Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuto ya Gore Ditshedi di Iphetogela ka Botsone go Nna Tse Dingwe—Se e Seng Boammaaruri Le se E Leng Boammaaruri

Thuto ya Gore Ditshedi di Iphetogela ka Botsone go Nna Tse Dingwe—Se e Seng Boammaaruri Le se E Leng Boammaaruri

Rasaense mongwe yo o tumileng thata yo o dumelang mo thutong ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e bong Moporofesara Richard Dawkins a re: “Thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e boammaaruri fela jaaka kgang ya gore letsatsi le kgwa mogote.”16 Gone ke boammaaruri gore diteko tse di ileng tsa dirwa le dilo tse batho ba kgonang go di bona di supa gore letsatsi le a fisa. Mme gone, a diteko tse di ileng tsa dirwa le dilo tse batho ba kgonang go di bona di supa ka tsela e e tlhatswang pelo fela jalo gore ditshedi di ile tsa iphetogela ka botsone go nna tse dingwe?

Pele ga re araba potso eo, re tlhoka go tlhalosa sengwe sentle. Baitsesaense ba le bantsi ba lemogile gore fa nako e ntse e tsamaya, mefuta ya dilo tse di tshelang e ka nna ya fetoga go se kae. Ka sekai, batho ba kgona go dira gore dintša tsa mefuta e e sa tshwaneng di gwele mme di tsale mofuta o mongwe wa dintša tse di nang le maoto a makhutshwane kgotsa moriri o moleele go feta batsadi ba tsone. * Baitsesaense bangwe ba re diphetogonyana tseno ke “diphetogo tse dinnye tse di diregang mo ditsheding fa di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe.”

Mme gone, batho ba ba dumelang mo thutong eno ba ruta gore diphetogo tse dinnye di direga ka iketlo mo lobakeng lwa dingwaga di le dibilionebilione mme kgabagare e nna diphetogo tse dikgolo tse di tlhokegang gore ditlhapi di fetoge ditshedi tse di nnang mo lefatsheng le mo metsing, mme diphologolo tsa losika loo tshwene di fetoge batho. Diphetogo tseno tse dikgolo di tlhalosiwa e le “diphetogo tse dikgolo tse di diregang mo ditsheding fa di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe.”

Charles Darwin le buka ya gagwe ya Origin of Species

Ka sekai, Charles Darwin o ne a ruta gore diphetogo tse dinnye tse re kgonang go di bona di kaya gore go ka nna le diphetogo tse dikgolo thata go feta tseno tse go seng ope yo o kileng a di bona.17 O ne a dumela gore mo lobakeng lo loleele lwa nako, ditshedi dingwe tsa ntlhantlha di ne tsa iphetogela ka iketlo—ka “diphetogo tse dinnye tota”—go fitlha e nna mefuta e le dimilionemilione ya ditshedi tse di leng teng mo lefatsheng.18

Batho ba le bantsi ba tsaya gore tlhaloso eno e a utlwala. Ba ipotsa gore, ‘Fa e le gore diphetogo tseno tse dinnye di ka direga mo mefuteng mengwe ya ditshedi, ke eng fa go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe go sa dire gore go nne le diphetogo tse dikgolo mo lobakeng lo loleele lwa nako?’ Le fa go ntse jalo, tota thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e theilwe mo dintlheng tse tharo tse di seng boammaaruri. Ela tlhoko tse di latelang.

Ntlha e e seng boammaaruri 1. Go fetoga ga dijini go tshwanela tikologo e di leng mo go yone ke gone go thusang gore go nne le mefuta e mesha ya ditshedi. Thuto ya gore go nna le diphetogo tse dikgolo tse di diregang mo ditsheding fa di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e theilwe mo tumelong ya gore fa dijini tsa dimela le diphologolo di fetoga go ya ka tikologo e di leng mo go tsone, ga go nne fela le mefuta e mesha ya dimela le diphologolo mme gape go nna le ditlhopha tse di neng di ntse di seyo gotlhelele.19

Mokgwa wa go fetola dijini o ka fetola dimela—jaaka semela seno se se fetotsweng dijini se se nang le malomo a magolo—mme e le ka selekanyo se se rileng fela

