TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG August 2014

Mo makasineng ono go na le ditlhogo tsa thuto tsa kgwedi ya Lwetse 29 go ya go Diphalane 26, 2014.

A o Amogela ‘Dijo ka Nako e e Tshwanetseng’?

A motho o tshwanetse go nna le tshedimosetso yotlhe e motlhanka yo o boikanyego a re nayang yone gore a nne a nonofile semoyeng?

Seabe sa Basadi ke Sefe mo Boikaelelong Jwa ga Jehofa?

Ithute kafa go tsuologela Modimo go ileng ga ama banna le basadi ka teng. Sekaseka maitemogelo a basadi bangwe ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng. Gape bona kafa basadi ba Bakeresete ba nnang le seabe ka teng mo tirong ya Modimo gompieno.

Dirisa Lefoko la Modimo—Le a Tshela!

Basupi ba ga Jehofa botlhe ba batla go atlega mo bodireding. Ela tlhoko dikakantsho dingwe tsa kafa re ka dirisang Lefoko la Modimo le le maatla le dipampitshana ka teng go tlotla le batho.

Kafa Jehofa a re Atamelang ka Teng

Re tshwanetse go nna le kamano e e gaufi le Jehofa. Ithute kafa thekololo le Baebele di re nayang bosupi ka gone gore Jehofa o dira gore re mo atamele.

Utlwa Lentswe la ga Jehofa Gongwe le Gongwe Kwa o Leng Gone

Ithute kafa go leng botlhokwa ka teng go reetsa lentswe la ga Jehofa le go buisana le ene. Setlhogo seno se tla re thusa go bona kafa re ka tilang ka gone go letla Satane le dikeletso tsa rona tsa boleo go re itaya tsebe gore re se ka ra reetsa Jehofa.

‘Boa Mme o Nonotshe Bakaulengwe ba Gago’

Fa mokaulengwe e kile ya bo e le mogolwane mme a sa tlhole a na le tshiamelo eo, a a ka kgona go ‘kgaratlhela go nna molebedi’ gape?

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa Jesu a ne a re batho ba ba tsositsweng “ga ba nyale le gone ga ba neelwe nyalong,” a o ne a bua ka tsogo ya mo lefatsheng?

GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

“Eureka Drama” e Thusitse ba le Bantsi go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele

Kgatiso eno e e khutswafaditsweng ya “Photo-Drama of Creation” e ne e ka kgona go bontshiwa kwa mafelong a a kgakala, go sa dirisiwe motlakase.