TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG October 2014

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tse di tla ithutiwang ka Sedimonthole 1 go ya go 28, 2014.

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Taiwan

Basupi ba ga Jehofa ba feta 100 ba fudugile gore ba ye go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya bareri ba Bogosi gone. Itumelele go bala ka maitemogelo a bone le go utlwa ka se se ba thusitseng gore ba atlege.

Nna le Tumelo E e Sa Reketleng mo Bogosing

Jehofa o ne a dirisa dikgolagano tse thataro go tlhomamisa gore Bogosi jwa gagwe bo tla diragatsa se a se ikaeletseng. Dikgolagano tseno di ka re thusa jang go nonotsha tumelo ya rona?

Lo Tla Nna “Bogosi Jwa Baperesiti”

Dikgolagano tsa bofelo tse tharo mo go tse thataro di ka re tlhotlheletsa gore re ikanye Bogosi jwa Modimo le go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo ka jone.

PEGO YA BOTSHELO

Ditiragalo Tsa Botlhokwa mo Tirelong Ya me Ya Bogosi

Mildred Olson o diretse Jehofa ka dingwaga di feta 75 go akaretsa dingwaga di ka nna 29 e le morongwa kwa El Salvador. Ke eng se se dirang gore a nne a le matlhagatlhaga le fa a tsofetse?

Anaanela Tshiamelo ya Gago ya go Dira le Jehofa!

Ke eng se se tlhotlheletsang batho ba ba direlang Jehofa go beela kwa thoko dilo tse ba di kgatlhegelang?

“Bolokang Megopolo ya Lona e Tsepame mo Dilong Tse di Kwa Godimo”

Ke ka ntlha yang fa batho ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba ka tsepamisa megopolo ya bone mo dilong tse di kwa legodimong? Ba ka dira seo jang?