Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itumelela go Bogela Dinonyane

Go Itumelela go Bogela Dinonyane

Go Itumelela go Bogela Dinonyane

A BO lefatshe le ne le tla bo le farologane jang ne fa go ka bo go se na dinonyane! Go tswirinya ga tsone, dipina tsa tsone, mebala ya tsone e e farologaneng le ditsela tse di farologaneng tse di fofang ka tsone—tsotlhe di dira gore botshelo bo bonale bo na le mefutafuta ya ditshedi tse dintlentle. Le fa go ntse jalo, go direga gantsi go le kana kang gore re eme go di reetsa le go di leba? Fa o nna mo ditoropong mo gantsi go tlholang go tlhanasela e bile motho a tla a tlhodiiwa ke medumo ya dikoloi, o ka nna wa ba wa se ka wa ela tlhoko dinonyane tse di mo lefelong la lona. Tota le fa o nna kwa metseselegaeng, go motlhofo go di tlhokomologa. Le fa go ntse jalo, a o ka rata go bonela dinonyane tsa lefelo la lona gaufi?

O ka dira jalo ka go itirela fela sejananyana sa go fepa dinonyane kwa morago ga ntlo ya gago, o se beye gaufi le fensetere. Morago ga moo, se o se tlhokang fela ke dibonakgakala le khamera e e nang le lense e e kgonang go laola bogolo jwa senepe sentle (zoom lens)—le go nna pelotelele! Dirisa filimi e ntsi e e kgonang go tsaya dilo tse di tsamayang ka lobelo lo logolo le buka e e molemo e e nang le ditshwantsho e e tlotlang ka dinonyane gore o bone mefuta ya tsone. Morago ga moo bogela, reetsa mme o itumele!