BOTSHELO JWA BOKERESETE

Popo e re Ruta Eng ka go Nna Pelokgale?

Popo e re Ruta Eng ka go Nna Pelokgale?

Jehofa o dirisa dikai tsa banna le basadi ba ba mo Baebeleng go re bontsha gore re ka etsa dinonofo tsa gagwe jang. Gape, Jehofa o dirisa popo go re ruta ka dinonofo tsa gagwe. (Job 12:7, 8) Tau, pitse, mosha, hummingbird le tlou di ka re ruta eng ka go nna pelokgale?

LEBANG BIDIO YA ITHUTENG BOPELOKGALE MO DILONG TSE JEHOFA A DI BOPILENG LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ditau tse di namagadi di bontsha jang bopelokgale fa di sireletsa bana ba tsone?

  • Dipitse tsa ntwa di rutiwa jang go nna pelokgale kwa ntweng?

  • Goreng mesha e sa tshabe dinoga tse di botlhole?

  • Di-hummingbird di bontsha jang gore di pelokgale?

  • Motlhape wa ditlou o sireletsana jang?

  • Diphologolo tseno di re ruta eng ka go nna pelokgale?