Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

TSOGANG!

Potso: Goreng go le botlhokwa go ipaakanyetsa dikotsi tsa masetlapelo?

Temana: Dia 27:12

Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono o re bontsha se re tshwanetseng go se dira pele ga masetlapelo, ka nako ya one le morago ga one.

RUTA BOAMMAARURI

Potso: Re ka bontsha jang gore re rata Modimo?

Temana: 1Jo 5:3

Boammaaruri: Re bontsha Modimo gore re a mo rata fa re ikobela ditaelo tsa gagwe.

A TOTA BASWI BA KA TSHELA GAPE? (T-35)

Potso: Ngwaga le ngwaga batho mo lefatsheng lotlhe ba dira meletlo go gopola baswi ba bone. A batho ba ba suleng ba tla tsamaya ba tshela gape?

Temana: Dit 24:15

Fa o mo naya kgatiso: Pampitshana eno e tlhalosa kafa tsogo ya baswi e re solegelang molemo ka gone. [Fa go kgonega, tshameka bidio ya A Baswi ba Tla Tshela Gape?]

ITIRELE PUISANO

Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.