Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thulaganyo e e Anameng Thata ya go Ruta

Thulaganyo e e Anameng Thata ya go Ruta

 Thulaganyo e e Anameng Thata ya go Ruta

“Batho ba ba rutegileng ke bone fela ba ba gololesegileng.”—Epictetus, mo e ka nnang ka 100 C.E.

WILLIAM H. SEWARD, yo a neng a le kgatlhanong le bokgoba mo lekgolong la bo19 la dingwaga o ne a dumela gore “tsholofelo yotlhe ya go gatela pele ga batho e ikaegile mo tlhotlheletsong e e ntseng e golela pele e Baebele e nang le yone.”

Basupi ba ga Jehofa le bone ba tlotla Baebele thata. Ba tlhatswegile pelo gore batho ba ba dirisang melaometheo ya yone e nna banna ba ba botoka ba ba nyetseng, basadi ba ba nyetsweng ba ba botoka, bana ba ba botoka—ebu, batho ba ba molemolemo mo lefatsheng. Ka jalo ba ikobela taelo eno ya ga Jesu Keresete: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, . . . lo ba ruta.”—Mathaio 28:19, 20.

Ka ntlha ya go latelela mokgele ono wa go ruta batho Baebele, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba simolola se e ka tswang e le letsholo le le anameng thata la go ruta mo hisitoring ya batho. Le aname go le kana kang?

Tiro ya Lefatshe Lotlhe ya go Gatisa

Basupi ba dirisa dithanolo tsa Baebele tse di leng teng ka dipuo di le makgolokgolo mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa. Le fa go ntse jalo, gape ba ile ba gatisa New World Translation of the Holy Scriptures ka dipuo di le 21 le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Segerika (e e bidiwang Tesetamente e Ntšha) ka dipuo tse dingwe di le 16. Gape, ba tshwaragane le go ranolela Baebele eno mo dipuong tse dingwe di le 11. Gape, Basupi ba gatisa dibuka tse di dirang gore batho ba anaanele Baebele thata le go dira gore ba e tlhaloganye botoka.

Ka sekai, lokwalopaka lono lwa Tsogang!, lo gatisiwa ka dipuo di le 82, mme go gatisiwa palogare ya dikhopi di feta di le 20 380 000 tsa makasine mongwe le mongwe wa yone. Makasine o o tsamaisanang le one wa Tora ya Tebelo, o gatisiwa ka palogare ya dikhopi di le 22 398 000 tsa makasine mongwe le mongwe wa yone ka dipuo di le 137. Seno se dira gore ngwaga le ngwaga go gatisiwe dikhopi di feta dimilione di le sekete tsa dimakasine tseno! Mo godimo ga moo, makasine wa Tora ya Tebelo o gatisiwa ka nako e le nngwe ka dipuo di le 124, mme Tsogang! yone ka dipuo di le 58. Ka jalo, tshedimosetso e e leng mo makwalopakeng ano e balwa ka nako e le nngwe mo lefatsheng lotlhe ke batho ba le bantsi ka dipuo tsa bone.

Gape, mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga Basupi ba ga Jehofa ba ile ba gatisa dibuka di le dimilione di le makgolokgolo tse di thusang batho go ithuta Baebele. Buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng e ne ya gatisiwa ka dikhopi di feta dimilione di le 107. Moragonyana, buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise e ne ya gatisiwa ka dikhopi di feta dimilione di le 81, mme bosheng thata jaana, buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng yone e ne ya gatisiwa ka dikhopi di feta dimilione di le 75 ka dipuo di le 146. Gape, go ile ga gatisiwa dikhopi di feta dimilione di le 113 tsa boroutšhara jwa ditsebe tse 32 jwa Modimo o Batla Gore re Direng? ka dipuo di le 240.

 Go ile ga gatisiwa dibuka tse dingwe gore di thuse batho ka dilo dingwe tse ba di tlhokang. Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, e e diretsweng bana, e ne ya gatisiwa ka dikhopi di feta dimilione di le 51. Dibuka di le pedi tse di neng tsa gatisiwa go akantswe thata ka basha, e leng Bosha Jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone le Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, fa di kopanngwa mmogo, kgatiso ya tsone e feta dimilione di le 53. Mme buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e thusitseng malapa a le dimilione di le dintsi go lepalepana le mathata a one, e gatisitswe ka dipuo di le 115.

