Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Mo sebakeng sa dikgwedi di le 15, go fitlhetswe masea a a sa tswang go tsalwa a le 82 a latlhilwe mo mebileng ya Mexico City, a le 27 a one a sule.—EL UNIVERSAL, MEXICO.

Fa go ne go dirwa dipatlisiso mo magageng mo dirapeng tse pedi tsa diphologolo kwa California, U.S.A., go ne ga fitlhelwa gore go na le mefuta e mesha e le 27 ya diphologolo e go neng go sa itsiwe ka yone. Joel Despain, yo e leng mankge mo dipatlisisong tse di amanang le magaga wa National Park Service, a re: “Seno se bontsha fela gore go na le dilo di le dintsi jang tse re sa di itseng ka lefatshe le le re dikologileng.”—SMITHSONIAN, U.S.A.

Diperesente di le 20 tsa batho ba lefatshe ga ba na metsi a a siametseng go ka nowa. Diperesente di le 40 tsone ga di na thulaganyo e e siameng ya go latlha leswe.—MILENIO, MEXICO.

Magodu a diphologolo a bolaya diphologolo di le magareng ga 20 000 le 30 000 ngwaga le ngwaga kwa Serengeti National Park e le yosi fela.—THE DAILY NEWS, TANZANIA.

Dipatlisiso tse di neng tsa dirwa kwa Barcelona, kwa Spain, di bontshitse gore moithuti a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 3 ba dingwaga tse 16 o goga motokwane ka metlha.—LA VANGUARDIA, SPAIN.

Megare mo Ofising

Setlhopha sa bomankge ba ba dirang dipatlisiso ka ditshedinyana tse dinnye ba kwa Yunibesithing ya Arizona se ne sa batlisisa go bona gore go na le megare e le kana kang mo diofising kwa ditoropong di le mmalwa kwa United States. Ba ne ba fitlhela gore “mafelo a le matlhano a a tletseng thata ka megare e ne e le (ka tatelano ya one) difouno, bogodimo jwa teseke, matshwaro a dithepe tsa metsi, matshwaro a setswalo sa microwave, le keyboard ya khomputara,” go rialo lokwalodikgang lwa Globe and Mail. Go ya ka pego eno, “bogodimo jwa teseke bo na le megare e mentsi go menagane ga 100 go feta tafole ya mo kitšhining, e bile bo na le megare e mentsi go menagane ga 400 go feta megare e e fitlhelwang mo setulong sa ntlwana ya boithomelo.”

“Bakeresete ka Molomo Fela”

Ditlhaketlhake tsa Philippine go ntse go buiwa ka tsone e le tsone fela naga ya Asia e batho ba yone ba ipitsang Bakeresete. Le fa go ntse jalo, Bishopo Efraim Tendero wa Lekgotla la Dikereke la Ditlhaketlhake Tsa Philippine o ne a re: “Bontsi jwa rona re Bakeresete ka molomo fela, e seng ka ditiro.” Jaaka fa go tlhalosiwa mo Manila Bulletin, gareng ga tse dingwe molato ke wa baeteledipele ba dikereke, ba ba sa kgoneng “go thusa batho go itse se Baebele e se rutang le go se anaanela.” Go tlhalosiwa gore dingwe tsa dithero tsa kwa kerekeng di bua thata ka dipolotiki go na le go bua ka Dikwalo.

Batho le Diphologolo ba Lwela Dijo

“Dipego tse di buang ka ditshwene le diphiri di tlhasela batho mo Somalia e e padimotsweng ke komelelo di nna dintsi,” go rialo lokwalodikgang lwa kwa Nairobi lwa The East African. Nako nngwe fa go ne go lwelwa metsi go ne ga feleletsa go sule ditshwene di le mmalwa mme beng bangwe ba maruo ba gobetse. Go tlhalosiwa gore setlhopha sengwe sa dikgatla se ema mo “mafelong a a rileng mo dikhutlong tsa ditsela kgotsa mo maborogong” gore di tlhasele dilori tse di rweleng dilo go di isa kwa marekisetsong. Lokwalodikgang lono lo oketsa ka gore: “Ke selo se se tlwaelegileng go bona diphologolo di tswa di tshaba di tshwere dipanana tse dintsintsi kgotsa magapu [a magolo].”

Dikepe di Fetola Maemo a Bosa mo Mabopong

Lokwalodikgang lwa Jeremane lwa Kölner Stadt-Anzeiger lo bega gore pharakano ya dikepe mo ditseleng tse di tlhanaselang tsa mo metsing e kgona go fetola maemo a bosa mo mabopong. Babatlisisi kwa Max Planck Institute for Meteorology (setheo se se dirang dipatlisiso ka maemo a loapi), kwa Hamburg, ba ne ba sekaseka tsela e maru a bopegang ka yone mo karolong ya lewatle e e kgaoganyang Engelane le France. Ba ne ba fitlhela gore maru a a mo mafatsheng a a mo mabopong ga a tlhole a kitlane thata, mme a a mo dinokeng one a simolola go kitlana thata. Go tlhalosiwa gore seno se bakwa ke mosi o o tswang mo dipeiping tsa dikepe. Go dumelwa gore mosidi o o ntshiwang ke dikepe tseno ke one o bakang phokafalo, o dira gore go nne le marothodi a mannye a mantsi a metsi. Lokwalodikgang lono lo bolela jaana: “Mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, selekanyo se dikepe di dirisang lookwane ka sone se oketsegile go feta ganè.”