gotlhelele. A seno se bolela gore ga go na tsholofelo epe ka baratiwa ba rona ba ba suleng? Nnyaa. Baebele e re tlhomamisetsa gore “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15. *

Motho yo o nang le kitso o nna le kgololesego ya go itlhophela. Ga go ka ke ga lebelelwa gore re dire ditshwetso tse di botlhale fa re se na dintlha tsotlhe. Fa o sena go sekaseka dintlha tse di tlhalositsweng mo motseletseleng wa ditlhogo tseno, o tlile go dira tshwetso efe?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Samhain e ka tswa e se leina la modimo wa Ba-Celt wa loso jaaka go tle go bolelwe, mme go na le moo, e le leina la moletlo. Go ya ka Jean Markale, moitse wa Ba-Celt wa Mofora, go bonala Lug, modimo wa lesedi e le ene yo o neng a tlotlwa ka moletlo wa Samhain.

^ ser. 13 Go ne ga diragala gore letlha leno e nne letsatsi le le lengwe fela le moletlo wa Roma wa Lemuria, o o neng o tshwarwa ka May 9, 11 le 13 go reba bogale jwa meya ya baswi le go e thibela go tshwenya le go gobatsa ba losika.

^ ser. 24 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka thuto ya Baebele malebana le tsogo ya baswi, bona “Go Diragalang ka Batho ba ba Suleng ba re Neng re ba Rata?,” kgaolo 9 mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Halowine e rotloetsa maaka a gore tota baswi ba a tshela

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Dingwao tsa boitseanape tsa Ba-Celt di sa ntse di le teng mo metshamekong ya Halowine

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Halowine e simolotse mo moletlong mongwe wa Ba-Celt, o go bonalang e ne e le kobamelo ya ga Lug, modimo wa lesedi

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Mabitla a a nang le difapaano tsa Ba-Celt ba bogologolo

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Go inola diapole ka meno mo sejaneng mo go mongwe wa metshameko e e simolotseng mo bathong ba Ba-Celt

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the magazine: The Delineator October 1911

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Mopapa Boniface IV o ne a neela Pantheon ya Roma ya boheitane go Marea le baswelatumelo botlhe ba kereke

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Halowine e tlhotlheletsa bana ba gago jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bakeresete ba boammaaruri ba itumelela boitlosobodutu jo bo siameng jwa lelapa