Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Puso ya Spain e dirisa madi a a ka dirang halofo ya peresente ya madi a lekgetho go thusa mokgatlho mongwe wa dithuso kgotsa go thusa mokgatlho mongwe wa kereke ya Katoliki, go ikaegile ka gore motho yo o duelang lekgetho a re madi ao a newe bomang. Le mororo diperesente di le 80 tsa batho ba kwa Spain di ipolela gore ke Bakatoliki, ke diperesente di le 20 fela tsa bone ba ba ileng ba tlhopha gore madi ao a newe kereke.—EL PAÍS, SPAIN

“Fa motho yo o nang le dingwaga di le 30 a goga, dingwaga tsa botshelo jwa gagwe di fokotsega ka di le 5 1⁄2 mme tsa mosadi tsone ka di le 6 1⁄2 ,” go ya ka thulaganyo ya botshelo e e kwadilweng ke Setheo sa Inshorense se se Balang Dingwaga Tsa Batho Tsa Botshelo. Le fa go ntse jalo, fa motho yo o nang le dingwaga di le 30 a tlogela go goga motsoko, seno se ka mo sireletsa gore a se ka a bolawa ke malwetse a a bakwang ke go goga.—THE TIMES, ENGLAND.

Mo ngwageng wa 2004, selekanyo sa oli e e dirisiwang mo lefatsheng lotlhe se ne sa tlhatloga ka diperesente di le 3,4 go nna dibarele di le dimilione di le 82,4 ka letsatsi. Mo e batlang e nna halofo ya koketsego eno e dirisiwa ke United States le China mme gone jaanong jaana, United States e dirisa dibarele tsa oli di le dimilione di le 20,5 fa China yone e dirisa di le dimilione di le 6,6.—“VITAL SIGNS 2005,” WORLDWATCH INSTITUTE

“Anaanela Mmè wa Gago”

Batho ba ba batlisisang ka maemo a ditiro ba fopholetsa gore, kwa Canada, fa mmè yo o nang le bana ba babedi ba ba tsenang sekolo a ne a ka duelelwa tiro yotlhe e a e dirang, madi a a neng a tla a amogela ka ngwaga, go akaretsa le a go bereka diura tse di okeditsweng, a ne a tla fitlha go diranta di le 883 162. Lekwalodikgang la Vancouver Sun la re madi ano a badilwe go ya ka madi a gantsi a amogelwang ke badiri fa ba bereka “diura di le 100 ka beke, tse mo go tsone ba fetsang malatsi a le marataro ba bereka diura di le 15 letsatsi lengwe le lengwe, le diura di le 10 letsatsi le le lengwe.” Dingwe tsa ditiro tse bommamalapa ba di dirang di akaretsa go tlhokomela bana, go ba ruta, go ba kgweetsa, go phepafatsa ntlo, go apaya, go oka bolwetse le go baakanya dilo tsa ntlo tse di senyegileng. Lekwalodikgang leno le gakolola jaana: “Anaanela mmè wa gago: Go ka direga gore ga a duelwe madi a a lekaneng.”

Basha ga ba Itse Sentle Gore Boitsholo jo bo Siameng ke Bofe

Basha ba kwa Finland “ba itlhamela tsela ya bone fela ya go tshela,” go bolela jalo lekwalodikgang la University of Jyväskylä, kwa Finland. Lekwalodikgang leno la re go tlwaelegile gore gompieno jaana, “ba tlhophe mole le mole se ba batlang go se dumela, jaaka e kete ba tlhopha dilo mo lebenkeleng.” Diphelelo tsa se ba se dirang di thulana le se tota ba neng ba se batla. Ka sekai, basha ba dumela gore go botlhokwa go abelana dikhumo le ba bangwe ka go lekalekana; le fa go ntse jalo, “ba nna le seabe mo go gaisaneng le ba bangwe ka tsela e e se nang boithibo.”

Kotsi ya go Tshwaediwa ke Twatsi ya Prion ka go Tshelwa Madi

Bosheng jaana, metswedi ya dikgang e ne ya bolela gore Mokgatlho wa Boitekanelo wa Fora le wa Tshireletsego ya Melemo ya Kalafi o ne wa tlhalosa gore ga e tlhole e le kgang ya gore go ka direga gore motho a tshwaediwe ke tatswi eno mme go a direga gore twatsi eno e fetisediwe mo mothong ka go tshelwa madi. Megare eno ke dimolekhule tse go dumelwang gore di baka bolwetse jwa Creutzfeldt-Jakob mo bathong. Bolwetse jo bo kotsi jono jo bo se nang kalafi, jo bo senyang ditshika tse dikgolo tsa mmele ke bolwetse jo bo tshwanang le jwa botsenwa jo bo tshwarang dikgomo, ke fela gore bone bo tshwara batho. Fa batho ba babedi kwa Boritane ba sena go tsenwa ke bolwetse jono, go ne ga lemogiwa gore tota bo kotsi go feta kafa go neng go akantswe ka gone. Ga go na tsela e e ka ikanngwang ya go lemoga bolwetse jono pele ga bo ka ya go bonwa ke ngaka bo setse bo tsene mo mothong.

Go Eletsa go Nna le Mmele o Mosesane

Patlisiso nngwe e bontsha gore “basetsanyana ba ba nang le dingwaga di le tlhano ga ba rate mebele ya bone, mme ba eletsa e kete ba ka bo ba le basesane,” go bega jalo The Sydney Morning Herald. Pego eno e nopola patlisiso e e neng ya dirwa mo basetsanyaneng ba kwa Australia ba ba nang le dingwaga di le tlhano go ya go di le robedi. Mo e batlang e nna halofo ya bone ba ne ba eletsa go nna le mebele e mesesane, mme halofo e nngwe ya bone ba ne ba re “ba tla itima dijo fa ba ka nona.” Mmatlisisi mongwe o ne a tlhalosa gore go nna le mathata ka tsela e ba lebegang ka yone “go ka nna ga dira gore ba simolole go inyatsa, ba tshwenyege thata mo maikutlong le gore ba nne le mathata a go ja moragonyana mo botshelong.”