Dikgatiso tse dingwe tse nnè tse di neng tsa gololwa fa e sa le ka 1985 tse di agang tumelo thata mo Mmoping, Morwawe, le mo Baebeleng, fa di kopanngwa mmogo, di gatisiwa ka dikhopi di feta dimilione di le 117. Tsone ke Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?, Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, le Is There a Creator Who Cares About You?

Gompieno dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa di teng ka dipuo di le 353, mme go ise go ye kae, dingwe tsa tsone di tlile go gololwa ka dipuo tse dingwe tse 38. Eleruri, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba gatisa dibuka, dibukana, diboroutšhara le dimakasine tse di fetang dimilione di le dikete di le 20 fa e sa le ka 1970! Se sengwe gape ke gore mo e batlileng e nna barutisi ba le dimilione di le thataro ba tshwaregile ka go anamisa kitso ya Baebele mo dinageng di feta 230. Le fa go ntse jalo, ba kgona jang go dira tiro eno yotlhe, le gone e ama matshelo a batho jang?

Lebaka La go Bo di Gatisiwa ka Dipuo Tsa Bone

Jaaka o ka akanya, go tlhokega maiteko a magolo a a rulagantsweng sentle go gatisa dibuka tsa boleng jo bo kwa godimo ka dipuo di feta lekgolo ka nako e le nngwe. Ditlhopha tsa baranodi, ba ba ithaopetseng go dirisa nako le bokgoni jwa bone, ba dirisa dikhomputara go dira gore tiro ya bone e nne ya boleng jo bo kwa godimo, e e matsetseleko, le e e dirwang ka bonako. Ka jalo, le e leng mo dipuong tse di nang le baranodi ba le mmalwa fela, dikgatiso di dirwa gore di nne teng ka bonako. Gompieno, banna le basadi ba feta 1 950 ba na le seabe mo tirong eno e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya boranodi, e ba sa e duelelweng. Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa go dirwa matsapa a a kana kana? A ruri go a tlhokega, e re ka batho ba le bantsi thata ba ba buang dipuo tse di sa itsegeng thata le bone ba itse dingwe tsa dipuo tse dikgolo?

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lemoga gore ruri matsapa ano a a tlhokega ka ntlha ya lebaka le le neng la buiwa ke William Tyndale, yo e neng e le moranodi yo o itsegeng thata wa Baebele mo lekgolong la bo16 la dingwaga. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka lemoga ka se se diragetseng kafa go se kitlang go kgonega ka teng go dira gore batho ba ba tlwaelegileng fela ba bone boammaaruri bope fela, fa e se fela fa ba ka tlhalosediwa dikwalo ka tsela e e motlhofo ka puo ya bone, gore ba tle ba bone botlhokwa, tatelano le bokao jwa dikwalo.”

 Ke boammaaruri gore ga se ka metlha go ntseng go kgonega gore batho ba nne le dikgatiso tsa Baebele ka dipuo tsa bone. Mme fa ba di newa ka dipuo tsa bone, boammaaruri jwa Baebele bo ama dipelo tsa bone ka tsela e e boteng thata le gone ka bonako thata. Seno se ne sa bonwa kwa dinageng tse pele e neng e le tsa Soviet Union koo ditso tsa batho di buang dipuo di le dintsi tsa lefelo leo. Fa lekgolo le le fetileng la dingwaga le ne le simologa, bontsi jwa batho bano ba ne ba dirwa karolo ya Soviet Union mme ba ne ba rutiwa—le go kopiwa gore ba dirise—puo ya Se-Russia. Ka jalo, ba ne ba bala le go kwala Se-Russia, mme ka nako e e tshwanang ba ntse ba bua puo ya bone.

Bontsi jwa batho bano bo batla go dirisa puo ya bone segolo jang fa e sa le Soviet Union e phutlhama ka 1991. Go ntse jalo ka batho ba puo ya bone e leng Se-Adyghe, Se-Altai, Se-Belorussia, Se-George, Se-Kirghiz, Se-Komi, Se-Osset, Se-Tuvan, kana puo epe fela mo go tse dingwe tse dintsi tse di leng teng. Le mororo bontsi jwa bone bo kgona go bua le batho ba bangwe ka Se-Russia, dibuka tsa Baebele tsa Se-Russia ga di ame dipelo tsa bone ka bonako. Ka fa letlhakoreng le lengwe, dibuka tse di kwadilweng ka loleme lwa bone di ba gogela ka tsela e e gakgamatsang. Motho mongwe yo a neng a amogela pampitshana ya Baebele ka Se-Altai, o ne a bolela jaana: “Go molemo go bona gore lo simolotse go gatisa dibuka ka puo ya rona.”

