Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Dibidio Tsa Dipopae di Ama Batho ba ba Dipelo di Siameng

Dibidio Tsa Dipopae di Ama Batho ba ba Dipelo di Siameng

Kabo, mosimanyana yo o mo dibidiong tsa jw.org tsa Nna Tsala ya ga Jehofa, jaanong o itsege mo lefatsheng lotlhe. Bidio ya ntlha ka mosimanyana yono yo o rategang e setse e ranoletswe mo dipuong di feta 130 mme go amogetswe makwalo a le makgolokgolo a a buang ka motseletsele ono wa dibidio.

Lekwalo le le latelang le tswa kwa mosetsaneng wa dingwaga tse 11 le monnawe wa dingwaga tse 8: “Re batla go ntsha moneelo go thusa mo tirong ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Re bone madi ano ka go rua dinamane tse pedi tse di ruelwang nama re bo re di rekisa. Maina a tsone e ne e le Big Red le Earl. Re ne re batla go lo naya madi ano ka gonne re akanya gore lo ka a dirisa go dira difilimi tse dingwe tsa Nna Tsala ya ga Jehofa. Re akanya gore go tla nna monate fa Kabo a ka nna le kgaitsadie yo monnye mme Kabo a lebane le kgwetlho ya gore go se ka ga tlhola go ratiwa ene fela. Filimi ya ga Kabo ke yone e re e ratang thata!”

Bana ba le bantsi ba tshwere bidio eo yotlhe ka tlhogo, go akaretsa le pina le mafoko a moanedi tota. Kgaitsadi mongwe o ne a kwala a re phuthego ya gagwe ya baboledi ba le 100 e na le bana ba le 40, mme bontsi jwa bone ke ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome. O ne a ntse mo moleng wa boraro fa pina 120 e ne e opelwa kwa bokhutlong jwa pokano nngwe. O ne a ledisiwa ke go utlwa bana botlhe ba opela “pina ya bone” ka matlhagatlhaga tota.

Mmèmogolo mongwe yo o nang le setlogolo a re fa mosetsanyana yono a sena go lebelela bidio eo gabedi, o ne a re: “Ke tshwanetse go phepafatsa phaposi ya me gore ope a se ka a digwa ke ditshamekisi tsa me a bo a gobala.” O ne a ikaeletse go dira jalo thata jaana mo a neng a pateletsa gore a e phepafatse pele a nna fa fatshe a ja.

Kwa motseselegaeng mongwe wa Afrika Borwa, bana ba le bantsi ba ne ba tsena ba tswa mo legaeng lengwe la Basupi letsatsi le letsatsi. Bangwe ba ne ba akanya gore e ne e le ka gonne lelapa leo le kile la bo le rekisa dimonamone. Mme tota bana ba motse ba ne ba laleditswe ke bana ba bangwe gore ba tle go lebelela bidio ya dipopae ya Utlwa, Ikobe, Mme o Segofadiwe ka segabone—Sexhosa. Nako nngwe go ne go na le bana ba le 11, mme botlhe ba ne ba tshwere mafoko a pina eo ka tlhogo.

Kwa Ecuador, basimane ba babedi ba ba buang Se-Quichua ba e seng Basupi e bong Isaac wa dingwaga tse robedi le monnawe wa dingwaga tse tlhano e bong Saul, ba ne ba boloka madi a ba a fiwang letsatsi le letsatsi go reka diseneke gore ba reke ditshamekisi tsa ditlhobolo, ditšhaka le ditshwantsho tsa batho ba ba lwang. Letsatsi lengwe mmaabone o ne a ba kopa gore ba phepafatse phaposi ya bone le go tsenya ditshamekisi tsa bone tsotlhe mo lebokoseng kafa tlase ga bolao. Moragonyana, basimane bano ba ne ba newa DVD e ntšha ya Nna Tsala ya ga Jehofa e le mpho mme ba e lebelela mmogo. Morago ga beke, fa mmaabone a phepafatsa ntlo o ne a fitlhela lebokose le le kafa tlase ga bolao le se na sepe fa e se kolotsana fela. O ne a botsa bana a re, “Ditshamekisi tse dingwe di kae?” Ba ne ba araba ba re, “Jehofa ga a rate ditshamekisi tsele, ka jalo re di latlhetse mo matlakaleng.” Jaanong fa bana ba bangwe ba mo motseng ba tshameka ka ditshamekisi tse di rotloetsang thubakanyo, Isaac o ba raya a re: “Lo se ka lwa tshameka ka tsone. Jehofa ga a di rate!”

Croatia: Dipina tsa Bogosi di ama dipelo tsa bana ba rona