TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG August 2017

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa September 25 go ya go October 22, 2017.

A o Iketleeleditse go Leta ka Bopelotelele?

Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba bogologolo ba ile ba botsa gore ba tshwanetse go itshokela diteko lobaka lo lo kae, mme Modimo ga a ka a ba otlhaela seo.

‘Kagiso ya Modimo e Gaisa Kakanyo Yotlhe’

A o kile wa ipotsa gore ke eng fa Modimo a letleletse gore go direge diteko dingwe tse o neng o sa di lebelela mo botshelong? Fa go ntse jalo, ke eng se se ka go thusang gore o itshoke mme o tlhomamisegile gore Jehofa o tla go thusa?

PEGO YA BOTSHELO

Go Itshokela Diteko go Tlisa Masego

Ke eng fa batho ba ba neng ba fudusediwa kwa Siberia ba ne ba botsa ka dikgomo le fa gone ba ne ba batla dinku? Karabo ya potso eo e ka bonwa mo kgannyeng ya botshelo ya ga Pavel le Maria Sivulsky.

Re ka Apola Jang Botho jo Bogologolo Le go Bo Latlha?

Go apola botho jo bogologolo go farologana thata le go bo latlha. Re ka kgona jang go di dira tsoopedi go sa kgathalesege gore re ne re dira dilo tse di maswe go le kana kang?

Go Apara Botho jo Bosha le go Tswelela re bo Apere

Jehofa a ka go thusa gore o nne motho yo a batlang gore o nne ene. Akanya ka ditsela tse o ka bontshang bopelontle, bopelonomi, boikokobetso le bonolo.

Lorato—Nonofo e e Molemo

Baebele e tlhalosa sentle gore lorato lo nna gone ka ntlha ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Mme gone, lorato ke eng? O ka nna le lone jang? O ka lo bontsha jang letsatsi le letsatsi?

GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

“Re a Go Nna le Kopano e Nngwe Leng Gape?”

Ke eng se se neng sa dira gore kopano e e neng e tshwerwe kwa Mexico City ka 1932 e tlhomologe thata jaana?

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Goreng pego ya botshelo jwa ga Jesu le tatelano ya losika lwa gagwe e e mo go Mathaio e farologane le e e mo go Luke?