Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala?

“Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o tshela botshelo jo bokhutshwane mme bo tletse mahutsana.”—JOBE 14:1, THE JERUSALEM BIBLE.

GONGWE o ka tswa o akanya gore dilo tsotlhe tse di tshelang di tshwanetse tsa onala. Dikoloi le dilo tsa go phepafatsa tse di dirisiwang letsatsi le letsatsi kgabagare di a robega. Go motlhofo go tsaya gore diphologolo le tsone di a tsofala di bo di swa. Mme porofesa mongwe wa thutodiphologolo e bong Steven Austad o tlhalosa jaana: “Ditshedi di farologana fela thata le metšhini. Selo sengwe se se botlhokwa se ditshedi di farologanang le metšhini ka sone ke gore tsone di kgona go e intšhafatsa.”

Tsela e mmele o e intšhafatsang ka yone fa o sena go gobala e gakgamatsa e le tota, mme dikgato tse di diregang tsa go e intšhafatsa ga one di gakgamatsa fela thata. Ka sekai, akanya ka marapo a gago. Makasine wa Scientific American o tlhalosa jaana: “Fa o lebile lerapo kafa ntle fela, le lebega le sa tshele gotlhelele. Mme lerapo leo ke togwa e e tshelang e e nnang e onala mme e tla e intšhafatsa mo botshelong jotlhe jwa motho yo o godileng. Marapo otlhe mo mmeleng wa motho a feleletsa a intšhafaditse otlhe fela mo dingwageng dingwe le dingwe di le lesome.” Dikarolo tse dingwe tsa mmele tsone di e intšhafatsa ka bonako le go feta. Disele dingwe tsa letlalo, tsa sebete le tsa mala tsone di ka tseelwa sebaka ke tse dingwe letsatsi le letsatsi. Motsotswana mongwe le mongwe, mmele wa gago o tlhagisa disele tse disha di le dimilione di le 25 gore di emisetse tse di onetseng. Fa tiragalo eno e ka bo e sa direge mo mmeleng wa gago mme dikarolo tsotlhe tsa mmele wa gago di ka bo di sa intšhafatse kgotsa di sa emisediwe ka tse dingwe, o ne o tla tsofala o sa ntse o le ngwana.

Fa baitse ba thutotshelo ba ne ba simolola go ithuta ka dimolekhule tse di leng mo teng ga disele, ba ne ba gakgamadiwa thata ke go bona gore disele tsa mmele wa rona ga di onale. Fa disele tsa gago di emisediwa ke tse dingwe, sele nngwe le nngwe e ntšha e tshwanetse gore e nne le DNA e e tshwanang kgo le ya sele e e senyegileng, gore e nne le bontsi jwa tshedimosetso e e tlhokegang go ntšhafatsa mmele otlhe wa gago. Akanya fela gore DNA e ile ya tlhagisiwa bosha makgetlho a le mantsintsi jang mo mmeleng wa gago, e seng fela mo lobakeng lotlhe lwa botshelo jwa gago mme go simolola ka nako ya fa botshelo bo ne bo simolola go nna teng! Go tlhaloganya kafa tiragalo eno e gakgamatsang ka gone, akanya fela gore go ne go tla direga eng fa o dirisa motšhini o o dirang difotokhopi go dira khopi ya pampiri nngwe, morago ga moo o bo o tsaya khopi e o fetsang go e dira o bo o dira khopi e nngwe gape ka yone. Fa o ka tswelela o dira dikhopi tse dingwe ka tse o fetsang go di dira, dikhopi tse o di dirang di tlile go nna di tshetlha di bo di feleletsa di sa tlhole di kgona go balega. Se se itumedisang ke gore DNA ya rona e e tlhagisiwang gantsintsi jaaka dikhopi tseno yone ga e onale fa disele tsa rona di ntse di ikoketsa gantsintsi. Ka ntlha yang? Ka gonne disele tsa rona di na le ditsela di le dintsi tsa go baakanya diphoso tse di nnang gone fa DNA ya rona e ntšhafadiwa gangwe le gape. Fa go ka bo go sa nna jalo, batho ba ka bo ba sa bolo go nyelela!

