Fetela kwa tshedimosetsong

Dibidio Tsa Ditshwantsho

Dibidio tseno di bua ka dilo tse di amang basha mme di dirilwe gore basha ba itumelele go ithuta!

 

A ke Tlogele Sekolo?

Go kgerisiwa, go tlhobaela le go le go sa pase go ka dira gore o se ka wa itumelela sekolo. O se ka wa itlhoboga. Bona dikgakololo tsa Baebele tse di ka go thusang go atlega.

Goreng o Tlhoka go Ikanyega?

A o tlhoka go bua maaka gore o atlege? Bona gore goreng go le molemo go ikanyega.

Nna Phepa

Go nna phepa le go ithulaganya sentle go tla tlhofofaletsa wena le ba bangwe botshelo. O tla nna o itekanetse gape o tla fokotsa seterese.

Dirisa Madi Sentle

Dirisa madi a gago sentle gore a go thuse fa go le thata!

A Metshameko e Siame?

Metshameko e ka go ruta go dirisana le go bua le batho sentle. A mme e tshwanetse go nna selo se se tlang pele mo botshelong jwa gago?

Akanya Pele o Nwa

Batho ba le bantsi fa ba sena go nwa, ba dira dilo tse kwa morago ba di ikwatlhaelang. Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa feleletsa o nwa bojalwa thata?

Nka Bua Jang le Batsadi ba Me?

O ka bua jang le batsadi ba gago le fa o sa eletse go bua?

A o Fetogile Lekgoba la Thekenoloji?

Le fa re tshela mo lefatsheng la thekenoloji, ga re tlhoke go nna makgoba a yone. O ka itse jang gore o lekgoba la yone? O ka e dirisa jang ka tsela e e siameng?

Nka Dira Jang Gore Batsadi Ba me Ba Ntshepe?

O batla gore batsadi ba gago ba lemoge gore o godile mme bone ga ba akanye jalo. O ka dirang gore ba go tshepe?

Nka Dira Jang Gore ke Tlogele go Seba?

Tsaya kgato fa o utlwa batho ba simolola go seba motho yo mongwe!

A o A go Rata Kgotsa o Tseegile Maikutlo?

Ithute gore go tseega maikutlo le lorato lwa mmatota ke eng.

O se Ka wa Utlwa ka Dithaka Tsa Gago!

Dilo di le nnѐ di ka go thusa gore o nne le maatla a go itirela ditshwetso.

Dirisa Social-Network ka Botlhale

Itumelele go ikgolaganya le ditsala tsa gago mo Internet mme o nne kelotlhoko.

Tsala ya Mmatota ke Efe?

Ditsala tsa maaka di dintsi, mme o ka bona ya mmatota jang?

Fenya Mokgerisi Kwantle ga go Lwa le Ene

Ithute gore ke ka ntlha yang fa batho ba kgerisa ba bangwe le gore o ka dira eng fa o kgerisiwa.