Nehemia 9:1-38
9 Mme mo letsatsing la bomasome a mabedi le bonè la kgwedi+ eno bomorwa Iseraele ba phuthega mmogo ka go itima dijo+ le ka letsela la kgetsi+ e bile ba tletse lerole.+
2 Mme losika lwa Iseraele lwa itomolola+ mo go botlhe ba e leng batswakwa,+ lwa ema lwa ipolela+ maleo+ a lone le ditlolo tsa borraabone.+
3 Go tswa foo ba nanoga kwa lefelong la bone+ mme ba balela kwa godimo buka ya molao+ wa ga Jehofa Modimo wa bone mo karolong ya bonè ya letsatsi;+ mme mo karolong e nngwe ya bonè ba ne ba ipolela+ le go ikobela Jehofa Modimo+ wa bone.
4 Mme Jeshua le Bani, Kadamiele, Shebania, Bunni, Sherebia,+ Bani le Kenani ba palama mo seraleng+ sa Balefi mme ba goela kwa go Jehofa Modimo wa bone ka lentswe le le kwa godimo.+
5 Mme Balefi e bong Jeshua le Kadamiele, Bani, Hashabeneia, Sherebia, Hodia, Shebania le Pethahia ba re: “Nanogang, bakang+ Jehofa Modimo wa lona go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.+ Mme a ba bake leina la gago le le galalelang,+ le le godiseditsweng kwa godimo ga tshegofatso yotlhe le pako.
6 “O Jehofa o le nosi;+ wena ka bowena o dirile magodimo,+ le e leng legodimo la magodimo, le masomosomo+ otlhe a one, lefatshe+ le sotlhe se se mo go lone,+ mawatle+ le sotlhe se se mo go one;+ mme o di boloka tsotlhe di tshela; e bile masomosomo+ a magodimo a a go ikobela.
7 O Jehofa Modimo wa boammaaruri, yo o neng a tlhopha Aberame+ a mo ntsha mo Ure wa Bakaladia+ mme wa dira leina la gagwe Aborahame.+
8 Mme o ne wa fitlhela pelo ya gagwe e ikanyega fa pele ga gago; + ka jalo go ne ga dirwa kgolagano+ le ene gore a newe lefatshe la Bakanana, Bahite, le Baamore le Baperise le Bajebuse le Bagiregashe, gore le newe losika lwa gagwe;+ mme wa diragatsa mafoko a gago, ka gonne o tshiamo.+
9 “Ka jalo o ne wa bona+ pogisego ya borragomogologolwane kwa Egepeto, le selelo sa bone kwa Lewatleng le Lehibidu o ne wa se utlwa.+
10 Go tswa foo o ne wa ntsha ditshupo le dikgakgamatso kgatlhanong le Faro le batlhanka botlhe ba gagwe le batho botlhe ba lefatshe la gagwe,+ gonne o ne o itse gore ba ne ba dira ka boikgodiso+ kgatlhanong le bone; mme wa itirela leina+ jaaka mo letsatsing leno.
11 Mme wa kgaoganya+ lewatle fa pele ga bone, mo e leng gore ba ne ba kgabaganya mo gare ga lewatle mo lefatsheng le le omileng;+ mme ba ba ba latelelang wa ba latlhela kwa botennyeng+ jaaka leje+ mo metsing a a nonofileng.+
12 Mme o ne wa ba etelela pele ka pilara ya leru motshegare,+ mme ka pilara ya molelo bosigo,+ go ba bonesetsa+ tsela e ba tshwanetseng go tsamaya ka yone.
13 Mme o ne wa fologa+ mo Thabeng ya Sinai wa bua le bone kwa ntle ga legodimo+ mme wa ba naya ditshwetso tse di thokgameng tsa boatlhodi+ le melao ya boammaaruri,+ melao+ e e molemo le ditaelo. +
14 Gape wa ba itsise sabata+ ya gago e e boitshepo, mme wa ba laela ditaelo le melawana le molao ka Moshe motlhanka wa gago.+
15 Mme wa ba naya senkgwe se se tswang legodimong ka ntlha ya tlala+ ya bone, wa ntsha metsi mo lefikeng ka ntlha ya lenyora+ la bone, mme o ne wa ba raya wa re ba tsene ba rue lefatshe le o neng wa tsholetsa seatla sa gago o ikana go le ba naya.+
16 “Mme bone, le borraaronamogologolwane, ba ne ba dira ka boikgodiso+ le go thatafatsa thamo+ ya bone, mme ba ne ba se ka ba reetsa ditaelo tsa gago.
