Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

United States

Letsatsi le letsatsi batho ba feta 20 ba e kileng ya bo e le masole a kwa United States ba a ipolaya. Kgwedi le kgwedi, batho ba ka nna 950 ba e kileng ya bo e le masole ba ba tlhokometsweng ke Lefapha la Veterans Affairs la kwa United States ba leka go ipolaya.

China

Lokwalodikgang lwa China Daily lwa re: “Mo e ka nnang halofo ya basadi ba ba tswang mo gae ba ya go bereka go sele ba ba kwa tlase ga dingwaga di le 30 ba ile ba ima pele ga lenyalo, e leng koketsego e kgolo ya bommè [ba kwa China] ba ba imang ba sa nyalwa fa e bapisiwa le kokomana e e fetileng.” Mme gape go bolelwa gore batho ba kwa China “jaanong ba letlelela gore . . . batho ba nne mmogo ba sa nyalana.”

Gerika

Naga ya Gerika e tlhaselwa gape ke bolwetse jwa malaria, jo bo neng jwa batla bo fedisiwa kwa nageng eo ka 1974. Seno se bakilwe ke mathata a tsa ikonomi le go fokodiwa ga madi a a dirisediwang go thusa setšhaba ka tsa kalafi.

India

Patlisiso nngwe e bontsha gore le fa setšhaba sa India se nnile le diphetogo ka bonako, diperesente di le 74 tsa batho ba ba neng ba botsolodiwa ba bontshitse gore ba sa ntse ba rata manyalo a a rulagantsweng ke bagolo go na le a batho ba ba kopaneng ka gonne ba ratana. Palo e e kwa godimo ya diperesente di le 89 gape e rata go nna le ba masika mo gae go na le go nna mo lelapeng le mo go lone go nnang batsadi le bana fela.

Italy

“Kereke [ya Katoliki] e a koafala kwa kontinenteng e e humileng ya Yuropa le kwa Amerika. Tsela e dilo di neng di dirwa ka yone e feletswe ke nako, dikereke tsa rona di dikgolo, matlo a rona a baitlami ke matlotla le tsela e dilo di tsamaisiwang ka yone ga e tlhole e dira sentle, meetlo le diaparo tsa baruti ba rona di tletse boitlotlomatso. . . . Kereke e saletse kwa morago ka dingwaga di le 200.”—Potsolotso ya fa go ne go botsolodiwa mokadinale wa Mokatoliki e bong Carlo Maria Martini mme ya gatisiwa ke lokwalodikgang lwa Corriere della Sera morago ga loso lwa gagwe.