Nehemia 6:1-19

6  Jaanong ga diragala gore, fela fa Sanabalate+ le Tobia+ le Gesheme+ wa Moarabia+ le baba ba bangwe botlhe ba rona ba sena go bolelelwa gore ke ne ke agile lobota sesha+ le gore go ne go sa tlogelwa phatlha epe mo go lone (le fa gone go fitlha ka nako eo ke ne ke ise ke tsenye ditswalo+ mo dikgorong),+  Sanabalate le Gesheme ba roma kwa go nna ka yone nako eo ba re: “A ko o tle, mma re kopane+ ka nako e e beelanweng mo metseng ya lebala la mokgatšha wa Ono.”+ Mme ba ne ba loga leano la go nkgobatsa.+  Ka jalo ka roma barongwa kwa go bone,+ ke re: “Tiro e ke e dirang e kgolo,+ mme ga ke kgone go fologa. Ke ka ntlha yang fa tiro e tshwanetse go ema fa ke e tlogela mme ke fologela kwa go lona?”+  Le fa go ntse jalo, ba nthomelela lefoko le le tshwanang makgetlo a le manè mme ka nna ka ba fetola ka lefoko le le tshwanang.  La bofelo Sanabalate+ a roma motlhokomedi wa gagwe kwa go nna ka lefoko le le tshwanang lekgetlo la botlhano, a tshwere lekwalo le le butsweng mo seatleng sa gagwe.  Go ne go kwadilwe jaana mo go lone: “Go utlwilwe mo ditšhabeng, le Gesheme+ o a go bua, gore wena le Bajuda lo loga leano la go tsuologa.+ Ke gone ka moo o agang lobota; e bile o nna kgosi ya bone,+ go ya ka mafoko ano.  E bile go na le baporofeti ba o ba tlhomileng gore ba tlhaeletse kaga gago go ralala Jerusalema, ba re, ‘Go na le kgosi mo Juda!’ Mme jaanong dilo tse di tshwanang le tseno di tla bolelelwa kgosi. Jaanong a ko o tle, mme re gakololane mmogo.”+  Le fa go ntse jalo, ka roma kwa go ene, ke re: “Ga go a dirwa dilo dipe tse di tshwanang le tse o di buang,+ mme o di akanya go tswa mo pelong ya gago.”+  Gonne botlhe ba ne ba leka go re boifisa, ba re: “Diatla tsa bone+ di tla repa mo tirong mo eleng gore ga e na go dirwa.” Mme jaanong nonotsha diatla tsa me.+ 10  Mme ke ne ka tsena mo ntlong ya ga Shemaia morwa Delaia morwa Mehetabele fa a ne a tswaletswe.+ Mme a re: “A re kopane ka nako e re e beelaneng+ kwa ntlong ya Modimo wa boammaaruri, mo teng ga tempele,+ mme a re tswale dikgoro tsa tempele; gonne ba tla tsena ba tla go go bolaya, le bosigo+ ba tla tsena ba tla go go bolaya.” 11  Mme ka re: “A monna yo o tshwanang le nna o tshwanetse go tshaba?+ Mme ke mang yo o tshwanang le nna yo o ka tsenang mo tempeleng mme a tshela?+ Ga ke na go tsena!” 12  Ka jalo ka tlhotlhomisa, mme bona, o ne a sa rongwa ke Modimo,+ mme o ne a buile+ boporofeti jono kgatlhanong le nna jaaka Tobia le Sanabalate+ ba ne ba mo thapile.+ 13  O ne a thapetswe lebaka leno+ gore ke tle ke boife+ mme ke dire ka tsela eo, mme ruri ke leofe+ mme ke itsiwe ka tsela e e bosula+ mo go bone, gore ba tle ba nkgobe.+ 14  Tlhe Modimo wa me, a ko o gakologelwe+ Tobia+ le Sanabalate, go ya ka ditiro tseno tsa mongwe le mongwe wa bone, le Noadia moporofeti wa mosadi+ le baporofeti ba bangwe botlhe ba ba neng ba leka go mpoifisa ka metlha. 15  La bofelo lobota+ lwa wediwa mo letsatsing la bomasome a mabedi le botlhano la Elule, mo malatsing a le masome a matlhano le bobedi. 16  Mme ga diragala gore, fela fa baba+ botlhe ba rona ba utlwa ka gone, le ditšhaba tsotlhe tse di neng di re dikologile di go bona, gone fela foo ba tlhabiwa ke ditlhong fela thata, mme ba itse gore tiro eno e ne e dirilwe e tswa kwa Modimong+ wa rona. 17  Mo metlheng eo le batlotlegi+ ba Juda ba ne ba dira makwalo a bone mantsi a a neng a ya kwa go Tobia+ le a ga Tobia a a neng a tla kwa go bone. 18  Gonne ba le bantsi kwa Juda ba ne ba ikanisitswe mo go ene, gonne e ne e le mogwe wa ga Shekania morwa Ara;+ mme Jehohanane morwawe o ne a tsere morwadie Meshulame+ morwa Berekia. 19  Gape ba ne ba bua dilo tse di molemo ka ene fa pele ga me+ ka metlha. Mme mafoko a me ba ne ba a isa kwa go ene ka metlha. Go ne go na le makwalo a Tobia a neng a a romela go mpoifisa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase