Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A LEFATSHE LE TLHAKATLHAKANE?

A Lefatshe le Tlhakatlhakane?

A Lefatshe le Tlhakatlhakane?

FA NGWAGA wa 2017 o simologa, baitsesaense ba ne ba bua kgang e e hutsafatsang. Ka January, ba ne ba re lefatshe le gaufi le go lebana le tshenyego e kgolo go gaisa. Baitsesaense ba ne ba bontsha gore lefatshe leno le gaufi le go senyega ka go isa Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego ya tshwantshetso kwa pele ka metsotswana e le 30. Baitsesaense ba dirile gore tshupanako ya bone ya tshwantshetso e bontshe gore Letsatsi la Tshenyego le a go tla metsotso e le mebedi le halofo pele bosigogare. Seo se bontsha gore letsatsi leo le atametse thata go gaisa dingwaga di le 60 tse di fetileng.

Gape baitsesaense ba batla gore ka 2018 ba dire dipatlisiso go bona gore bokhutlo jwa lefatshe bo atametse go le kae. A ka nako eo, tshupanako ya bone e tla bo e sa ntse e bontsha gore tshenyego e gaufi e bile e tla nna maatla go feta jaaka go solofetswe? Wena o akanya eng? A lefatshe le tlhakatlhakane? O ka tswa o palelwa ke go araba potso eo. Tota e bile, le batho ba ba reng ba a itse ga ba dumalane ka kgang eno. Ga se batho botlhe ba ba dumelang gore letsatsi leno le le setlhogo le tla tla.

Batho ba le bantsi ba dumela gore go tla nna le bokamoso jo bo itumedisang. Ba re ba na le bosupi jwa gore batho le polanete ya rona ga di kitla di senngwa le gore botshelo jwa rona bo tla tokafala. A seo se boammaaruri? A lefatshe le tlhakatlhakane?