Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota e Kwadilwe ke Josephus?

A Tota e Kwadilwe ke Josephus?

Rahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus o ne a kwala ka loso lwa ga “Jakobe, morwarraagwe Jesu yo o neng a bidiwa Keresete,” mo Bukeng ya gagwe ya bo XX ya Jewish Antiquities. Bakanoki ba le bantsi ba akanya gore tota Josephus o ne a kwala tshedimosetso eno. Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ba belaela tshedimosetso e nngwe e e malebana le Jesu e go akanngwang gore le yone e kwadilwe ke Josephus. Karolo e e bidiwang Testimonium Flavianum ya re:

“Mo nakong eo go ne go na le monna mongwe yo o bidiwang Jesu, e ne e le motho yo o botlhale, fa e le gore go siame gore re re ke motho, o ne a dira ditiro tse di molemo—batho ba le bantsi ba ne ba itumelela go mo utlwa a ruta. O ne a gogela Bajuda le Baditšhaba ba le bantsi kwa go ene. E ne e le Keresete; mme fa banna ba bagolo ba ne ba akantsha gore Pilato a mo pege mo sefapaanong, batho ba ba neng ba mo rata ga ba a ka ba mo latlha, ka gonne o ne a bonala mo go bone a tshela gape mo letsatsing la boraro, fela jaaka baporofeti ba Modimo ba ne ba boleletse pele ka seno le ka dilo tse dingwe tse di diketekete tse di kgatlhang malebana le ene; mme le gompieno go sa ntse go na le Bakeresete ba ba ipitsang ka leina la gagwe.”—Josephus—The Complete Works, e e ranotsweng ke William Whiston.

Fa e sa le go tloga kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo16 la dingwaga, go ntse go tsogile kgang ya moruthutha magareng ga batho ba ba dumelang gore tota Josephus ke ene a kwadileng mafoko ao, le ba ba ganetsang seo. Mokwalahisitori wa Mofora yo gape e leng mankge wa dibuka tsa bogologolo e bong Serge Bardet, o ne a batla tsela ya go rarabolola kgang eno ya moruthutha e e ntseng e tsweletse mo makgolong a le manè a dingwaga. O ne a kwala dipatlisiso tsa gagwe mo bukeng e e bidiwang Le Testimonium Flavianum—Examen historique considérations historiographiques (The Testimonium Flavianum—A Historical Study With Historical Considerations).

Josephus e ne e se mokwadi wa Mokeresete. E ne e le mokwalahisitori wa Mojuda; ke gone ka moo go ileng ga tsoga kgang ya moruthutha malebana le gore a o ne a bitsa Jesu a re ke “Keresete.” Fa Bardet a sena go sekaseka kgang eno, o ne a swetsa ka gore sereto seno se tsamaisana le tsela e Bagerika ba kwalang maina a batho ka yone. Gape Bardet o ne a tlhalosa gore fa re leba dilo go ya ka tsela e batho ba ba nang le tumelo ya Bojuda le Bokeresete ba di lebang ka yone, “ga se gore go ne go sa kgonege gore Josephus a dirise lereo Christos,” mme gone, ntlha eno e re thusa go lemoga gore “batshwayadiphoso ba ile ba dira phoso e kgolo ya go itlhokomolosa dintlha dingwe.”

A e ka tswa e le gore go na le mokwadi mongwe yo moragonyana a ileng a itsenyetsa dintlha tsa gagwe, mme a etsa tsela ya ga Josephus ya go kwala? Bardet o ne a dirisa bosupi jo bo kwadilweng le jwa hisitori go dira tshwetso ya gore go ne go ka se kgonege gore motho a ka etsa yo mongwe ka tsela eo. Le fa motho a ne a ka nna le bokgoni jo bogolo go le kana kang jwa go etsa motho, go ne go ka se kgonege gore a etse tsela e e tlhomologileng thata ya go kwala ya ga Josephus.

Ka jalo, ke ka ntlha yang fa bakanoki bangwe ba belaela gore Josephus ke ene a kwadileng mafoko ano? Fa Bardet a ne a lemoga gore bothata ke eng, o ne a tlhalosa gore “go farologana le dibuka tse dingwe tse dintsi tsa bogologolo, dipelaelo tse di leng gone malebana le Testimonium, di bakilwe ke gore batho bangwe ba ne ba botsa dipotso malebana le mokwadi wa yone.” O tswelela ka go tlhalosa gore lebaka la konokono la go bo bakanoki bano ba ganetsa kgang eno ke ka ntlha ya mabaka a bone a a sa siamang, e seng ka go bo ba ile ba tlhatlhoba kgang eno sentle.

Ga re tlhomamisege gore dipatlisiso tsa ga Bardet di tla dira gore bakanoki bano ba fetole mogopolo ka Testimonium Flavianum. Pierre Geoltrain yo e leng mankge yo o itsegeng wa tumelo ya Segerika le Sejuda le Bokeresete jwa bogologolo, o ne a tlhatswega pelo fa a sena go bala dipatlisiso tsa ga Bardet. O ne a sa bolo go dumela gore Testimonium e okeditswe e bile o ne a dira metlae ka batho ba ba dumelang gore e kwadilwe ke Josephus. Le fa go ntse jalo, o ne a fetola mogopolo. O ne a re dipatlisiso tsa ga Bardet ke tsone di dirileng gore a fetole mogopolo. Geoltrain o ne a re, “ka jalo ga go ope yo o tshwanetseng go belaela gore Josephus ke ene a kwadileng mokwalo ono.”

Boammaaruri ke gore Basupi ba ga Jehofa ba na le lebaka le le utlwalang le go feta la go dumela gore Jesu ke Keresete—lebaka leo le fitlhelwa mo Baebeleng.—2 Tim. 3:16.