Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Lekwalo le le tswang kwa go Mopapa Benedict XVI le bolela jaana: “Go bonala go tlhokega thata . . . gore Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ntšhafadiwe le ditheo tsa ikonomi le dithulaganyo tsa ditšhabatšhaba tsa madi, gore kgang ya gore go na le lelapa la ditšhabatšhaba e nne le meno a mmatota.”—L’OSSERVATORE ROMANO; mafoko a a sekameng ke a bone.

“Motho mongwe le mongwe wa boraro wa kwa Ukraine o goga mo e ka nnang pakete ya disekerete ka letsatsi.”—EXPRESS, UKRAINE.

Kwa United States, diperesente di le 44 tsa basimane ba dingwaga tsa bolesome ba go dirilweng dipatlisiso mo go bone ba ile ba bolela gore ba “kile ba bona setshwantsho se le sengwe sa mosetsana yo o sa aparang yo ba tsenang le ene mo tlelaseng mo Internet kgotsa mo founong ya selula.”—TIME, U.S.A.

“Phitlhelelo E e Sa Itumediseng”

Associated Press e bolela gore ntwa, leuba, go sa iketlang ga dipolotiki, ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dijo le lehuma di dirile gore batho ba fete selekanyo sa “phitlhelelo e e sa itumediseng.” Gone jaanong batho ba lefatshe ba ba bolawang ke tlala ba setse ba fetile bilione e le nngwe. Go ya ka Josette Sheeran wa Thulaganyo ya Dijo Tsa Lefatshe ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, “lefatshe le le bolawang ke tlala ke lefatshe le le kotsi. . . . Fa batho ba se na dijo, ba na le dilo tseno tse tharo fela tse ba ka tlhophang go di dira: Ba tsosa dikhuduego, ba a fuduga kgotsa ba a swa. Ga go na epe ya dilo tseno e e amogelesegang.” Mo godimo ga moo, palo ya batho ba ba bolawang ke tlala e gola ka bonako go feta ya baagi ba lefatshe. Tota le mo dinageng tse di tlhabologileng, palo ya batho ba ba sa fepiweng sentle e oketsegile ka diperesente di le 15,4.

Go Bala ka Nako ya go Robala go Mosola

Fa batsadi ba balela bana ba bone ka nako ya go robala, ba dira se se fetang go ba kunkuretsa gore ba robale. Babatlisisi ba bolela gore seno se tokafatsa bokgoni jwa bana jwa puo, bokgoni jwa bone jwa go itshikinya mmele ka go ba ruta go tshwara le go bula dibuka mme e bile go tokafatsa ditlhaloganyo tsa bone. Lokwalodikgang lwa The Guardian lwa re: “Le fa go ntse jalo, se se botlhokwa le go feta, . . . ke gore go balela kwa godimo ke nako ya fa ngwana le motsadi ba reetsana le go bontshana lorato. Seno se dira gore go bala e nne selo se se itumedisang.” Mme go ya ka Porofesa Barry Zuckerman, yo o neng a eteletse patlisiso eo pele, “kgabagare bana ba ithuta go rata go bala ka gonne ba bala le mongwe yo ba mo ratang.”

Dikgomo Tse di Kgotsofetseng, Mashi a a Oketsegileng

Baitsesaense ba kwa Newcastle University, kwa Engelane ba re: “Kgomo e e nang le leina e ntsha mashi a a oketsegileng go na le e e se nang leina.” Tota e bile, go tsaya kgomo nngwe le nngwe ka tsela e e tlhomologileng go ka oketsa mashi a yone ka dilitara tse di ka nnang 250 ka ngwaga. Ka ntlha yang? Dr. Catherine Douglas wa yunibesithi ya School of Agriculture, Food and Rural Development a re: “Fela jaaka batho ba tsiboga botoka fa ba amiwa, dikgomo le tsone di itumela thata e bile di ritibala le go feta fa nngwe le nngwe ya tsone e neelwa tlhokomelo.” O tlhalosa jaana: “Se patlisiso ya rona e se bontshang ke se balemirui ba le bantsi ba ba molemo, ba ba amegang ba sa bolong go se dumela. Ka go tsaya kgomo nngwe le nngwe e le botlhokwa, jaaka go bitsa kgomo ka leina la yone kgotsa ka go nna le kamano thata le phologolo eno fa e ntse e gola, ga re tokafatse fela boitekanelo jwa yone mme gape re tokafatsa tsela e e lebang batho ka yone e bile go tla oketsa mashi a e a ntshang.”