Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 1)

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 1)

Barongwa ba Gileade ba a Goroga

Ka Seetebosigo 1947, batho ba le bararo ba e leng dialogane tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade—Charles Fitzpatrick, George Richardson le Hubert Gresham—ba ne ba goroga mo Freetown. Bakaulengwe bano e ne e le bone ba ntlha mo barongweng ba le bantsi ba ba ileng ba tla.

Barongwa ba ne ba lemoga gore baboledi ba mo lefelong leo ba ne ba tlhagafaletse go rera mme ba ne ba tlhoka go thapisiwa gore ba nne barutisi ba ba nnang le matswela le go feta. (Math. 28:20) Ka jalo, barongwa ba ne ba simolola ka go ruta baboledi go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang le go tshwara dithuto tsa Baebele. Gape ba ne ba ba neela kaelo e e tlhokegang thata malebana le dipokano tsa phuthego le go rulaganya dilo go tsamaisana le puso ya Modimo. Go ne ga tshwarwa pokano ya phatlalatsa kwa Wilberforce Memorial Hall. Barongwa ba ne ba itumelela thata go bona batho ba le 450 ba tlile pokanong eo! Moragonyana barongwa ba ne ba simolola thulaganyo ya Letsatsi la Dimakasine la beke le beke. Thapiso eno e ne ya kgothatsa phuthego mme ya thusa gore go nne le koketsego mo isagweng.

Go ntse go le jalo, go ne go le thata gore barongwa ba tlwaele tlelaemete ya koo. Pego ya lekala ya 1948 ya re: “Tlelaemete ya mo Sierra Leone ga e jese diwelang. Paka ya pula e tsaya lobaka lwa dikgwedi tse thataro mo ngwageng, mme dipula di na matsorotsoro di sa kgaotse. Ka dinako dingwe pula e na dibeke di le pedi e sa kgaotse. Fa e se paka ya dipula, go mogote e bile go bongola fela thata.” Batho ba ba neng ba etetse kwa Sierra Leone ba tswa kwa Yuropa bogologolo ba ne ba bitsa naga eno ba re ke lebitla la basweu. Malaria, letshoroma le lesetlha le malwetse a mangwe a mafelo a kwa boboatsatsi a ne a atile ka tsela e e sa laolesegeng. Barongwa ba ne ba lwala ka bongwe ka bongwe mme ba tshwanelwa ke go tsamaya.

Go a utlwala go bo baboledi ba mo lefelong leno ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke ditiragalo tseno. Mme ga ba a ka ba kgobega marapo. Go tloga ka 1947 go ya go 1952, palo ya baboledi e ne ya oketsega go tloga go 38 go ya go 73. Kwa Waterloo, toropo e e gaufi le Freetown, babulatsela ba ba dirang ka natla ba ne ba thusa gore go tlhomiwe phuthego e ntšha. Go ne ga nna le ditlhopha tse disha tsa go ithuta kwa Kissy le kwa Wellington, tse bobedi jwa tsone di leng kwa dintlheng tsa Freetown. Go ne go lebega tiro ya kwa Sierra Leone e le gaufi le go gola. Ke eng se se neng se tla thusa gore e gole?

Loeto lo lo Nonotshang

Ka Ngwanatsele 1952, monna mongwe yo o katogileng monyo mme a le mosesane wa Moamerika yo o neng a ka nna dingwaga di le 30, o ne a fologa sekepe kwa Freetown mme a tsena mo motseng o o tlhanaselang. Moeng yono e bong Milton G. Henschel yo o neng a tswa kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe o ne a re: “Ke ne ka gakgamadiwa thata ke go bona toropo ya segompieno e e phepa go gaisa tse dintsi mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. . . . Mebila e e adilweng matlapa, mabenkele a a tlhanaselang, dikoloi tse disha le batho ba bantsintsi ba ya kwa le kwa.”

Mokaulengwe Henschel o ne a tsamaya ka dinao a ya kwa legaeng la barongwa la kwa Freetown le le neng le se kgakala le setlhare se se itsegeng thata sa Cotton Tree. O ne a bolelela bakaulengwe ba ba neng ba phuthegile koo gore Sierra Leone e ne e tla newa thuso e e oketsegileng. Ka Sontaga yo o latelang, batho ba le 253 ba ne ba phuthega kwa Wilberforce Memorial Hall go ya go mo utlwa a neela motseletsele wa dikitsiso tse di itumedisang: Sierra Leone e ne e tla nna le ofisi ya yone ya lekala, molebedi wa potologo le dikopano tsa potologo; go ne go tla tlhongwa phuthego e ntšha kwa Kissy; mme tiro ya go rera e ne e tla atolosiwa thata kwa diporofenseng. Bareetsi ba ne ba itumela fela thata!

Mokaulengwe Henschel o ne a re: “Ba ne ba nnela go re kusheh, lefoko le le kayang ‘go molemo!’ Bakaulengwe ba ne ba itumetse tota. Batho ba ne ba tswa mo holong ka ditlhopha mo lefifing la maitseboa, . . . mme bangwe ba ba neng ba tlile kopanong ba opela dipina.”

Morongwa mongwe yo o neng a sa tswa go goroga e bong William Nushy, o ne a tlhomiwa go okamela ofisi e ntšha ya lekala. William o ne a kile a bereka e le motho yo o abang ditaese le dikarata mo dikhasinong go ralala United States. Fa a sena go nna Mokeresete, o ne a tlogela tiro eo mme a ngaparela melaometheo e e siameng—mme seo se ne sa dira gore baboledi ba kwa Sierra Leone ba mo rate le go mo tlotla.