Ke Tla Leta
Itseele:
1. Ga ke sa tlhole ke na le maatla
Gonne ke tsofetse; ke mo ditlhabing.
Mme gone, ke tla leta.
Ke swetswe ke baratiwa ba me.
Fa ke ba gopola, ke’a hutsafala.
Mme gone, ke tla leta.
(KHORASE)
’Tshelo bo tla nna monate kwa Paradaiseng.
Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa; go rena kagiso.
Ke tla leta.
Baswi ba tla bo ba tsosiwa.
Sello, khutsafalo di seyo
E bile batho botlhe ba dira thato ya Jah.
Ke tla leta.
2. Se se diragalang se bontsha gore
’Fatshe le lesha le gaufi thata.
Ka jalo, ke tla leta.
Le fa maemo a le boima,
Ke leka go’itumedisa Modimo
Fa ke ntse ke letile.
(KHORASE))
’Tshelo bo tla nna monate kwa Paradaiseng.
Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa; go rena kagiso.
Ke tla leta.
Baswi ba tla bo ba tsosiwa.
Sello, khutsafalo di seyo
E bile batho botlhe ba dira thato ya Jah.
Ke tla leta.
(BRIDGE)
Tota le fa gone nka swa ’khutlo bo’ise bo tle,
Ga ke belaele gore Jah o tla ntsosa.
(KHORASE)
’Tshelo bo tla nna monate kwa Paradaiseng.
Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa; go rena kagiso.
Ke tla leta.
Baswi ba tla bo ba tsosiwa.
Sello, khutsafalo di seyo
E bile batho botlhe ba dira thato ya Jah.
Nako eo e gaufi.
Ke tla leta.