Sekai se sengwe sa seno ke Greenland, setlhaketlhake se se nang le batho ba ka nna 60 000 fela. Tora ya Tebelo mmogo le Tsogang! di gatisiwa ka puo ya Se-Greenland, mme dimakasine tseno di ratwa fela thata—fela jaaka dikgatiso tse dingwe tse Basupi ba ga Jehofa ba di gatisang ka puo ya Se-Greenland. Tota e bile, dibuka tseno di fitlhelwa mo malapeng a le mantsi a metsana e e kwa kgakala ya setlhaketlhake seno.

Kwa South Pacific, batho ba ka nna 7 000 ba bua Se-Nauru, ba le 4 500 ba bua Se-Tokelau, mme ba le 12 000 ba bua Se-Rotuma. Jaanong Basupi ba gatisa dipampitshana tsa Baebele le diboroutšhara ka dipuo tseno mmogo le dikgatiso tse di tswang kgwedi le kgwedi tsa Tora ya Tebelo ka puo ya Se-Niue, e e buiwang ke batho ba ka nna 8 000, le ka puo ya Se-Tuvalu, e e buiwang ke batho ba ka nna 11 000. Tota e bile, Basupi ba ga Jehofa ke bangwe ba bagatisi ba bagolo go feta ba bangwe ba dikgatiso tse di gatisiwang ka dipuo tse di sa itsegeng thata, ba ba gatisang dibuka tsa Baebele ka dipuo tse di jaaka Se-Bislama, Se-Hiri Motu, Se-Papiamento, Se-Creole sa kwa Mauritius, Se-Pidgin sa kwa New Guinea, Se-Creole sa kwa Seychelles, Se-Pidgin sa kwa Solomon Islands le dipuo tse dingwe tse dintsi.

Gantsi fa puo e buiwa ke batho ba le mmalwa, ba nna ba kgaphetswe kwa thoko e bile ba nna ba humanegile thata. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore ba le bantsi mo go bone ba bo ba itse go bala le go kwala. Mme Baebele ka puo ya lefelo la bone gantsi ke nngwe ya dikgatiso di le mmalwa tse banni ba koo ba nang le tsone. Tota e bile, ga go na le fa e le lokwalodikgang ka dingwe tsa dipuo tseno, e re ka go lo gatisa ka tsone e tla bo e le tshenyo ya madi fela.

Lebaka La go Bo e Le Tiro e e Anaanelwang

Ka ntlha ya gore Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dibuka tse di tokafatsang matshelo a batho, batho ba le bantsi ba ile ba rolela matsapa ano a bone a go ranola hutshe. Linda Crowl, yo o dirang kwa Setheong sa Dithuto Tsa Pacific, se se kwa Yunibesithing ya South Pacific kwa Suva, Fiji, o ne a bolela gore tiro ya Basupi ya go ranola ke “selo se se kgatlhang thata se se diregang mo Pacific.” O akantsha gore go balwe dikgatiso tsa bone ka ntlha ya boleng jwa tsone jo bo kwa godimo.

E ne ya re fa makasine wa Tsogang! o ne o simolola go gatisiwa gangwe mo dikgweding di le tharo ka puo ya Se-Samoa, makwalodikgang a lefelo  leo mmogo le dikgang tsa setšhaba tsa thelebishene di ne tsa gasa ka one. Ka nako ya kgaso go ne ga bontshiwa tsebe e e ka fa ntle ya makasine mongwe wa Tsogang!, mme ga bulwa setlhogo sengwe le sengwe sa yone. Mme morago ga moo, ditlhogo tseno di ne tsa bontshiwa, se le sengwe ka nako.

