Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Rerela Batho Ba ba Sa Boneng

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Rerela Batho Ba ba Sa Boneng

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Batho ba le bantsi ba ba sa boneng ga ba phuthologe fa ba bua le batho ba ba sa ba itseng. Ka jalo, re tshwanetse go tsaya matsapa go rerela batho bano. Jehofa o kgathalela batho ba ba sa boneng. (Lef 19:14) Le rona re kgona go bontsha gore re kgathalela batho ba ba sa boneng ka go ba ruta ka Jehofa.

SE O KA SE DIRANG:

  • Batla batho ba ba sa boneng. (Mat 10:11) A o itse mongwe yo kwa ga bone go nnang le motho yo o sa boneng? A tshimo ya lona e na le batho ba ba ka ratang dikgatiso tsa batho ba ba sa boneng, gongwe e le sekolo sa ba ba sa boneng, legae le ba tlhokomelwang mo go lone kgotsa mafelo mangwe a batho ba ba sa boneng?

  • Ba bontshe gore o a ba kgathalela. Fa re le botsalano e bile re bontsha batho ba ba sa boneng gore re a ba kgathalela seno se tla dira gore ba wele makgwafo. O ka tlotla le bone ka sengwe le sengwe fela se se diregang mo tikologong ya lona

  • Ba neye dikgatiso tse di tla ba thusang gore ba ithute ka Jehofa. Phuthego ya ga Jehofa e diretse batho ba ba sa boneng sentle le ba ba sa boneng gotlhelele dikgatiso ka di-format tse di farologaneng. Mmotse gore a ka rata go ithuta jang le gore a ka rata go dirisa format efe fa a ithuta. Fa motho yo o sa boneng a sena go tlhalosa gore o batla kgatiso ka format efe, molebedi wa tirelo o tshwanetse go netefatsa gore mokaulengwe yo o ikarabelelang ka dikgatiso o otara yone format eo