Boammaaruri. Tsela e semela kgotsa phologolo e tla bopegang ka yone e ikaegile ka tshedimosetso e e mo dijining tsa yone, ke gore e e mo teng ga nucleus ya sele nngwe le nngwe. * Babatlisisi ba ile ba lemoga gore go fetoga ga dijini go ya ka tikologo e di leng mo go yone go ka dira gore dimela le diphologolo tse disha di se ka tsa tshwana le tsa pele. Mme gone, a tota go fetoga ga dijini go ya ka tikologo e di leng mo go yone go dira gore go nne le mefuta e e neng e seyo gotlhelele ya ditshedi? Dipatlisiso tse di ileng tsa dirwa ka dijini mo dingwageng di le lekgolo di bontshitse eng?

Go ela kwa bofelong jwa bo1930, baitsesaense ba ne ba itumelela go tla ka kgopolo e ntšha. Ba ne ba setse ba dumela gore lebaka la go bo ditshedi di kgona go tshela le go ata mo tikologong e e di siametseng le ka dira gore go nne le mefuta e mesha ya dimela ka ntlha ya go fetofetoga ga dijini go tshwanela tikologo e di leng mo go yone. Ka jalo, jaanong ba ne ba tsaya gore fa batho e le bone ba fetolang dijini tsa ditshedi ba ka kgona go dira se se tshwanang mme ba atlege fela thata. Wolf-Ekkehard Lönnig yo o mo setheong sa kwa Jeremane sa Max Planck Institute for Plant Breeding Research (setheo se se dirang dipatlisiso ka mefuta ya dimela) o ne a re: “Batho ba le bantsi ba ba ithutang ka ditshedi, segolobogolo ba ba ithutang ka dijini le ba ba dirang mefuta e mesha ya dimela le diphologolo ka go kopanya mefuta e e farologaneng ya tsone, ba ne ba itumela fela thata.” * Ba ne ba itumeletse eng se se kana kana? Lönnig yo o nang le dingwaga di ka nna 30 a ithuta ka go fetoga ga dijini tsa dimela go tshwanela tikologo e di leng mo go yone, o ne a re: “Babatlisisi bano ba ne ba akanya gore jaanong e ne e le nako ya gore ba tokafatse mokgwa o o neng o ntse o dirisiwa go tlhagisa mefuta e mesha ya dimela le dijini ka go kopanya mefuta e e farologaneng ya tsone. Ba ne ba akanya gore fa ba fetola dijini go ya ka tsela e ba batlang ka yone, ba ka dira gore go nne le dimela le diphologolo tse disha e bile di le botoka.”20 Tota e bile bangwe ba ne ba solofetse gore ba tla tlhagisa mefuta e e neng e ntse e seyo gotlhelele ya ditshedi.

Dintsi tse di fetotsweng dijini, le fa di na le popego e e sa tlwaelegang, e sa ntse e le dintsi

Baitsesaense ba kwa United States, Asia, le Yuropa ba ile ba simolola dithulaganyo tsa go dira dipatlisiso tse di tshegediwang ka madi a mantsi ba dirisa mekgwa e baitsesaense ba neng ba akanya gore e ka dira gore dimela le diphologolo di iphetogele ka bonako go nna tse dingwe. Morago ga dingwaga di feta 40 ba ntse ba dira dipatlisiso tse di tseneletseng, ba ile ba fitlhelela eng? Mmatlisisi mongwe e bong Peter von Sengbusch a re: “Le fa go ile ga dirisiwa madi a le mantsintsi jalo, maiteko a go tlhagisa mefuta e e farologaneng ya dimela ka go dirisa marang [gore dijini di fetoge go tshwanela tikologo e di leng mo go yone] a ile a itaya sefololetse.”21 Mme Lönnig o ne a re: “Ka bo 1980, ditsholofelo le boitumelo jo bogolo jo baitsesaense ba neng ba na le jone, bo ne bo fedile gotlhelele. Dinaga tsa kwa Bophirima di ne tsa tlogela go dira dipatlisiso tse di malebana le thulaganyo ya go kopanya mefuta e e farologaneng ya ditshedi ka go fetola dijini tsa tsone. Mo e ka nnang ditshedi tsotlhe tse di tlhagisitsweng ka thulaganyo eno . . . di ile tsa swa kgotsa tsa nna bokoa go feta tse di nnileng gone ka tsela ya tlhago.” *