Se se kgatlhang ke gore kwa dinageng dingwe, mekgatlho mengwe e e berekanang le puo e ikgolaganya ka metlha le Basupi go kopa kgakololo mo go bone ka dilo tse di amanang le thutapuo, mokwalo, go tlhamiwa ga mafoko a masha, le tse dingwe. Go phepafetse gore tiro ya mahala ya go ruta e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa ga ya ka ya ama fela matshelo a batho ba e leng maloko a a tlhagafetseng a diphuthego tsa bone, mme gape e amile matshelo a batho ba bangwe ba bantsi.

Le fa go ntse jalo, jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, bagolo ba ka nna dimilione di le sekete—mo e batlileng e nna nngwe thatarong ya baagi ba lefatshe lotlhe—ga ba itse go bala le go kwala. Go ntse go dirwa eng go thusa batho bano gore le bone ba solegelwe molemo ke tshedimosetso eno e e botlhokwa e e bonwang ka go bala le go ithuta?

 Go ba Naya Thuto E ba E Tlhokang

Mo dinageng di le dintsi Basupi ba ile ba dira dithulaganyo tsa go ruta batho go bala le go kwala mahala. E bile ba itiretse le dibuka tsa bone tse ba di dirisetsang go ruta ba bangwe, jaaka buka ya Ineele go Bala le go Kwala, e e gatisitsweng ka dipuo di le 28. Batho ba le diketekete, go akaretsa basadi le batsofe, ba ile ba thusiwa ka ditlelase tseno gore ba kgone go itse go bala le go kwala.

Kwa Burundi, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwara ditlelase tse di neng tsa thusa batho ba le makgolokgolo gore ba itse go bala le go kwala. E ne ya re fa Ofisi ya Setšhaba ya Thuto ya Bagolo ya naga eo e sena go sekaseka matswela a a molemo a thulaganyo eno, e ne ya abela barutisi bangwe ba banè ba Basupi sekgele ka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Ithuta go Bala le go Kwala, ka September 8, 1999.

Go ne ga amogelwa pego e e latelang malebana le ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala kwa diphuthegong di ka nna 700 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Mozambique: “Mo dingwageng di feta di le nnè tse di fetileng, go ile ga aloga baithuti ba le 5 089, mme jaanong re na le baithuti ba le 4 000 ba ba ikwadisitseng.” Moithuti mongwe o ne a kwala jaana: “Ke rata go leboga sekolo seno fela thata . . . Ke ne ke le motho yo o sa itseng sepe. Mme ka thuso ya sekolo seno, ke kgona go bala, mme ke kgona le go kwala le mororo ke sa ntse ke tlhoka go ikatisa.”

 Fa e sa le ka 1946, fa direkoto di ne di simololwa go bolokwa kwa Mexico, batho ba ba fetang 143 000 koo ba ile ba rutiwa go bala le go kwala kwa dikolong tse di kgethegileng tse di diretsweng go ruta batho gore ba nne le bokgoni jono. Mosadi mongwe wa dingwaga tse 63 o ne a kwala jaana: “Ke leboga Basupi ba ga Jehofa thata, ba ba neng ba nthuta go bala le go kwala. Botshelo jwa me bo kile jwa bo bo tlhomola pelo. Mme jaanong, ke kgona go bula Baebele go bona kgakololo, mme ke itumedisiwa ke molaetsa wa yone.”

Kwa nageng ya Amerika Borwa ya Brazil, Basupi le koo ba ile ba ruta batho ba le diketekete go bala le go kwala. Mosadi mongwe wa dingwaga tse 64 o ne a bolela jaana: “Go ithuta go bala go ne go tshwana le go gololwa mo dikeetaneng morago ga dingwaga tse dintsi. Jaanong ke kgona go bala tshedimosetso ya mefuta yotlhe. Mme selo sa botlhokwa le go feta ke gore go bala le go ithuta Baebele go nkgolotse mo dithutong tsa maaka.”

Gantsi barutisi ba Baebele ba Basupi ba ga Jehofa ba thusa baithuti ba bone go ithuta go bala ka go ba etela ka nosi. Kwa Philippines, Martina o ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo80 fa Mosupi mongwe a ne a mo etela. Martina o ne a batla thuto ya ka metlha ya Baebele, mme fela o ne a sa itse go bala. Martina o ne a gatela pele ka thuso ya morutisi wa gagwe wa Baebele, mme ka thapiso e e oketsegileng kwa phuthegong ya lefelo la bone, o ne a tshwanelega go dirisa Baebele go ruta batho ba bangwe. Gompieno ke morutisi wa nako e e tletseng wa Baebele yo o itseng go bala le go kwala.

