Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leroborobo la Loso lo Lontsho—Sebetso sa Yuropa wa Metlha ya Bogare

Leroborobo la Loso lo Lontsho—Sebetso sa Yuropa wa Metlha ya Bogare

Leroborobo la Loso lo Lontsho—Sebetso sa Yuropa wa Metlha ya Bogare

Ka Mmegadikgang wa Tsogang! kwa Fora

E ne e le ngwaga wa 1347. Sebetso seno se ne se setse se tlhasetse kwa Botlhaba jo bo kwa Kgakala. Jaanong se ne se fitlhile le kwa dikarolong tse di ka fa lobopong lo lo ka fa botlhaba jwa Yuropa.

BA-MONGOLIA ba ne ba dikanyetsa marekisetso a a ageletsweng ka dipota tse di thata a Genoa a Kaffa, e jaanong e bidiwang Feodosiya, kwa Crimea. E ne ya re fa Ba-Mongolia bano ba tlhaselwa ke bolwetse jono, jo le bone ba neng ba sa bo itse, ba ne ba kata ka morago. Mme pele ba tswa ba tsamaya, ba ne ba tlogela lebolela le le diphatsa thata. Ba dirisa metšhine e megolo thata ya go konopa, ba ne ba konopa ditopo tse di sa ntseng di le mogote tsa batho ba ba bolailweng ke sebetso seno, ba di konopela mo dipoteng tsa motse. E ne ya re moragonyana fa ba le mmalwa ba batho ba ba neng ba iphemela ba Genoa ba tsena mo mekorwaneng ya bone go tshaba mo toropong eno e jaanong e neng e tlhasetswe ke sebetso seno, ba ne ba tsamaya ba anamisa bolwetse jono mo boemakepeng bongwe le bongwe jo ba neng ba bo etela.

Mo lobakeng lwa dikgwedi di le mmalwa fela ke fa Yuropa yotlhe e tlhasetswe ke loso. Lo ne lwa anama ka lobelo lo logolo, lo anamela kwa Afrika Bokone, Italy, Spain, Engelane, Fora, Australia, Hungary, Switzerland, Jeremane, Scandinavia le kwa dinageng tsa Baltic. Mo dingwageng di feta di le pedi go le gonnye fela, palo e e fetang nngwennèng ya batho ba Yuropa, batho ba ka nna dimilione di le 25, ba ne ba swa ba bolawa ke selo seno se se neng se bidiwa “matlhotlhapelo a a setlhogotlhogo mo bathong, a batho ba kileng ba a bona”—Leroborobo la Loso lo Lontsho. *

Go Thaya Motheo wa Kotsi ya Masetlapelo

Matlhotlhapelo ano a Leroborobo la Loso lo Lontsho a ne a sa akaretse bolwetse fela. Go na le dilo di le mmalwa tse di neng tsa thusa go gakatsa masetlapelo ano, sengwe sa tsone e le go tlhoafalela bodumedi. Thuto ya pakatori ke sekai se le sengwe fela sa teng. “E ne ya re fa lekgolo la bo13 la dingwaga le ya bokhutlong, thuto ya pakatori e ne e le gongwe le gongwe,” go rialo rahisitori wa Mofora e bong Jacques le Goff. Mo masimologong a lekgolo la bo14 la dingwaga, Dante o ne a tlhagisa buka ya gagwe e e neng e na le tlhotlheletso e kgolo ya The Divine Comedy, e e neng e tlhalosa ka botlalo gore dihele le pakatori di ntse jang. Ka jalo go ne ga tsoga boikutlo bongwe mo bodumeding jo bo neng bo dira gore batho ba sekamele mo go se tlholeng ba kgathalela sebetso seno e bile ba ineetse mo go sone ka tsela e e gakgamatsang, ba se leba e le kotlhao e e tswang kwa Modimong ka boone. Jaaka re tla bona, boikutlo jono jwa go itlhoboga tota bo ne jwa gakatsa go anama ga bolwetse jono. “Seno se ne sa dira gore sebetso seno se aname fela thata,” go rialo buka ya The Black Death, e e kwadilweng ke Philip Ziegler.

Mme gape go ne go na le bothata jwa gore gangwe le gape dijalo di se ka tsa gola sentle kwa Yuropa. Ka ntlha ya moo, batho ba ba neng ba ntse ba ntsifala ba kontinente eno ba ne ba sa bone phepo e e tshwanetseng—ba sa tlhomelelwa sentle go emelana le malwetse.

