Fetela kwa tshedimosetsong

Tshobokanyo ya Baebele

Tshobokanyo ya Baebele

Ga go na buka epe e e kileng ya anamisiwa jaaka Baebele e bile batho ba le bantsi ba a e rata. Mme gongwe o ipotsa gore, ‘Goreng buka eno e ratiwa thata jaana?’

Boroutšhara jwa Baebele—E na Le Molaetsa Ofe? bo na le tshobokanyo ya Baebele e e ka go thusang gore o tlhaloganye molaetsa wa yone. Boroutšhara jono bo tlhalosa lemmenyana la se se mo Baebeleng go simolola ka pego ya popo e e mo bukeng ya Genesise go fitlha ka tsholofelo e re nang le yone ka isagwe e e mo bukeng ya Tshenolo. Gape boroutšhara jono bo bontsha gore ditiragalo tsa botlhokwa tse di mo Baebeleng di diragetse leng. Mo godimo ga moo, bo na le ditshwantsho le dipotso tse di dirang gore o akanye.

Bala boroutšhara jwa Baebele—E na Le Molaetsa Ofe? mo Internet.