Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Boifa Isagwe?

A o Boifa Isagwe?

A o Boifa Isagwe?

POIFO e tla ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, batho bangwe ba boifa se se tla diragalelang lefatshe mo nakong e e tlang. Makasine wa Time wa April 3, 2006 wa re: “Go lebega tlelaemete ya lefatshe lotlhe e senyega tota ka ntlha ya mogote o o boitshegang, ditsuatsue le merwalela, melelo le go nyerologa ga dikgapetla tse dikgolo.”

Ka May 2002, United Nations Environment Programme [Lephata la Tsa Tikologo la Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng] e ne ya ntsha pego e e neng e na le setlhogo se se reng “Boemo Jwa Tikologo mo Lefatsheng Lotlhe-3.” Pego eno e ne e kopantswe ke batho ba feta 1 000. Go ya ka pego nngwe ya dikgang, pego eno e ne e re: “Lefatshe lotlhe le fitlhile mo boemong jwa makgaolakgang jaaka dilo tse di dirilweng gompieno di ama thata dikgwa, mawatle, dinoka, dithaba, diphologolo tsa naga le tsela e ditshedi di dirisanang ka yone le tikologo ya tsone, e leng dilo tse dikokomana tsa gone jaanong le tsa mo isagweng di ikaegileng ka tsone.”

Boemo jwa tikologo gone jaana mo lefatsheng lotlhe bo a tlhobaetsa. Batho mo lefatsheng lotlhe jaanong ba tshelela mo poifong ya ditlhaselo tsa dirukutlhi. Mothusa motsamaisi wa lephata la polokesego la kwa Canada a re: “Re tlhobaela boroko re tshwenyegile ka matshosetsi a re sa itseng gore a tla direga leng le gone jang.” Tota le gone fela go lebelela dikgang tsa maitseboa mo thelebisheneng go ka baka tlhobaelo!

Bagolo ba bantsi ba ba dirang ka natla ba tshoga gore ba tla latlhegelwa ke ditiro. Go fokodiwa ga badiri kwa ditirong, go tswalwa ga madirelo, kgaisano kwa ditirong le dilo di le dintsi tse di batliwang ke bathapi di ka dira gore motho a tlhobaele gore a o tla nna a ntse a na le tiro. Basha ba tshaba go sa amogelwe ke balekane ba bone. Bana ba babotlana ba ka nna ba tshwenngwa ke go akanya gore batsadi ba bone ga ba ba rate. Mme ba ikutlwa jang ka maemo a a mo lefatsheng? Mmè mongwe yo o tshwenyegileng a re: “Mo baneng ba ba se nang maitemogelo, lefatshe le le kwa ntle ga magae a bone ka dinako tse dingwe le tshwanetse la bo le tshwana le lefelo le legolo le le tshosang.” Mme batsadi ba bantsi ba tshwenyegile ka tsela e go senyega ga boitsholo mo lefatsheng go amang ka teng baratiwa ba bone, segolobogolo bana ba bone.

Gantsi batsofe ba boifa go wa mo ditepising kana go tlhaselwa fa ba tsamaya mo mmileng. Ee, “ba ile ba boifa se se kwa godimo fela, mme go na le letshogo mo tseleng.” (Moreri 12:5) Ba bangwe ba boifa go tshwarwa ke bolwetse jo bo masisi. Dipego tsa dibaerase tse di bolayang tsa foluu, dikankere, le malwetse a a tshelanwang di ka dira gore re tshabe go tshwarwa ke bolwetse jo re sa bo itseng le jo bo sa tlwaelegang jo bo ka re golafatsang kana jwa re bolaya rona le ba malapa a rona. Fa re bona batho ba ba itekanetseng ba ba matlhagatlhaga ba simolola go lwala ba bo ba nna bokoa, re a tshwenyega gore le rona kana baratiwa ba rona re ka diragalelwa ke selo se se tshwanang. Mme go utlwisa botlhoko tota go leba motho yo o lwalang mo matlhong mme o bo o bona gore o feletswe ke tsholofelo gotlhelele!

Ka gonne go na le dilo tsa mefuta e e farologaneng tse di re boifisang, a re na le lebaka lepe le le utlwalang la go nna le tsholofelo ka isagwe? A go na le sengwe se se ka re thusang go nna re na le tsholofelo? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

© Jeroen Oerlemans/Panos Pictures