Go phepafetse gore batho botlhe ba ka kgona go ithuta go bala le go kwala. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra botsa gore, A totatota kitso e e tswang mo Baebeleng e e ka ga Modimo le maikaelelo a gagwe e ka dira gore batho ba solegelwe molemo? Setlhogo sa bofelo sa motseletsele ono se tla araba potso eno.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

“Ga ke Kgone go Tlhalosa ka Mafoko . . . ”

Balaodi ba puso, ditheo tsa thuto le batho fela ba bangwe, botlhe ba etse tlhoko maiteko a Basupi ba ga Jehofa a go tlhatlosa maemo a thuto ya batho mo lefatsheng lotlhe. Dikai tsa dikakgelo tsa bone ke tseno:

“Nna mmogo le puso ya me re itumela thata ka gonne buka eno [O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, ka Se-Tuvalu] ke selo se sengwe se sesha se se botlhokwa se se oketsang ‘mahumo’ a a botlhokwa a Tuvalu. Lo tshwanetse go itumelela seabe se lo nnileng le sone—kgato e e molemo ya go aga botshelo jwa semoya jwa batho ba setšhaba seno. Ke dumela gore go tla kwalwa ka buka eno mo hisitoring ya Tuvalu malebana le go gatisiwa ga dibuka tse di rutang.”—Dr. T. Puapua, tautona ya pele ya Tuvalu, kwa South Pacific.

“Basupi ba ga Jehofa ba na le thulaganyo ya go gatisa e ba e dirang ka matlhagatlhaga, e e dirisang botegeniki jwa segompieno kwa South Pacific. . . . Tiro eno ya go gatisa ke selo se se gakgamatsang thata segolo jang fa motho o akanya ka dipuo tse di sa tlwaelegang tse ba gatisang ka tsone . . . tse di buiwang kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Pacific.”—Linda Crowl, Yunibesithi ya South Pacific, Suva, Fiji.

“A bo buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng e le molemolemo e bile e tlhotlheletsa thata jang ne ka puo ya Se-Isoko! Re leboga baithaopi ba ba berekang mo setlhopheng sa baranodi ba Se-Isoko ka go re thusa gore re tlhaloganye buka eno ka botlalo.”—C.O.A., Nigeria.

“Ga ke kgone go tlhalosa ka mafoko kafa ke lebogelang thanolo eno ya Baebele [New World Translation ka Se-Serbia] ka teng, e go leng motlhofo go e tlhaloganya. Mo nakong e e fetileng, ke ne ka leka go bala Baebele yotlhe, mme ka metlha ke ne ke iphitlhela ke tlogela ka bonako ka gonne ke sa kgone go tlhaloganya puo e e neng e kwadilwe ka yone. Jaanong ke kgona go bala le go tlhaloganya thanolo eno e e leng ya mofuta wa yone fela!”—J. A., Yugoslavia.

“Ke leboga thata ka dikgatiso tse di molemo, tse di rutang, le tse di agang tse di ranoletsweng mo puong ya Se-Tiv. Tota e bile, motho ga a kgone go dirisa mafoko go tlhalosa melemo le dikgothatso tse a di bonang go tswa mo dibukeng le mo diboroutšhareng tseno. Dikgatiso tseno di setse di le mo matsogong a batho ba le diketekete.”—P.T.S., Nigeria.

[Setshwantsho]

Dikhopi di le dimilione di le 36 ka dipuo di le 115

[Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]

Dikhopi di feta dimilione di le 100 tsa “New World Translation” di ile tsa gatisiwa ka dipuo di le 37

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Mo e ka nnang batho ba le 2 000 mo lefatsheng lotlhe ba na le seabe mo go ranoleng dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa (Setlhopha sa Sezulu mo Afrika Borwa, ka fa molemeng; le moranodi wa Mojapane, ka fa tlase)

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Dimakasine di feta dimilione di le sekete tsa “Tora ya Tebelo” le “Tsogang!” di gatisiwa ngwaga mongwe le mongwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Basupi ba ga Jehofa ba tshwara ditlelase tsa go ruta batho go bala le go kwala mo lefatsheng lotlhe. (Mexico, ka fa mojeng; le Burundi, ka fa tlase.)