TORA YA TEBELO February 2013 | Se re Se Ithutang mo go Moshe
Ela tlhoko dinonofo tse tharo tse di molemo tse Moshe a neng a di bontsha le se re ka ithutang sone mo sekaong sa gagwe.
SETLHOGO SA KA FA NTLE
Moshe E ne E le Mang?
Monna yono yo o ikanyegang o tlotliwa thata ke Bakeresete, Bajuda, Bamoseleme le batho ba bangwe. O itse eng ka ene?
SETLHOGO SA KA FA NTLE
Moshe—Monna yo o Nang le Tumelo
Moshe o ne a na le tumelo e e nonofileng ka gonne o ne a ikaegile ka ditsholofetso tsa Modimo. O ka nna jang le tumelo e e tshwanang le ya gagwe?
SETLHOGO SA KA FA NTLE
Moshe—Monna yo o Boikokobetso
Ba le bantsi ba tsaya boikokobetso e le go nna bokoa. Modimo o leba jang nonofo eno? Moshe o ile a bontsha jang boikokobetso?
SETLHOGO SA KA FA NTLE
Moshe—Monna yo o Nang le Lorato
Moshe o ne a bontsha gore o rata Modimo le Baiseraele ka ene. Re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe?
ATAMALANA LE MODIMO
“Ke Modimo . . . wa Batshedi”
Modimo o na le maatla a go fedisa loso ka tsogo. Tsholofetso eo e boammaaruri go le kana kang?
BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO
“Ba ne Ba Batla Gore ke Iponele Boammaaruri”
Luis Alifonso o ne a batla go nna morongwa wa Mo-Mormon. Go ithuta Baebele go ile ga fetola jang mekgele ya gagwe le botshelo jwa gagwe?
DITSELA TSA GO BONA BOITUMELO MO LELAPENG
Fa Ngwana wa Lona A na Le Bokoa mo Mmeleng
Ela tlhoko dikgwetlho di le tharo tse o ka nnang le tsone le kafa botlhale jo bo mo Baebeleng bo ka thusang ka teng.
“Efangele ya ga Judase” ke Eng?
A e kwadilwe ke Judase, morutwa yo o okileng Jesu? A go tshwanetse ga ama tsela e re tlhaloganyang Bokeresete ka yone?
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Fa e le gore Modimo o bopile dilo tsotlhe, a a ka tswa a bopile Diabolo? Sekaseka gore Baebele ya reng.
Tse Dingwe
Karata ya Baebele ya Esau
Esau o ne a bontsha jang gore ga a anaanele dilo tse di boitshepo? Printa karata eno ya Baebele mme o bone.
A o Tla Nna Kutlwelobotlhoko?
Dira dipatlisiso tse di oketsegileng mo setshwantshong sa Mosamarea yo o molemo mme o bone dilo tse o ka di ithutang.