Le fa go ntse jalo, tshedimosetso e e kgobokantsweng mo dingwageng di ka nna 100 tsa fa go ne go dirwa dipatlisiso malebana le mokgwa wa go fetola dijini mmogo le e e kgobokantsweng mo dingwageng di ka nna 70 tsa fa go ne go dirwa dipatlisiso ka mokgwa wa go kopanya dijini tsa ditshedi tse di sa tshwaneng go tlhagisa tse dingwe, e thusa baitsesaense go bona gore a mokgwa ono wa go fetola dijini o ka kgona go tlhagisa mefuta e mesha ya ditshedi. Fa Lönnig a sena go sekaseka bosupi jo bo leng gone, o ne a swetsa ka go re: “Go fetola dijini tsa mofuta mongwe wa setshedi [wa semela kana phologolo] ga go ka ke ga tlhagisa mofuta o mongwe o mosha. Tshwetso eno e dumalana le dilo tsotlhe tse di ileng tsa direga mmogo le diphelelo tsotlhe tse di nnileng gone mo lekgolong la bo20 la dingwaga fa go ne go dirwa dipatlisiso ka mokgwa ono wa go fetola dijini tsa ditshedi e bile e dumalana le melao e e dirisiwang go bona gore go ka kgonega go le kana kang gore dilo dingwe di direge.”

Ka jalo, a mokgwa wa go fetola dijini tsa mofuta mongwe wa setshedi o ka kgona go tlhagisa mofuta mongwe o sele wa setshedi? Bosupi bo bontsha gore ga go a nna jalo! Patlisiso ya ga Lönnig e ne ya dira gore a konele ka go re, “mofuta mongwe le mongwe wa setshedi o na le dijini tse di sa tshwaneng le dijini tsa mofuta o mongwe wa setshedi, mme ga o ka ke wa fetoga kgotsa wa phimoga ka gore dijini tsa one di iphetogele ka botsone.”22

Akanya ka se dintlha tse di fa godimo di se kayang. Fa baitsesaense ba ba rutegileng thata ba sa kgone go dirisa mokgwa wa go fetola dijini gore ba tlhagise mefuta e mesha ya ditshedi, a go ka kgonega gore thulaganyo nngwe e e sa kaelweng ke ope e kgone go tlhagisa mefuta e mesha ya ditshedi? Fa e le gore dipatlisiso di bontsha gore mokgwa wa go fetola dijini o ka se ka wa dira gore mofuta wa ntlhantlha wa setshedi o kgone go tlhagisa o o ntseng o seyo, a totatota go ka kgonega gore go nne le diphetogo tse dikgolo tse di diregang mo ditsheding fa di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe?

Ntlha e e seng boammaaruri 2. Go itlhophela ga tlhago go dirile gore go nne le mefuta e mesha ya ditshedi. Darwin o ne a dumela gore tlhago e kgona go itlhophela gore ke ditshedi dife tse di siametseng go nna mo tikologong e e rileng, mme tse di sa tshwanelang go nna mo tikologong eo tsone kgabagare di ne di tla swa. Gompieno batho ba ba buelelang thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe ba ruta gore fa mefuta e e farologaneng ya ditshedi e ntse e anama le go phatlalala, tlhago e ne e itlhophela ditshedi tse dijini tsa tsone tse di fetotsweng di dirang gore di kgone go tshela mo tikologong e ntšha e di leng mo go yone. Batho ba ba dumelang thuto eno ba re seno se ile sa felela ka gore ditlhopha tseno tse di nnang mo mafelong a a rileng kgabagare di fetoge mefuta e e iseng e tsamaye e nne gone ya ditshedi.