Sebetso Seno se a Anama

Go ya ka ngaka nngwe ya ga Mopapa Clement VI, e bong Guy de Chauliac, Yuropa e ne e tlhasetswe ke mefuta e le mebedi ya sebetso: sa nyumonia le sa go ruruga ga lengamu kana legwafa. O ne a tlhalosa malwetse ano fela jaaka a ntse, a kwala jaana: “Jwa ntlha bo ne jwa tsaya dikgwedi di le pedi, mme motho wa teng a na le letshoroma le le sa feleng e bile a kgwa madi, mme bolwetse jono bo ne bo bolaya motho mo malatsing a le mararo. Jwa bobedi bo ne jwa nna lobaka lotlhe lo leroborobo leno le neng le tsweletse ka lone, le jone motho wa jone o ne a na le letshoroma le le sa feleng mme ene a nne le dipadi tse di tletseng boladu le dikwatsi mo dikarolong tse di ka fa ntle tsa mmele, bogolo jang mo legwafeng le mo lengamung. Jono jone bo ne bo bolaya motho mo malatsing a le matlhano.” Dingaka di ne di palelwa ke go emisa sebetso seno gore se se ka sa tswelela pele.

Batho ba le bantsi ba ne ba tswa ba tshaba ka ntlha ya go tshoga—ba tlogela diketekete tsa batho ba ba tshwaeditsweng kwa morago. Ee, bangwe ba batho ba ntlha go tswa ba tshaba e ne e le bahumi ba maemo a a tlotlegang le barutegi. Le mororo baruti bangwe le bone ba ne ba tswa ba tshaba, ba le bantsi ba bodumedi ba ne ba iphitlha mo dikerekeng tsa bone, ba solofela gore fa ba le koo ga ba ne ba tsenwa ke bolwetse jono.

Batho ba ntse ba tshogile jalo, mopapa o ne a itsise gore ngwaga wa 1350 ke Ngwaga o o Boitshepo. Baeti ba sedumedi ba ba neng ba etela kwa Roma ba ne ba tla letlelelwa go tsena ka tlhamalalo kwa paradaiseng kwantle ga gore ba tshwanelwe ke go feta pele ka pakatori! Baeti ba sedumedi ba le makgolo a a diketekete ba ne ba dira jalo—ba anamisa sebetso seno jaaka fa ba ntse ba eta.

Matsapa a Bophiri

Maiteko a go laola Leroborobo leno la Loso lo Lontsho e ne ya nna matsapa a bophiri ka gonne go ne go se na ope tota yo o neng a itse gore bo fetela jang mo mothong yo mongwe. Ba le bantsi ba ne ba lemoga gore go ama motho yo le mo tshwereng—kana le eleng go ama fela diaparo tsa gagwe—go ne go le kotsi. Ba bangwe ba ne ba tshaba le go lejwa ke motho yo bo mo tshwereng! Le fa go ntse jalo, baagi ba Florence, kwa Italy, bone ba ne ba re sebetso seno se leriwe ke dikatse tsa bone le dintša. Ba ne ba tsenelela diphologolo tseno ba di bolaya, ba sa lemoge gore ka go dira jalo, ba ne ba letlelela setshedi se tota se neng se anamisa bolwetse jono go ipusa—peba.

Fa batho ba ntse ba swa, bangwe ba ne ba retologela kwa Modimong go kopa thuso. Banna le basadi ba ne ba ntsha sotlhe se ba neng ba na le sone ba se naya kereke, ba solofetse gore Modimo o tla ba sireletsa mo bolwetseng jono—kana gore gongwe o tla ba naya tuelo ya go tshela kwa legodimong fa ba swa. Seno se ne sa humisa kereke fela thata. Dipheko tsa matlhogonolo, ditshwantsho tsa ga Keresete, mereo le tsone di ne di dirisiwa thata go intsha mo bothateng jono. Ba bangwe ba ne ba retologela kwa botlhoding, kwa maselamoseng, le kwa ditlhareng tsa tsietso gore di ba alafe. Go ne go bolelwa gore dinkgisamonate, aseine, le metswako e mengwe e e kgethegileng e kgona go ntsha bolwetse jono. Kalafi e nngwe e e neng e ratiwa thata e ne e le gore motho a alafiwe ka go dutlisiwa madi. Lephata lengwe le le rutegileng thata la kalafi kwa Yunibesithing ya Paris le ne la ba la bolela gore sebetso seno se bakwa ke tsela e dipolanete di emeng ka yone! Le fa go ntse jalo, ditlhaloso tseno tsa maitirelo le “dikalafi,” ga di a ka tsa emisa go tswelela pele ga sebetso seno se se bolayang.