17 Ka jalo ba gana go reetsa,+ mme ga ba a ka ba gakologelwa+ ditiro tsa gago tse di gakgamatsang tse o di ba diretseng, mme ba thatafatsa thamo+ ya bone ba tlhoma moeteledipele+ gore ba boele kwa bokgobeng jwa bone kwa Egepeto. Mme o Modimo wa ditiro tsa boitshwarelo,+ o pelontle+ e bile o kutlwelobotlhoko,+ o bonya go galefa+ gape o tletse+ bopelonomi jwa lorato, mme ga o a ka wa ba tlogela.+
18 Ee, fa ba ne ba itiretse sefikantswe se se thetsweng sa namane+ mme ba simolola go re, ‘Yono ke Modimo wa gago yo o go ntshitseng kwa Egepeto,’+ mme ba tswelela go dira ditiro tse dikgolo tsa go tlhoka tlotlo,
19 wena, e leng wena, mo kutlwelobotlhokong ya gago e kgolo ga o a ka wa ba tlogela+ mo nageng. Pilara ya leru ga e a ka ya tloga mo go bone motshegare go ba etelela pele mo tseleng,+ le fa e le pilara ya molelo bosigo go ba bonesetsa tsela e ba tshwanetseng go tsamaya ka yone.+
20 O ne wa ntsha moya+ wa gago o o molemo go ba dira botlhale, wa se ka wa tima melomo ya bone+ mana a gago, mme wa ba naya metsi ka ntlha ya lenyora+ la bone.
21 Mme o ne wa ba otla ka dijo mo nageng dingwaga di le masome a manè.+ Ba ne ba sa tlhaele sepe.+ Diaparo tsa bone ga di a ka tsa onala,+ le dinao tsa bone ga di a ka tsa ruruga.+
22 “Mme o ne wa ba naya magosi+ le ditšhaba le go ba kgaoganya ka ditlhopha; mo ba neng ba rua lefatshe la Sihone,+ le eleng lefatshe la kgosi ya Heshebone,+ le lefatshe la ga Oge+ kgosi ya Bashana.+
23 Mme bomorwaaabone wa ba dira bantsi jaaka dinaledi tsa magodimo.+ Mme wa ba tlisa mo lefatsheng le o neng o le solofeditse borraabonemogologolwane+ gore ba tsene ba ye go le rua.
24 Ka jalo bomorwaabone+ ba tsena ba rua lefatshe, mme wa fenya+ banni ba lefatshe fa pele ga bone, Bakanana,+ le go ba tsenya mo seatleng sa bone, le dikgosi tsa bone le ditšhaba tsa lefatshe+ leo, gore ba dire ka bone ka fa ba ratang ka teng.+
25 Mme ba thopa metse e e sireletsegileng+ le mmu+ o o nonneng le go rua matlo a a tletseng dilo tsotlhe tse di molemo,+ megobe e e epilweng,+ masimo a mofine le dikgwa tsa motlhware le ditlhare tsa dijo ka bontsi, mme ba simolola go ja le go kgotsofala+ le go nona+ le go tlhogonolofala mo molemong wa gago o mogolo.+
26 “Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhoka kutlo+ mme ba go tsuologela+ ba bo ba nna ba furalela molao+ wa gago, mme ba bolaya+ baporofeti ba gago, ba ba neng ba naya bosupi kgatlhanong le bone gore ba ba busetse kwa go wena;+ mme ba nna ba dira ditiro tsa go tlhoka tlotlo+ thata.
27 O ne wa ba tsenya mo seatleng sa baba+ ba bone ka ntlha ya seno, ba ba neng ba nna ba ba tshwenya+ thata; mme mo motlheng wa matshwenyego a bone ba ne ba goela kwa go wena,+ mme wena o ne o utlwa o le kwa magodimong;+ mme go ya ka fa kutlwelobotlhokong+ ya gago e kgolo o ne o ba naya baboloki+ ba ba neng ba ba boloka mo seatleng sa baba+ ba bone.
