Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bakeresete ba Tshwanetse go ya Kerekeng?

A Bakeresete ba Tshwanetse go ya Kerekeng?

 Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Bakeresete ba Tshwanetse go ya Kerekeng?

“NKILE ka bo ke ya kerekeng, mme ga ke tlhole ke ya.” “Ke akanya gore motho a ka obamela Modimo gongwe le gongwe, e seng fela kwa kerekeng.” “Ke dumela mo Modimong le mo Baebeleng, mme ga ke dumele gore go a tlhokega gore motho a ye kerekeng.” A o kile wa utlwa batho ba bua jalo? Batho ba bantsi gompieno ba bua jalo, segolobogolo kwa dinageng tsa Bophirima. Batho ba ba kileng ba bo ba ya kerekeng ga ba tlhole ba bona go tlhokega gore ba ye. Baebele ya reng ka go ya kerekeng?

Mafoko “kereke” le “dikereke” a tlhaga makgetlho a feta 110 mo Baebeleng ya King James Version. Dithanolo tse dingwe le tsone di dirisa mafoko ano. Lefoko la Segerika le le ranotsweng gotwe “kereke,” fa le tsewa jaaka le ntse, le raya “go bidiwa” kgotsa, ka mafoko a mangwe, go phuthega ga batho. Ka sekai, Ditiro 7:38, go ya ka King James Version, e bua ka Moshe a le mo “kerekeng kwa nageng,” ke gore, mo gare ga setšhaba se se phuthegileng sa Iseraele. Mo lekgetlhong le lengwe Dikwalo di bolela gore “kereke e ne ya simolola go bogisiwa setlhogo,” di bua ka setšhaba sa Bakeresete kwa Jerusalema. (Ditiro 8:1, The Jerusalem Bible) Mo go lengwe la makwalo a gagwe, Paulo o dumedisa “kereke e e mo ntlong ya ga [Filemone],” e leng phuthego ya mo lefelong leo e e neng e kopanela teng koo.—Filemone 2, Revised Standard Version.

Go phepafetse gore lefoko “kereke” jaaka le dirisiwa mo Baebeleng, ga le reye lefelo la kobamelo, mme le raya setlhopha sa baobamedi. Clement wa kwa Alexandria, morutisi wa bodumedi wa lekgolo la bobedi la dingwaga, fa a dumalana le seno o ne a kwala jaana: “Fa ke re Kereke, ga ke bue ka lefelo, mme ke bua ka phuthego.” Mme gone, a Bakeresete ba tshwanetse go nna teng kwa lefelong le le rileng kgotsa mo kagong e e rileng gore kobamelo ya bone e tle e amogelwe ke Modimo?

 Kobamelo Kwa Setšhabeng sa Iseraele

Molao wa ga Moshe o ne o batla gore banna botlhe ba Bajuda ba ye kwa lefelong lengwe le le rileng ka nako ya mekete e meraro ya ngwaga le ngwaga. Basadi ba bantsi le bana, le bone ba ne ba nna teng. (Duteronome 16:16; Luke 2:41-44) Ka dinako tse dingwe baperesiti le Balefi ba ne ba ruta boidiidi jo bo phuthegileng, ba bala mo Molaong wa Modimo. Ba ne ba ‘dira gore o nne le bokao, mme ba o dira gore o tlhaloganngwe.’ (Nehemia 8:8) Ka dingwaga tsa Sabata, kaelo ya Modimo e ne e re: “Phutha batho, banna le basadi le ba bannye le moagi wa gago wa moeng yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, gore ba reetse le gore ba ithute, e re ka ba tshwanetse go boifa Jehofa Modimo wa lona le go tlhokomela go diragatsa mafoko otlhe a molao ono.”—Duteronome 31:12.