Diphelelo Tse di Nnelang Ruri

Mo dingwageng di le tlhano go ne go bonala Leroborobo leno la Loso lo Lontsho le ne le khutlile kgabagare. Mme pele lekgolo la dingwaga le wela, le ne la boa gape mo e ka nnang ganè. Ka gone ditlamorago tsa Leroborobo leno la Loso lo Lontsho di ile tsa tshwantshiwa le tsa Ntwa ya Lefatshe I. “Borahisitori ba gompieno ba batla ba dumalana botlhe gore go tlhaga ga sebetso seno go nnile le diphelelo tse di maswe thata mo ikonoming le mo setšhabeng morago ga 1348,” go rialo buka ya 1996 ya The Black Death in England. Sebetso seno se ne sa nyeletsa batho ba le bantsi thata, mme go fetile makgolo a le mantsi a dingwaga pele dikarolo dingwe di fola sentle. E re ka badiri ba ne ba fokotsegile, seno se ne sa raya gore ditlhwatlhwa tsa tiro di a oketsega. Beng ba dinaga ba ba kileng ba bo ba humile ba ne ba sala ba se na le fa e le sente, mme thulaganyo ya bobusaesi—e e neng e tshwaya Metlha ya Bogare—e ne ya phutlhama.

Ka gone sebetso seno se ne sa tlhotlheletsa gore go nne le diphetogo mo dipolotiking, mo bodumeding, le mo loagong. Pele ga sebetso seno, Sefora e ne e le puo e e neng e buiwa thata ke barutegi kwa Engelane. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa barutabana ba le mmalwa ba Bafora ba tlhokafala, seno se ne sa dira gore Seesemane se dirisiwe thata bogolo go Sefora kwa Boritane. Go ne ga direga diphetogo le mo bodumeding. Jaaka fa mokwalahisitori wa Mofora e bong Jacqueline Brossollet a bolela, go bo go ne go se na batho ba ba lekaneng ba ba tshwanelegelang go nna baperesiti, “gantsi thata Kereke e ne e bitsa batho ba ba sa itseng sepe, ba ba tlhomolang pelo.” Brossollet o bua a gatelela gore “go wela kwa tlase ga mafelo a [kereke] a thuto le a tumelo e ne e le lengwe la mabaka a a bakileng Diphetogo Tse Dikgolo.”

Leroborobo leno la Loso lo Lontsho eleruri le ne la nna le tlhotlheletso e kgolo thata mo botaking, mme loso ya nna lone kgangkgolo mo ditshwantshong tse di takilweng. Ditshwantsho tse di neng di ratega thata tsa danse macabre, tse gantsi di bontshang marapo a motho le ditopo, e ne ya nna ditshwantsho tse di ratwang thata tse di bontshang kafa loso lo leng maatla ka teng. E re ka ba ne ba sa tlhole ba tlhomamisegile ka isagwe, batho ba le bantsi ba ba neng ba falola sebetso seno ba ne ba sa tlhole ba tshela ka go ithiba. Ka gone melao ya bone ya boitshwaro e ne ya ya kwa tlase thata. Mme kereke yone, ka gonne e ne e reteletswe ke go thibela Leroborobo leno la Loso lo Lontsho, “monna wa metlha ya bogare o ne a na le maikutlo a gore e mo swabisitse.” (The Black Death) Borahisitori bangwe le bone ba bolela gore diphetogo tse di neng tsa nna teng mo bathong morago ga Leroborobo leno la Loso lo Lontsho di ne tsa dira gore batho ba simolole go ikemela ka nosi le go simolola dikgwebo mme di ne tsa dira gore ditšhaba le itsholelo di gatele pele—e leng dilo tse di etelelang bokapitalise pele.

Gape Leroborobo leno la Loso lo Lontsho le ne la tlhotlheletsa dipuso go tlhoma thulaganyo ya go laola go latlhwa ga leswe. E ne ya re fa sebetso seno se sena go kokobela, Venice e ne ya simolola go phepafatsa mebila ya motse wa yone. Kgosi John II wa Fora, yo o neng a bidiwa Mosiami, le ene o ne a laela gore mebila e phepafadiwe go lwantsha matshosetsi a leroborobo leno. Kgosi eno e ne ya tsaya kgato eno morago ga go utlwa ka ngaka nngwe ya bogologolo ya Mogerika e e neng ya sireletsa Athena mo sebetsong seno ka go phepafatsa le go tlhatswa mebila ya teng. Mebila e le mentsi ya metlha ya bogare, e e neng e tletse leswe thata, kgabagare e ne ya phepafadiwa.