E re ka dikarolo tsotlhe tsa mmele wa rona—go simolola ka tse dikgolo go fitlha ka dimolekhule tse dinnye—di kgona go nna di ntse di emisediwa ka tse dingwe kgotsa go e intšhafatsa, go onala ga tsone ga go re neye karabo e e kgotsofatsang ya gore ke ka ntlha yang fa re tsofala. Dikarolo di le dintsi tsa mmele wa rona di fetsa masomesome a dingwaga di ntse di e intšhafatsa kgotsa di emisediwa ka tse disha, nngwe le nngwe ka tsela ya yone le ka nako ya yone. Jaanong potso ke gore, ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe dikarolo tsa mmele wa rona di kgaotsa go bereka tsotlhe fela ka nako e le nngwe?

A re Diretswe go Tsofala?

Ke ka ntlha yang fa katse ya mo gae e tshela dingwaga di le 20 mme katse ya kwa nageng e e lekanang le yone e e bidiwang opossum yone e tshela dingwaga di le tharo fela? * Ke ka ntlha yang fa mmamathwane a kgona go tshela dingwaga di le 20 kgotsa di le 30 mme peba yone e tshela dingwaga di le nnè fela? Ke ka ntlha yang fa khudu e kgolo e tshela dingwaga di le 150 mme tlou yone di le 70 fela? Go fetafetana ga ditshedi tseno ka boleele jwa botshelo ga go a ikaega ka dilo tse di tshwanang le gore di ja eng, di na le boima jo bo kana kang jwa mmele, gore boboko jwa tsone bo bogolo go le go kae kgotsa gore di tshela di le mo lobelong go le kana kang. Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Dijini tsa setshedi sengwe le sengwe di na le tshedimosetso e e bontshang gore se ka kgona fela go tshela dingwaga di le kae.” Jaanong fa setshedi seo se le gaufi le go swa, ke eng se se dirang gore dikarolo tsotlhe tsa mmele wa sone di tlogele go bereka?

Moitse mongwe wa thutotshelo yo o ithutang ka dimolekhule, e bong Dr. John Medina o kwala jaana: “Go bonala e kete go na le matshwao mangwe a a raraaneng a a simololang go iponatsa nako nngwe mo botshelong a a bolelelang disele tsa motho yo o godileng gore di tlogele go dira tiro ya tsone.” Gape a re: “Go na le dijini tse di kgonang go bolelela disele, tota le mmele otlhe, gore o tsofale o bo o swe.”

Mmele wa rona o ka tshwantshiwa le khampani e kgwebo ya yone e ntseng e atlega ka masomesome a dingwaga. Ka tshoganyetso fela, balaodi ba yone ba tlogela go hira batho ba basha le go ba thapisa, ba tlogela go baakanya metšhini le go ntsha ya bogologolo ba sa tsenye e mesha, gape ba tlogela go tlhokomela dikago tsa bone le go di tlhabolola. Go ise go ye kae, kgwebo e tla simolola go phutlhama. Mme ke ka ntlha yang fa balaodi bao botlhe ba ile ba fetola melao ya khampani e e neng e atlega? Potso eo e tshwana fela le e baitse bangwe ba thutotshelo ba ba batlisisang ka go tsofala ga batho ba ipotsang yone. Buka ya setlhogo se se reng The Clock of Ages ya re: “Fa go dirwa patlisiso ka botsofe, selo se se akabatsang thata ke go leka go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa disele di tlogela go e intšhafatsa mme di bo di swa.”

A Botsofe bo ka Alafiwa?