Ke kwa tempeleng kwa Jerusalema fela kwa motho a neng a ka isetsa Modimo ditlhabelo le go newa tao ke baperesiti. (Duteronome 12:5-7; 2 Ditiragalo 7:12) Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga tlhomiwa matlo a mangwe a kobamelo mo Iseraele—disinagoge. Ano e ne e le mafelo a go neng go balelwa Dikwalo kwa go one e bile go rapelwa kwa go one. Le fa go ntse jalo, tempele e e neng e le kwa Jerusalema e ne e le lefelo la konokono la kobamelo. Seno se bontshiwa ke se mokwadi wa Baebele Luke a se begang. O umaka mosadimogolo mongwe yo o bidiwang Ana, “yo o neng a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha, a dira tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare ka go itima dijo le mekokotlelo.” (Luke 2:36, 37) Kobamelo ya boammaaruri mmogo le ba bangwe ba ba ineetseng e ne e le selo sa konokono mo botshelong jwa ga Ana. Bajuda ba bangwe ba ba boifang Modimo ba ne ba latela one mokgwa oo.

Kobamelo ya Boammaaruri Morago ga Loso Lwa ga Keresete

Morago ga loso lwa ga Jesu balatedi ba gagwe ba ne ba sa tlhole ba le kafa tlase ga Molao wa ga Moshe le gone go ne go sa tlhokege gore ba obamele kwa tempeleng. (Bagalatia 3:23-25) Le fa go ntse jalo, ba ne ba tswelela go kopana mmogo gore ba rapele le go ithuta Lefoko la Modimo. Ba ne ba se na dikago dipe tse di mafaratlhatlha, go na le moo, ba ne ba dirisa magae a batho le mafelo a batho botlhe. (Ditiro 2:1, 2; 12:12; 19:9; Baroma 16:4, 5) Dipokano tseo tsa Bokeresete tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di se na meetlo le boitlotlomatso.

Gareng ga maemo a a maswe a boitsholo a Mmusomogolo wa Roma, melaometheo ya Baebele e e neng e rutwa kwa dipokanong tseo e ne e tlhomologile tota. Batho bangwe ba ba sa dumeleng ba e neng e le la ntlha ba nna teng ba ne ba bolela jaana: “Ruri Modimo o mo gare ga lona.” (1 Bakorintha 14:24, 25) Ee, ruri Modimo o ne a le mo gare ga bone. “Eleruri, diphuthego [“dikereke,” RS, JB] tsa tswelela di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.”—Ditiro 16:5.

A Mokeresete ka nako eo o ne a ka amogelwa ke Modimo fa a obamela kwa ditempeleng tsa boheitane kgotsa a le nosi? Baebele e re naya kaelo e e tlhamaletseng mo kgannyeng eno: Baobamedi ba ba amogelwang ba ne ba tshwanetse go nna karolo ya kereke e le nngwe fela ya boammaaruri, kgotsa phuthego, “mmele o le mongwe” wa baobamedi ba boammaaruri. Bano e ne e le barutwa ba ga Jesu, ba ba bidiwang Bakeresete.—Baefeso 4:4, 5; Ditiro 11:26.

Gotweng ka Gompieno?

Go na le gore Baebele e re kgothaletse go obamela mo kerekeng, e re kgothaletsa go obamela mmogo le kereke, “phuthego ya Modimo yo o tshelang,” batho ba ba ‘obamelang ka moya le ka boammaaruri.’ (1 Timotheo 3:15; Johane 4:24) Dipokano tsa bodumedi tse di amogelwang ke Modimo di tshwanetse go ruta batho ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.’ (2 Petere 3:11) Di tshwanetse go thusa ba ba leng teng mo go tsone gore ba nne Bakeresete ba ba godileng sentle, ba ba ka ‘farologanyang se se siameng le se se sa siamang.’—Bahebera 5:14.

Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go latela sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Diphuthego di feta 91 400 lefatshe ka bophara di kopana ka metlha go ithuta Baebele le go kgothatsana, ba dira jalo kwa Diholong Tsa Bogosi, kwa magaeng a batho le kwa mafelong a mangwe. Seno se dumalana le mafoko a ga moaposetoloi Paulo: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.”—Bahebera 10:24, 25.