A ke Selo sa Maloba?

Le fa go ntse jalo, e nnile fela ka 1894 fa moithutadibaketeria wa Mofora e bong Alexandre Yersin a ne a lemoga baketeria e e neng e baka Leroborobo la Loso lo Lontsho. E ne ya teelelwa ka ene, ya bidiwa Yersinia pestis. Dingwaga di le nnè moragonyana monna yo mongwe wa Mofora, e bong Paul-Louis Simond, o ne a lemoga seabe se matsetse (a a tlisiwang ke diphologolo tsa mofuta wa bosamane) a nang le sone mo go fetisetseng bolwetse jono kwa bathong ba bangwe. Go ise go ye kae go ne ga dirwa mokento, mme wa se ka wa thusa go le kalo.

A sebetso seno ke selo sa maloba? Legoka. Mo marigeng a 1910, batho ba ka nna 50 000 ba ne ba swa ba bolawa ke sebetso seno kwa Manchuria. Mme ngwaga le ngwaga World Health Organization e bega batho ba bangwe ba le diketekete ba ba tshwarwang ke bolwetse jono—palo ya bone e nna e ntse e tlhatlogela kwa godimo. Gape go ile ga bonwa le mefuta e mengwe ya bolwetse jono—mefuta e e kgonang go emelana le kalafi. Ee, fa batho ba sa kgomarele ditekanyetso tsa konokono tsa pholo, sebetso seno se sa ntse se tlile go nna kotsi mo bathong. Ka gone buka ya Pourquoi la peste? Le rat, la puce et le bubon (Sebetso ke sa Eng? Peba, Letsetse le Kakana), e e kwadilweng ke Jacqueline Brossollet le Henri Mollaret, e konela ka gore “nnyaa, ga se bolwetse jwa Yuropa wa bogologolo wa Metlha ya Bogare, . . . sebe sa phiri ke gore go ka direga gore sebetso seno ke bolwetse jwa mo isagweng.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Batho ba motlha oo ba ne ba le bitsa kgogodi e kgolo kana bolwetse jwa leroborobo.

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

Banna le basadi ba ne ba ntsha sotlhe se ba neng ba na le sone ba se naya kereke, ba solofetse gore Modimo o tla ba sireletsa mo bolwetseng jono

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

Lekoko la Ba-Flagellant

E re ka bangwe ba ne ba tsaya gore sebetso seno ke kotlhao e e tswang kwa Modimong, ba ne ba senka go kokobetsa bogale jwa Modimo ka go ititaya, kana go itshetlakaka. Lekgotla la Ba-Flagellant, e leng mokgatlho mongwe o go neng go twe o na le maloko a ka nna 800 000, o ne wa simolola go nna le batho ba le bantsi ka nako ya Leroborobo leno la Loso lo Lontsho. Melao ya lekoko leno e ne e iletsa go bua le basadi, go tlhapa, kana go fetola diaparo. Ba ne ba itshetlakaka gabedi ka letsatsi ba bonwa ke batho botlhe.

Buka ya Medieval Heresy e bolela gore “go itshetlakaka e ne e le nngwe ya ditsela di le mmalwa tse batho bano ba ba tshogileng ba neng ba di dirisa go ikgolola mo bothateng jono.” Gape Ba-Flagellant ba ne ba di goga kwa pele mo go kgaleng maemo a boeteledipele jwa kereke le mo go nyatseng mokgwa o o humisang thata wa kereke wa go naya batho boitshwarelo. Ga go gakgamatse he go bo ka 1349 mopapa a ne a nyatsa lekoko leno. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong mokgatlho ono o ne wa nna wa nyelela fela ka boone fa Leroborobo la Loso lo Lontsho le sena go feta.

[Setshwantsho]

Ba-Flagellant ba leka go reba Modimo bogale

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Bibliothèque Royale de Belgique, Bruxelles

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Sebetso seno kwa Marseilles, kwa Fora

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Cliché Bibliothèque Nationale de France, Paris

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Alexandre Yersin o ne a lemoga baketeria e e neng e baka sebetso seno

[Motswedi wa Setshwantsho]

Culver Pictures