Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letlhoo le ka Fela!

Letlhoo le ka Fela!

A o kile wa tlhoiwa ke mongwe?

Fa e le gore ga o ise o tlhoiwe ke ope, gongwe o kile wa bona batho ba itaana ka noga e tshela. Gantsi mo dikgannyeng re utlwa ka batho ba ba tlhoileng ba bangwe ka gonne ba tswa kwa nageng e sele, e le ba lotso lo sele kgotsa ka gonne ba ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Ka ntlha ya seo, dipuso di le dintsi di dirile melao ya gore fa o ka dira motho yo mongwe sengwe ka gonne o mo tlhoile, o otlhaiwe.

Batho ba gantsi ba tlhoilweng ba feleletsa ba tlhoa ba bangwe ba bo ba ipusolosetsa ka go ba dira dilo tse di bosula mme seo se dira gore letlhoo le se ka la fela.

Gongwe o mongwe wa batho ba ba kileng ba tlhaolwa, ba kgojwa ka mafoko le go tshosediwa. Letlhoo le dira gore batho ba dire ba bangwe dilo tse di bosula jaaka go ba kgokgontsha, go ba kgerisa, go ba senyetsa, go ba tlhasela, go ba betelela, go ba lwantsha tota le go ba bolaya.

Mo makasineng ono re tla araba dipotso tse di latelang:

  • Goreng go na le letlhoo le le kana kana?

  • Re ka dira eng gore batho ba se ka ba tlhola ba tlhoana?

  • A go tla nna le nako e batho ba tla bong ba sa tlhole ba tlhoana ka yone?