Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 34

Go Tsamaya ka Bothokgami

Go Tsamaya ka Bothokgami

(Pesalema 26)

  1. 1. Ntlhatlhobe tlhe wena Modimo’a me

    Gore a ka metlha ke nna ke thokgame.

    Nkele tlhoko o nne o ntekole;

    Ntlafatsa pelo’a me mme o ntshegofatse.

    (KHORASE)

    Fa e le nna, Ke’ikemiseditse

    Go nna ke thokgame ka dinako tsotlhe.

  2. 2. Ga ke rate batho ba ba tsietsang.

    Ke tlhoile go dula le ba ba go nyatsang.

    Fa’o fedisa badirabosula,

    A ko’o mpoloke tlhe Modimo Jehofa.

    (KHORASE)

    Fa e le nna, Ke’ikemiseditse

    Go nna ke thokgame ka dinako tsotlhe.

  3. 3. Ke rata go nna mo ntlong ya gago.

    Go tla kobamelong e e itshekileng.

    Ke tla go baka ka metlha yotlhe,

    Leina la gago, ke le’itsise botlhe.

    (KHORASE)

    Fa e le nna, Ke’ikemiseditse

    Go nna ke thokgame ka dinako tsotlhe.

(Bona le Pes. 25:2.)