Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Seno se se Emelang Mexico

Seno se se Emelang Mexico

Seno se se Emelang Mexico

● Fa bafenyi ba Ba-Spain ba goroga kwa Mexico mo masimologong a lekgolo la bo16 la dingwaga, ba ne ba leka seno sa koo se se bidiwang pulque, se se dirilweng ka matute a a bedisitsweng a semela sa agave. Fela jaaka biri, pulque ga e na setagi se sentsi. Gape e na le diporoteine tsa merogo, dikhabohaetereite, dibitamine le diminerale, ka jalo kwa mafelong a mantsi e dirisiwa go thusa ka dikotla.

E re ka Ba-Spain ba tlwaetse go nwa dinotagi fa ba ja dijo tsa bone, go ise go ye kae ba ne ba simolola go gotetsa matute a semela sa agave go dira sengwe se se bogalenyana se se bidiwang mescal. Mme yone e ne ya nna se gompieno re se bitsang tequila. Gompieno go na le mafelo a le mantsi a go dirwang tequila kwa go one kwa Mexico mme a dira dilitara tse di fetang dimilione di le 189 ka ngwaga, tse diperesente di le 40 tsa tsone di romelwang kwa dinageng tse dingwe.

Masimo a semela sa blue agave, semela se se bolokang metsi se e leng losika lwa lelomo la lily, se jalwa kwa mafelong a a omeletseng a a kwa dithabeng tsa bogarebophirima jwa Mexico, segolobogolo kwa kgaolong ya Jalisco gaufi le toropo ya Tequila, e senō seno se reeletsweng ka yone. * Dimela tsa agave di tsaya dingwaga di le 12 go gola mme fa di ntse di gola di monya diminerale tse dintsi. Fa semela seno se rojwa, matlhare a sone a a motsu a a kgaolwa mme go tlogelwa karolo e e ka fa gare e e bidiwang piña e e bopegileng jaaka peinapole. Gantsi e boima jwa dikilogerama di le 50 mme e na le matute a a botshe. Go tlhokega mo e ka nnang dikilogerama di le supa tsa di-piña tsa agave go dira litara e le nngwe ya tequila.

Ba-Mexico ba le bantsi ba itumelela go nwa tequila e e sa tswakanngwang le sepe ka letswai le surunamune. Batswakwa ba tlwaetse thata margarita, seno sa tequila se se tswakantsweng le matute a surunamune le bojalwa jo bo nang le moutlwalo wa namune, e e nowang ka aese e thubilweng mo galaseng e e tshasitsweng letswai mo molomong. * E re ka e rekisiwa mo dinageng tse di ka nnang 90, go a tshwanela go bo tequila e bidiwa seno se se emelang Mexico kwa dinageng tse dingwe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Mo mefuteng e le 136 ya semela sa agave sa kwa Mexico, e le mmalwa ya yone e dirisiwa go dira pulque le dinotagi tse dingwe. Mme ke blue agave fela e e dirisediwang go dira tequila.

^ ser. 5 Baebele ga e kgale go nwa bojalwa ka tekatekano. (Pesalema 104:15; 1 Timotheo 5:23) Le fa go ntse jalo, Baebele e kgala go nwa ka tsela e e feteletseng le botagwa.—1 Bakorintha 6:9, 10; Tito 2:3.