Tito 2:1-15
2 Le fa go ntse jalo, wena nna o bue dilo tse di tshwanelang thuto e e itekanetseng.+
2 A banna ba ba tsofetseng+ ba nne tekatekano mo mekgweng, ba dire dilo ka masisi,+ ba itekanele sentle mo mogopolong, ba itekanele mo tumelong,+ mo loratong, mo boitshokong.+
3 Ka tsela e e tshwanang a basadi ba ba tsofetseng+ ba nne le poifo ya bomodimo mo boitshwarong, e se ba ba senyang batho maina,+ le gone ba sa dirwa batlhanka ke beine e ntsi, e le ba ba rutang se se molemo;
4 gore ba tsibose makgarebe go rata banna ba bone, go rata bana ba bone,+
5 go nna ba itekanetse sentle mo mogopolong, ba itshekile,+ e le badiri kwa gae, ba le molemo, ba ipaya mo taolong+ ya banna ba bone, gore lefoko la Modimo le se ka la buiwa ka go kgojwa.+
6 Ka tsela e e tshwanang nna o rotloetse makawana go nna a itekanetse sentle mo mogopolong,+
7 mo dilong tsotlhe o ipontsha o le sekao sa ditiro tse di molemo;+ o bontsha go sa bolang+ mo thutong+ ya gago, o tsaya dilo masisi,
8 puo e e itekanetseng e e ka se kang ya bonwa molato;+ e le gore motho yo o kafa letlhakoreng le le ganetsang a tlhabiwe ke ditlhong, a se na sepe se se bosula se a ka se buang ka rona.
9 A batlhanka+ ba nne mo taolong ya beng ba bone mo dilong tsotlhe, ba bo ba ba itumedise sentle, ba sa iphetolele,+
10 ba sa utswe,+ mme ba bontsha boikanyego jo bo molemo ka botlalo,+ gore ba kgabise thuto ya Mmoloki wa rona,+ e bong Modimo, mo dilong tsotlhe.
11 Gonne bopelonomi jo bo sa re tshwanelang+ jwa Modimo jo bo tlisetsang batho ba mefuta yotlhe+ poloko+ bo bonaditswe,+
12 bo re laya gore re gane boikepo+ le dikeletso tsa selefatshe mme re tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo+ mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo,+
13 fa re sa ntse re letetse tsholofelo e e itumedisang le ponatshego e e galalelang+ ya Modimo yo mogolo le ya Mmoloki wa rona, Keresete Jesu,
14 yo o neng a ineela+ ka ntlha ya rona gore a re golole+ mo mofuteng mongwe le mongwe wa go tlhoka molao a ba a intlafaletsa+ setlhopha sa batho ba ka tsela e e kgethegileng e leng ba gagwe,+ ba ba tlhoafaletseng ditiro+ tse di molemo.
15 Nna o bue dilo tseno o bo o rotloetse e bile o kgalemela ka taolo e e feletseng ya go laola.+ A motho ope a se ka a go nyatsa+ le ka motlha ope.