Boammaaruri. Jaaka go setse go tlhalositswe, dipatlisiso di bontsha sentle gore go fetola dijini ga go ka ke ga tlhagisa mefuta e mesha ya dimela kgotsa diphologolo. Le fa go ntse jalo, batho ba ba dumelang thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe ba ntsha bosupi bofe go tshegetsa kgang ya gore fa tlhago e itlhophela ditshedi tse e batlang gore di tshele mo tikologong e e rileng ka go fetola dijini tsa tsone, go nna le mefuta e mesha ya ditshedi? Boroutšhara bongwe jo bo neng jwa gatisiwa ka 1999 ke setheo sa National Academy of Sciences (NAS) sa kwa United States bo umaka “mefuta e le 13 ya dithaga tse Darwin a neng a ithuta ka tsone kwa Ditlhaketlhakeng tsa Galápagos, tse jaanong di bidiwang dithaga tsa ga Darwin.”23

Ka bo1970, setlhopha sa babatlisisi se se neng se eteletswe pele ke Peter R. le B. Rosemary Grant ba Yunibesithi ya Princeton se ne sa simolola go ithuta ka dithaga tseno mme sa lemoga gore morago ga gore go nne le ngwaga wa leuba mo ditlhaketlhakeng tseno, dithaga tse di nang le melomo e megolwane di ne di kgona go tshela lobaka lo loleele go feta tsa melomo e mennye. E re ka go lemoga bogolo jwa melomo ya dinonyane tseno le popego ya tsone e le nngwe ya ditsela tsa konokono tsa go tlhaola mefuta e e 13 ya dithaga, dilo tseno tse ba di lemogileng di ne di tsewa di le botlhokwa thata. Boroutšhara jwa NAS bo tswelela ka go re, “Boorra Grant ba fopholetsa gore fa go ne go ka nna leuba gangwe mo dingwageng dingwe le dingwe di le 10 mo ditlhaketlhakeng tseno, mofuta o mosha wa dithaga o ne o ka nna teng morago ga dingwaga di ka nna 200.”24

Le fa go ntse jalo, boroutšhara jwa NAS ga bo umake gore mo dingwageng tsa morago ga leuba, dithaga tsa melomo e mennye di ne tsa simolola go nna dintsi go feta tsa melomo e megolo. Babatlisisi ba ne ba fitlhela gore fa tlelaemete e ntse e fetoga mo setlhaketlhakeng, dithaga tsa melomo e meleele di ne di nna dintsi mo ngwageng o le mongwe, mme morago ga moo go ne go ata tsa melomo e mennye. Gape ba ne ba lemoga gore dingwe tsa dithaga tse go neng go twe ke tsa mefuta e e sa tshwaneng di ne di nna le mamphorwana mmogo, mme mamphorwana ao a ne a tshela lobaka lo loleele go feta batsadi ba one. Ba ne ba swetsa ka gore fa dinonyane tseo tsa mefuta e e sa tshwaneng di ne di ka tswelela di nna le mamphorwana mmogo, seo se ne se ka dira gore dithaga tse go neng go twe ke mefuta e e sa tshwaneng di kopane go nna mofuta o le mongwe fela.25

Dithaga tsa ga Darwin di bontsha fela gore mefuta ya ditshedi e ka kgona go fetofetoga le maemo a tlelaemete e di leng mo go yone

Ka jalo, a tota go itlhophela ga tlhago gore ke ditshedi dife tse di tshwanetseng go nna mo tikologong e e rileng go tlhagisa mefuta e e iseng e nne gone ya ditshedi? Dingwaga di le masomesome tse di fetileng, moithutatshelo mongwe yo o dumelang mo thutong ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e bong George Christopher Williams o ne a simolola go belaela gore a ruri go itlhophela ga tlhago ditshedi tse di siametseng go nna mo tikologong e e rileng go ka tlhagisa mefuta e mesha ya ditshedi.26 Ka 1999, monna mongwe yo le ene a tlileng ka kgopolo ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e bong Jeffrey H. Schwartz o ne a kwala gore thulaganyo ya gore tlhago e itlhophele ditshedi tse di siametseng go nna mo tikologong e e rileng e ka tswa e thusa mefuta ya ditshedi gore e fetofetoge le maemo a tikologo e di leng mo go yone, mme ga e dire sepe se sesha.27

Ee ruri, dithaga tsa ga Darwin ga di fetoge go nna “sepe se sesha.” E sa ntse e le dithaga. Mme lebaka la go bo di kgona go nna le mamphorwana mmogo le dira gore go tsoge dipelaelo malebana le mekgwa e batho bangwe ba ba buelelang thuto ya go iphetogela ga ditshedi ba e dirisang go tlhalosa mefuta ya ditshedi. Mo godimo ga moo, tshedimosetso e e malebana le dinonyane tseno e bontsha gore tota le ditheo tsa maemo tsa saense di ka ntsha bosupi jo bo timetsang.

