Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Atlega ke Eng?

Tsela ya go Atlega ke Eng?

Tsela ya go Atlega ke Eng?

MAKAWANA a mabedi a a tlhagafetseng a ne a ntse a rulaganya kgato ka kgato motšhine o o lebegang ka tsela e e sa tlwaelegang gore ba lekeletse sengwe se se botlhokwa ka one. Ka tshoganyetso fela, phefo e e tsubutlang e ne ya tsubula motšhine o o sa nonofang ono, ya o dikolosa mo moyeng mme ya o phatlakanya fa fatshe ka modumo o mogolo. Banna bano ba ne ba ema ka tidimalo ba kgobegile marapo. Tiro ya bone ya bonatla, e ba e dirileng ka matsetseleko e ne e setse e le mokoa o o tshopaganyeng wa legong le tshipi.

Mo go Orville le Wilbur Wright, se se neng sa diragala ka letsatsi leo la October ka 1900 e ne e se poelomorago ya ntlha e e neng ya ba kgoba marapo fa ba ne ba leka go dira sefofane se se boimanyana. Ba ne ba setse ba dirisitse dingwaga tse dintsi le madi a mantsintsi ba lekeletsa.

Le fa go ntse jalo, kgabagare go itshoka ga bone go ile ga nna le matswela. Ka December 17, 1903, kwa Kitty Hawk, kwa North Carolina, kwa U.S.A., basimane booraWright ba ile ba kgona go fofisa sefofane sa ntlha se se tsamayang ka enjene se se neng sa fofa metsotswana e le 12—e leng lobaka lo lokhutshwane thata fa lo bapisiwa le lobaka lo lo tsamaiwang ke difofane gone jaanong mme lo ne lo lekane sentle go fetola lefatshe goyagoile!

Go atlega mo dilong tse dintsi go ikaegile thata ka go itshoka ka bopelotelele. E ka tswa e le go ithuta puo e ntšha, go ithuta tiro kana go simolola botsala le mongwe, bontsi jwa dilo tse di botlhokwa di ka kgona go fitlhelelwa fela ka gore motho a nne a ntse a dira maiteko. Mokwadi Charles Templeton o bolela jaana: “Mo makgetlong a le robongwe mo go a le lesome, katlego e nna teng ka ntlha ya selo se le sengwe fela: go dira ka natla.” Mokwalakgang e bong Leonard Pitts, Jr., o bolela jaana: “Re bua ka bokgoni, re dumela gore go na le lesego, mme gantsi re itlhokomolosa dilo tse di leng botlhokwa thata. Tiro ya bonatla le diphoso tse dintsi. Go bereka diura tse ditelele.”

Se se tiisa se Baebele e ileng ya se bolela bogologolo: “Seatla sa motlhoafadi se tlaa busa.” (Diane 12:24) Go dira ka natla go raya gore re itshoke mo maitekong a rona. Seno se botlhokwa fa e le gore re batla go fitlhelela se re ikaeletseng go se dira. Boitshoko ke eng? Re ka itshoka jang gore re fitlhelele mekgele ya rona mme re tshwanetse ra itshokela eng? Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

U.S. National Archives photo