Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bahumi ba Ntse ba Humela Pele le Bahumanegi ba Ntse ba Humanegela Pele

Bahumi ba Ntse ba Humela Pele le Bahumanegi ba Ntse ba Humanegela Pele

Bahumi ba Ntse ba Humela Pele le Bahumanegi ba Ntse ba Humanegela Pele

“Go ile ga dirwa kgatelopele e kgolo mo go fokotseng lehuma mo lefatsheng lotlhe mo masomeng a le matlhano a dingwaga a a fetileng go feta mo makgolong a le matlhano a dingwaga a a fetileng,” go bolela jalo UNDP Today, e leng kgatiso ya United Nations Development Programme. “Dinaga tse di tlhabologang di ile tsa fokotsa selekanyo se bana ba swang ka sone ka halofo fa e sa le ka 1960, mme tsa fokotsa phepelotlase ka nngwetharong le go oketsa palo ya barutwana [ba ba ikwadisang] kwa sekolong ka kwatara e le nngwe.” Le fa go ntse jalo, yone kgatiso eno e dumela gore le fa go ka tswa go dirilwe kgatelopele eno, lehuma mo lefatsheng lotlhe “le sa ntse le aname.”

Se se maswe le go feta ke gore go se tshware batho ka go lekalekana mo teng le gareng ga dinaga go a oketsega. Catherine Bertini, yo e leng motsamaisimogolo wa UN World Food Programme o bolela jaana: “Fa go bapisiwa le se se neng se direga mo lobakeng lwa ngwaga lo lo fetileng, batho ba le bantsi thata mo lefatsheng ba bolawa ke phepelotlase le tlala.” Tota e bile, gompieno batho ba ka nna dimilione di le 840 mo dinageng tse di tlhabologang ba tshelela fela mo tlaleng, mme ba ba fetang dimilione di le sekete kgakala ga ba na metsi a a phepa go ka nowa, mme mo e ka nnang dimilione di le dikete di le 1,5 tsa batho di tshela fela ka diranta di le thataro ka letsatsi. Mary Robinson, yo e leng Mokomisinara yo Mogolo wa Ditshwanelo Tsa Botho wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, o tlhagisa gore “re mo kotsing ya go fitlha mo nakong e mo go yone lefatshe le se kitlang le kgaoganngwa go ya ka dinaga tse di tlhabologang le tse di tlhabologileng, mme le kgaoganngwa go ya ka [dinaga] tse di tlhabologileng thata le tse di se kitlang di tsamaya di tlhabologa gotlhelele.”

Batho ba gompieno ba lefatshe ba ba dimilione di le dikete di le thataro ba tla tlhoka madi a le kana kang go dira gore bahumi ba se tlhole ba humela pele fa bahumanegi bone ba ntse ba humanegela pele? Madi a le mannye go feta jaaka motho a ka akanya. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le lekanyetsa gore go tla tlhokega madi a mangwe a le diranta di le dimilione di le dikete di le 54 (diranta di le robongwe motho a le mongwe) ka ngwaga go rulaganya ditirelo tsa go tlosa leswe le go thibela malwetse, le go rulaganya gore go nne le metsi a a phepa mo lefatsheng lotlhe, le gore go tla tlhokega madi a mangwe gape a le diranta di le dimilione di le dikete di le 78 (diranta di le 12 motho a le mongwe) ka ngwaga go tlhomamisa gore batho botlhe mo lefatsheng ba bona boitekanelo le dijo tsa konokono. Le mororo madi ano a le mantsi, ga se sepe fa a bapisiwa le a lefatshe le a dirisang mo ditirelong tse dingwe. Ka sekai, mo ngwageng mongwe bosheng jaana, lefatshe le ne la dirisa diranta di le dimilione di le dikete di le 2,6 (mo go fetang diranta di le 400 motho a le mongwe) mo go phasalatseng le diranta di le dimilione di le dikete di le 4,7 (diranta di le 770 mothong a le mongwe) mo dilong tsa sesole. Go bonala sentle gore go dira gore go nne le go lekalekana gareng ga dilo tse lefatshe le nang le tsone le tse le se nang tsone ga se kgang ya go bona madi a a lekaneng mme ke kgang ya go baya dilo tse di tlang pele mo maemong a tsone.