Ntlha e e seng boammaaruri 3. Masalela a dilo tsa bogologolo a supa gore go nnile le diphetogo tse dikgolo mo ditsheding. Boroutšhara jo bo umakilweng jwa NAS bo dira gore mmadi a akanye gore masalela a ditshedi tsa bogologolo a a bonweng ke baitsesaense a naya bosupi jo bo lekaneng jwa gore go nnile le diphetogo tse dikgolo mo ditsheding. Jwa re: “Go ile ga bonwa mefuta e le mentsi ya ditshedi tse di batlileng di tshwana le ditlhapi mme gape di tshwana le ditshedi tse di nnang mo lefatsheng le mo metsing, tse di batlileng di tshwana le ditshedi tse di nnang mo lefatsheng le mo metsing mme gape di tshwana le digagabi, tse di batlileng di tshwana le digagabi mme gape di tshwana le diphologolo tse di amusang, mmogo le tse di nang le dipopego tse di batlileng di tshwana le tsa motho, mo e leng gore gantsi go thata go tlhalosa gore mefuta e mengwe ya setshedi e fetoga leng go nna e mengwe.”28

Boammaaruri. Tlhaloso e e ntshiwang ke boroutšhara jwa NAS e a gakgamatsa tota. Ka ntlha yang? Niles Eldredge, yo o dumelang thata mo thutong ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe o tlhalosa gore masalela a ditshedi tsa bogologolo ga a bontshe gore diphetogo di ile tsa direga ka iketlo, mme a bontsha gore mo lobakeng lo loleele lwa nako, “go ile ga nna le diphetogo tse di sa reng sepe kgotsa ga go a ka ga nna le diphetogo gotlhelele mo mefuteng e le mentsi ya ditshedi.” *29

Masalela a ditshedi tsa bogologolo a bontsha gore ditlhopha tse dikgolo tsa diphologolo di tlhagile fela ka tshoganyetso mme ga di a ka tsa fetoga thata

Go tla go fitlha jaana, baitsesaense mo lefatsheng lotlhe ba setse ba epolotse le go kwala tshedimosetso ka masalela a ditshedi tse dikgolo di ka nna dimilione di le 200 le masalela a ditshedi tse dinnye di le dibilionebilione. Babatlisisi ba le bantsi ba dumela gore rekoto eno e e nang le tshedimosetso e ntsi jaana e bontsha gore ditlhopha tsotlhe tse dikgolo tsa diphologolo di ne tsa nna gone ka tshoganyetso mme tsa nna fela di sa fetoge mme mefuta mengwe e le mentsi e ne ya nyelela ka tshoganyetso fela jaaka e tlhagile.

Go dumela mo thutong ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone ke go dumela dilo tse o se nang bosupi jwa tsone

Ke eng fa batho ba le bantsi ba ba buelelang thuto ya gore go ile ga nna le diphetogo tse dikgolo mo ditsheding ba gatelela gore e boammaaruri? Richard Lewontin, yo e leng mmueledi yo mogolo wa thuto eno o ne a kwala gore baitsesaense ba le bantsi ba ikemiseditse go amogela dilo tsa saense tse di se nang bosupi ka gonne “ba dumela fela mo dilong tse ba di bonang mme ga ba dumele gore lobopo le dilo tsotlhe tse di mo go lone di nnile gone ka ntlha ya maatla mangwe a a sa bonaleng.” Baitsesaense ba le bantsi ga ba batle le go akanyetsa kgang ya gore go ka tswa go na le Motlhami mongwe yo o botlhale ka gonne jaaka Lewontin a kwadile, “ga re batle le go akanya gore go ka tswa go na le Modimo.”30

Moithutaloago mongwe e bong Rodney Stark o ne a nopolwa a bua jaana malebana le kgang eno mo kgatisong ya Scientific American: “Go setse go fetile dingwaga di ka nna 200 go buelelwa kgopolo ya gore fa o batla go nna moitsesaense o se ka wa itetla go tlhotlhelediwa ke bodumedi.” Gape a re mo diyunibesithing tse go dirwang dipatlisiso mo go tsone, “batho ba ba mo bodumeding ga ba bue sepe ka Modimo.”31