Botsofe bo ile jwa bidiwa gore ke “bothata jo bo raraaneng go a gaisa otlhe mo dilong tsa thutotshelo.” Morago ga go dira maiteko a a seng kana ka sepe ka dingwagangwaga, baitsesaense ga ba ise ba kgone go bona gore ke eng se se dirang gore motho a tsofale, e bile ga ba ise ba kgone go bona le kalafi ya gone. Ka 2004, makasine wa Scientific American o ne wa ntsha tlhagiso e e neng ya dirwa ke baitsesaense ba le 51 ba ba dirang dipatlisiso ka go tsofala ga batho. O ne wa re: “Ga go na molemo ope gotlhelele o o rekisiwang gone jaanong o o ka dirang gore motho a se ka a tsofala ka bonako, o o ka dirang gore a se ka a tsofala gotlhelele kgotsa o o ka dirang gore a boele gape mo nakong ya gagwe ya bosha.” Le mororo go ja sentle le go itshidila mmele go ka nna ga tokafatsa botsogo le go fokotsa dikotsi tsa go swa pele ga nako ka ntlha ya malwetse mangwe, ga go ise go bonwe molemo ope o o ka dirang gore motho a se ka a tsofala ka bonako. Tshwetso eno e ba ileng ba e fitlhelela e re gakolola mafoko a ga Jesu a a mo Baebeleng, a a reng: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?”—Mathaio 6:27.

Medina o kwala jaana a sobokanya kgatelopele e e dirilweng mo maitekong a go batla molemo o o ka alafang botsofe: “Sa ntlha, ga re itse gore ke ka ntlha yang fa re tsofala. . . . Morago ga go tswa letsholo la go fedisa kankere mo dingwageng tse di fetileng, ga re ise re bone kalafi ya yone. Mme se se bakang botsofe sone se raraane go feta se se bakang kankere.”

Dipatlisiso di Felela ka Tshwetso e e Botlhokwa Thata

Go dira dipatlisiso ka tsela e mmele wa ditshedi o dirang ka yone le gore ke ka ntlha yang fa di tsofala ga go re tlogele re se na tsholofelo ya gore re ka kgona go tshela lobaka lo loleele. Bangwe ba ile ba fitlhela gore patlisiso e ba e dirileng, e dirile gore ba tle mo tshwetsong nngwe e e botlhokwa e ba ka se kang ba e itlhokomolosa e e ba thusang go tlhaloganya lebaka la go bo re tsofala. Michael Behe, yo o ithutang ka dimolekhule, o kwala jaana: “Mo dingwageng di feta masome a manè tse di fetileng, thuto ya segompieno ya tsela e dikhemikale di dirang ka yone mo mmeleng wa motho e dirile gore re nne le kitso nngwe e re kileng ra bo re se na yone ka disele. . . . Maiteko a a seng kana ka sepe ano a go batlisisa gore disele di bereka jang—go batlisisa gore dimolekhule tse di mo mmeleng wa motho di bereka jang—a re bontsha kwantle ga pelaelo epe gore ditshedi tseno di ‘bopilwe!’” Go na le motho mongwe yo o botlhale yo o bopileng dilo tse di tshelang. Gone boammaaruri ke gore Behe ga se ene wa ntlha go tla ka tshwetso eo. Mopesalema wa bogologolo o ne a kwala jaana fa a sena go tlhatlhanya ka tsela e mmele wa motho o bopilweng ka yone: “Ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.”—Pesalema 139:14.

Fa e le gore dilo tsotlhe tse di tshelang di bopilwe ke mongwe, he go tsoga potso e e botlhokwa thata, e e reng, A Modimo, e leng Mmopi yo Mogolo, o dirile gore lobaka lwa botshelo jwa batho lo lekane le lwa bontsi jwa diphologolo, kgotsa a o batla gore re tshele lobaka go gaisa diphologolo?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Katse ya naga e e bidiwang opossum ke katse ya losika loora kankaruu e e fitlhelwang kwa Amerika Bokone.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

‘Re dirilwe ka tsela e e gakgamatsang’

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

A re tsofatswa ke go onala ga disele tsa mmele wa rona?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]

DNA: Photo: www.comstock.com