28 “Mme fela fa ba ikhuditse, ba ne ba dira se se bosula gape fa pele ga gago,+ mme o ne o ba tlogelela seatla sa baba ba bone, ba ba neng ba ba gataka.+ Go tswa foo ba ne ba boa ba ya go ikuela kwa go wena gore o ba thuse,+ mme o ne o ba utlwa o le kwa magodimong+ o bo o ba golola go ya ka fa kutlwelobotlhokong ya gago e kgolo, gangwe le gape.+
29 Le fa o ne o naya bosupi+ kgatlhanong le bone gore o ba busetse mo molaong+ wa gago, bone ba ne ba dira ka boikgodiso+ mme ga ba a ka ba reetsa ditaolo tsa gago; mme ba ne ba leofela+ ditshwetso tsa gago tsa boatlhodi,+ tse, fa motho a ka di dira, a tshwanetseng go tshela ka tsone.+ Mme ba nna ba bontsha botlhogoethata,+ le thamo ya bone ba e thatafatsa,+ mme ga ba a ka ba reetsa.+
30 Mme o ne wa ba itshokela ka dingwaga di le dintsi+ wa ba wa nna wa naya bosupi+ kgatlhanong le bone ka moya wa gago ka baporofeti ba gago, mme ga ba a ka ba reetsa.+ La bofelo wa ba tsenya mo seatleng sa ditšhaba tsa mafatshe.+
31 Mme mo kutlwelobotlhokong ya gago e kgolo ga o a ka wa ba fedisa+ kgotsa wa ba tlogela;+ gonne o Modimo yo o pelontle+ le yo o kutlwelobotlhoko.+
32 “Mme jaanong, tlhe Modimo wa rona, Modimo yo mogolo,+ yo o thata+ le yo o boitshegang,+ yo o bolokang kgolagano+ le bopelonomi jwa lorato,+ o se ka wa letla bothata jotlhe jo bo tletseng rona,+ dikgosi+ tsa rona, dikgosana+ tsa rona le baperesiti+ ba rona le baporofeti+ ba rona le borraaronamogologolwane+ le batho botlhe ba gago go simolola mo malatsing a dikgosi tsa Asiria go fitlha mo letsatsing leno,+ bo lebege bo le bobotlana fa pele ga gago.+
33 Mme o siame+ ka ga sotlhe se se re wetseng, gonne o dirile ka boikanyegi,+ mme ke rona ba re dirileng ka boikepo.+
34 Fa e le dikgosi tsa rona, dikgosana tsa rona le borraaronamogologolwane,+ ga ba a diragatsa molao wa gago,+ le fa e le go tlhwaela ditaelo tsa gago tsebe+ kgotsa ditshupo tsa gago tse o neng wa naya bosupi+ ka tsone kgatlhanong le bone.
35 Mme bone—mo nakong ya bogosi jwa bone+ le mo gare ga dilo tsa gago tse dintsi tse di molemo+ tse o neng wa di ba naya le mo lefatsheng le le atlhameng le le le nonneng+ le o neng wa le ba naya, ga ba a ka ba go direla+ gape ga ba a ka ba boela morago mo ditirong tsa bone tse di bosula.+
36 Bona! Gompieno re batlhanka;+ mme fa e le lefatshe le o neng wa le naya borraaronamogologolwane go ja maungo a lone le dilo tsa lone tse di molemo, bona! re batlhanka mo go lone,+
37 mme kungo ya lone e totegela+ dikgosi+ tse o di tlhomileng gore di re okamele ka ntlha ya maleo a rona,+ mme di busa mebele ya rona le diruiwa tsa rona, go ya ka fa di ratang ka teng, mme re mo matshwenyegong a magolo.+
38 “Ka jalo ka ntlha ya seno sotlhe re dira tumalano ya thulaganyo e e ikanyegang,+ ka go e kwala le ka go e netefatsa ka letshwao+ la dikgosana tsa rona, Balefi ba rona le baperesiti+ ba rona.”