Fa o batla go dumela mo thutong ya gore go nna le diphetogo tse dikgolo mo ditsheding, o tshwanetse wa bo o amogela gore baitsesaense ba ba dumelang gore Modimo a ka se itsewe kgotsa gore Modimo ga a yo, ba ka se letle gore se ba se dumelang se tlhotlheletse tsela e ba tlhalosang ka yone dilo tse di fitlheletsweng ke saense. O tshwanetse wa bo o dumela gore go fetoga ga dijini tsa ditshedi gore di tshwanele tikologo e di leng mo go yone le thulaganyo ya gore tlhago e itlhophele mefuta ya ditshedi tse di tla nnang mo tikologong e e rileng, ke gone go dirileng gore go nne le mefuta yotlhe ya ditshedi, le fa gone go ile ga dirwa dipatlisiso ka dingwaga di le lekgolo go supa gore go fetoga ga dijini ga go a fetola le fa e le mofuta ope wa ditshedi go nna o mongwe o o iseng o nne teng. O tshwanetse wa bo o dumela gore dilo tsotlhe tse di tshelang di iphetogetse ka iketlo go tswa mo setsheding se le sengwe fela, le fa masalela a ditshedi tsa bogologolo a bontsha sentle gore mefuta e megolo ya dimela le diphologolo e nnile gone nako e le nngwe fela mme ga ya ka ya fetoga go nna mefuta e mengwe, le fa go fetile dingwaga tse dintsintsi. A go dumela dilo tseno go utlwala go theilwe mo boammaaruring kgotsa mo dintlheng tse di seng boammaaruri? Totatota go dumela mo thutong ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe go bontsha go dumela dilo tse o se nang bosupi jwa tsone.

^ ser. 3 Gantsi diphetogo tse di diregang fa batho ba dira gore dintša di gwele di bakwa ke gore dijini tsa tsone di bo di sa bereka sentle. Ka sekai, dintša tsa mofuta wa dachshund di dikhutshwane ka gonne lehihiri lengwe le sa gola sentle mme seo se dira gore mofuta ono wa dintša o se ka wa gola.

^ ser. 8 Dipatlisiso di bontsha gore cytoplasm ya sele, dintha tsa yone le dikarolo tse dingwe tsa yone di na le seabe mo go laoleng gore setshedi se tla bopega jang.

^ ser. 9 Lönnig o dumela gore botshelo ke tiro ya Mmopi. Mafoko a gagwe a a nopotsweng mo kgatisong eno a builwe ke ene ka sebele, ga se mafoko a setheo sa Max Planck Institute for Plant Breeding Research.

^ ser. 10 Fa go ntse go lekelediwa mokgwa wa go fetola dijini, go ile ga lemogwa gangwe le gape gore palo ya mefuta e mesha ya ditshedi e ne e fokotsega mme gantsi go ne go tlhaga mofuta o o tshwanang le o o kileng wa tlhaga pele. Gape go ne ga tsewa palo e e kwa tlase ga peresente e le 1 ya dimela tse di tlhagisitsweng ka mokgwa ono gore go ye go dirwa dipatlisiso ka tsone, mme mo palong eno ke tse di kwa tlase ga peresente e le 1 tse di neng tsa fitlhelwa di siametse go ka dirisiwa mo kgwebong. Mme gone, ga go ise go ke go dirwe le fa e le mofuta o le mongwe o mosha. Mokgwa wa go fetola dijini mo diphologolong o ne wa palelwa le go feta fa o bapisiwa le o o neng wa dirwa mo dimeleng, mme o ne wa tlogelwa gotlhelele.

^ ser. 21 Tota le dikai di le mmalwa tsa masalela a ditshedi tsa bogologolo tse babatlisisi ba reng di supa gore ditshedi di ile tsa iphetogela ka botsone go nna tse dingwe di ka kgona go ganediwa ka gonne ga di na bosupi jo bo kgotsofatsang. Bona tsebe 22 go ya go 29 ya boroutšhara jwa setlhogo se se reng The Origin of Life—Five Questions Worth Asking, jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.