Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Na le Lebaka la go Nna le Tsholofelo?

A go Na le Lebaka la go Nna le Tsholofelo?

A go Na le Lebaka la go Nna le Tsholofelo?

“Bothata bongwe mo manyalong a a nang le mathata ke go dumela ka tsela e e nonofileng gore dilo ga di ka ke tsa nna botoka. Tumelo e e ntseng jalo e dira gore go se ka ga nna le phetogo epe ka gonne e dira gore o se ka wa leka go dira sepe fela se se ka tokafatsang dilo.”—DR. AARON T. BECK.

ARE tseye gore o na le setlhabi mme o ya go bona ngaka gore e go tlhatlhobe. O a tlhobaela—e bile go a utlwala gore o ikutlwe jalo. Ka gonne botsogo jwa gago—tota le botshelo jwa gago—di ka tswa di le mo kotsing. Mme a re tseye gore fa ngaka e sena go go tlhatlhoba, e go bolelela dikgang tse di monate gore le fa bothata jwa gago e le jo bo masisi, bo ka kgona go alafiwa. Tota e bile, ngaka e go bolelela gore fa o ngaparela ka kelotlhoko thulaganyo e e lekalekaneng ya go ja le go itshidila mmele, o ka solofela go fola ka mo go feletseng. Ga go na pelaelo gore o tla wela makgwafo fela thata o bo o dirisa kgakololo ya gagwe ka boitumelo!

A ko o bapise sekai seno le kgang e re tlotlang ka yone. A o na le setlhabi mo lenyalong la gago? Ke boammaaruri gore mo lenyalong lengwe le lengwe, go tla nna le mathata le go tlhoka kutlwano. Ka jalo, fa go na le dinako tse lo nang le mathata mangwe ka tsone mo lenyalong la lona ga go bolele gore ga go na lorato mo lenyalong la lona. Mme go tweng fa boemo jo bo botlhoko jono bo tswelela bo ntse bo le teng ka dibeke, dikgwedi kgotsa dingwaga di le dintsi? Fa e le gore go ntse jalo, go a utlwala go bo o tshwenyegile, ka gonne seno ga se kgetsi e potlana. Eleruri, tsela e lenyalo la gago le ntseng ka yone e ka ama mo e batlang e nna karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa gago—le jwa bana ba gago. Ka sekai, go dumelwa gore mathata a lenyalo ke one a gantsi a bakang mathata a go tshwenyega thata mo maikutlong, go sa dire sentle kwa tirong, le go palelwa ga bana kwa sekolong. Mme ga se gone gotlhe. Bakeresete ba lemoga gore tsela e ba dirisanang ka yone le balekane ba bone ba lenyalo e ka ama botsalano jwa bone le Modimo.—1 Petere 3:7.

Ga go bolele gore boemo bo ka se tlhole bo siama fa go na le mathata fa gare ga gago le molekane wa gago wa lenyalo. Go leba lenyalo kafa tota le ntseng ka teng—gore go tla nna le mathata—go ka thusa banyalani gore ba lebe mathata a bone ka tsela e e tshwanetseng le go berekela go a rarabolola. Monna mongwe yo o nyetseng yo o bidiwang Isaac o bolela jaana: “Ke ne ke sa itse gore tota go a direga mo lenyalong gore banyalani ba nne le dinako tse ba itumetseng ka tsone le tse ba sa itumelang ka tsone. Ke ne ke akanya gore go na le sengwe se se sa siamang ka rona!”

Tota le fa lenyalo la gago le senyegile mo le feletseng le se na lorato, le ka kgona go bolokiwa. Ke boammaaruri gore mathata a lo nang le one a ka lo utlwisa botlhoko thata mo maikutlong, segolo jang fa e le gore mathata ano a ntse a le teng dingwaga di le dintsi. Le fa go ntse jalo, go na le lebaka le le nonofileng la go nna le tsholofelo. Go ikemisetsa go tsaya kgato ke selo sa botlhokwa. Tota le batho ba babedi ba ba nang le mathata a a masisi a lenyalo ba ka kgona go tokafatsa dilo fa e le gore seo se botlhokwa mo go bone ka bobedi. *

Ka jalo ipotse jaana, ‘Keletso ya me ya go nna le lenyalo le le itumetseng e nonofile go le kana kang?’ A wena le molekane wa gago lo ikemiseditse go iteka gore lo tokafatse lenyalo la lona? Dr. Beck yo o nopotsweng kwa godimo o bolela jaana: “Gantsi ke ile ka gakgamadiwa ke tsela e lenyalo le go bonalang le se monate le kgonang go baakanngwa ka gone fa balekane ba lenyalo ba dirisana mmogo gore ba baakanye mathata a ba nang le one le go nonotsha dinonofo tse di molemo tsa lenyalo la bone.” Mme go tweng fa molekane wa gago wa lenyalo a sa batle go dirisana mmogo le wena mo go direng seno? Kgotsa go tweng fa e le gore go lebega a sa bone gotlhelele gore go na le bothata? A go leka go baakanya lenyalo o le nosi ke matsapa a bophiri? Legoka! Dr. Beck o bolela jaana: “Fa wena o dira diphetogo dingwe, go dira jalo go ka nna ga dira gore molekane wa gago wa lenyalo le ene a fetoge—gantsi go a direga.”

O se ka wa potlakela go fetsa ka gore seno ga se ka ke sa kgonega mo kgannyeng ya gago. Maikutlo a a ntseng jalo a go itlhoboga gore o paletswe ke one a a ka nnang a baya lenyalo la gago mo kotsing e kgolo! Mongwe wa lona o tlhoka gore e nne ene wa ntlha go tsaya kgato. A gongwe e ka nna wena? Fa o setse o bontsha maikemisetso tota, molekane wa gago a ka nna a bona go le mosola go dirisana mmogo le wena gore lo age lenyalo le le itumetseng.

Ka jalo, ke eng se wena o ka se dirang—o le nosi kgotsa ka bobedi jwa lona—go boloka lenyalo la lona? Baebele e ka thusa thata go araba potso eno. Mma re bone gore jang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Ke boammaaruri gore mo maemong mangwe a a feteletseng, go ka nna ga nna le mabaka a a utlwalang a gore monna le mosadi ba kgaogane. (1 Bakorintha 7:10, 11) Mo godimo ga moo, Baebele e letla gore batho ba tlhalane fa mongwe wa bone a dirile kgokafalo. (Mathaio 19:9) Motho ke ene a itirelang tshwetso ka namana ya gore a o tla tlhala molekane wa gagwe wa lenyalo yo o sa ikanyegeng, e bile ba bangwe ga ba a tshwanela go gatelela molekane yo o se nang molato gore a mo tlhale kgotsa a se ka a mo tlhala.—Bona buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, ditsebe 158-61, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.