Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Botlhe ba ba Ipitsang Bakeresete ke Bakeresete Tota?

A Botlhe ba ba Ipitsang Bakeresete ke Bakeresete Tota?

A Botlhe ba ba Ipitsang Bakeresete ke Bakeresete Tota?

GO NA le Bakeresete ba le kae? Go ya ka Atlas of Global Christianity, ka 2010 go ne go na le ba ka nna dibilione di le 2,3 mo lefatsheng lotlhe. Mme buka eno gape e bontsha gore Bakeresete bao ba tsena dikereke tse di fetang 41 000—nngwe le nngwe e na le dithuto tsa yone le melao ya yone ya boitsholo. Go a utlwala go bo batho bangwe ba iphitlhela ba tlhakane tlhogo kgotsa ba swabile ka go bo go na le madumedi a mantsintsi jalo a a ipitsang a Bokeresete. Ba ka nna ba ipotsa jaana, ‘A botlhe ba ba ipitsang Bakeresete ke Bakeresete tota?’

A re sekaseke kgang eno ka go dirisa sekai sengwe. Gantsi motho yo o tsereng mosepele o tshwanelwa ke go tlhalosetsa badiredi ba kwa melelwaneng gore ke moagi wa naga efe. Gape o tshwanetse go supa gore se a se buang se boammaaruri ka go tlhagisa lekwalo lengwe le le supang gore ke mang, le le jaaka lekwalo la mosepele. Go ntse fela jalo le ka Mokeresete wa boammaaruri, ga a tshwanela go bua fela gore o dumela mo go Keresete. O tshwanetse go nna le sengwe se se supang seo. Seo e ka nna eng?

Lefoko “Mokeresete” le ne la simolola go dirisiwa nako nngwe morago ga 44 C.E. Mokwadi wa ditiragalo tsa Baebele e bong Luke o ne a bega jaana: “E ne e le mo Antioka kwa barutwa ba neng ba bidiwa Bakeresete la ntlha gone ka kaelo ya bomodimo.” (Ditiro 11:26) Ela tlhoko gore batho bao ba ba neng ba bidiwa Bakeresete e ne e le barutwa ba ga Keresete. Ke eng se se bontshang gore motho ke morutwa wa ga Jesu Keresete? The New International Dictionary of New Testament Theology e tlhalosa jaana: “Go nna morutwa wa ga Jesu go kaya gore [motho] o mo latela . . . botshelo jwa gagwe jotlhe.” Ka jalo, Mokeresete wa boammaaruri ke motho yo o latelang dithuto le ditaelo tsa ga Jesu, Mothei wa Bokeresete, a dira jalo ka botlalo le mo maemong otlhe.

A go na le batho ba ba ntseng jalo mo bathong ba bantsi ba ba ipitsang Bakeresete gompieno? Jesu ene o ne a re balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba ka lemogiwa ka eng? Ela tlhoko kafa Baebele e arabang dipotso tseno ka teng. Mo ditlhogong tse di latelang, re tla sekaseka dipolelo tse tlhano tse Jesu a di buileng tse di tlhaolang balatedi ba gagwe ba boammaaruri le tse di ka re thusang go ba lemoga. Re tla sekaseka kafa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba bontsha ka teng gore ba na le matshwao ano a a tlhaolang barutwa ba boammaaruri. Gape re tla leka go bona gore mo bathong ba bantsi ba ba ipolelang gore ke Bakeresete gompieno, ke bomang ba ba dirang seo.