Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Nna le tsholofelo Tota go ka Ama Botshelo Jwa Gago?

A go Nna le tsholofelo Tota go ka Ama Botshelo Jwa Gago?

A go Nna le tsholofelo Tota go ka Ama Botshelo Jwa Gago?

DANIEL o ne a na le dingwaga di le lesome fela, mme o ne a feditse ngwaga a lwantsha bolwetse jwa kankere. Dingaka tsa gagwe di ne di feletswe ke tsholofelo, tota le bangwe ba ba neng ba tlwaelane thata le mosimane yono, ba ne ba itlhobogile. Le fa go ntse jalo, Daniel ga a ka a felelwa ke tsholofelo. O ne a dumela gore o tla gola mme a nne mmatlisisi a bo a thusa go batla kalafi ya kankere letsatsi lengwe. Sengwe se se neng sa dira gore a nne le tsholofelo thata ke go itse gore o ne a tlile go etelwa ke ngaka nngwe e e neng e le mankge mo go alafeng mofuta wa kankere e e neng e mo tshwere. Le fa go ntse jalo, fa letsatsi leo le goroga, ngaka eno e ne ya patelesega go ba bolelela gore ga e na go kgona go tla ka ntlha ya maemo a a sa itumediseng a bosa. Daniel o ne a simolola go kgobega marapo. E ne e le la ntlha a ikutlwa a nyemile moko jalo. O ne a swa malatsi a se kae fela morago ga moo.

Kgang eno ya ga Daniel e ne ya anelwa ke modiredi mongwe wa tsa boitekanelo yo o neng a dira dipatlisiso malebana le kafa go nna le tsholofelo le go sa nne le yone go amang botsogo jwa motho ka gone. O ka tswa o ile wa utlwa ka dipego tse di tshwanang le tseno. Ka sekai, motho yo o godileng, o gaufi le go swa mme o tlhoafaletse go bona sengwe se a sa bolong go se letela lobaka—e ka ne e le go etelwa ke mongwe yo a mo ratang kgotsa go keteka letsatsi lengwe la segopotso. Fa letsatsi leo le fitlha le bo le feta, go ise go ye kae o a swa. Ke eng se se dirang gore go nne jalo? A tota tsholofelo e maatla jaaka bangwe ba akanya?

Palo e e ntseng e oketsega ya babatlisisi ba tsa kalafi ba bolela gore go nna le tsholofelo le boikutlo jo bo siameng ka isagwe eleruri go ama botshelo le botsogo jwa motho ka tsela e e molemo tota. Mme go na le bangwe ba ba sa dumalaneng le dikgopolo tse di ntseng jalo. Babatlisisi bangwe ga ba tseye dikgopolo tseo tsia mme ba re ke ditlhamane fela tse di sa tsamaisaneng le saense. Ba akanya gore malwetse a bakwa fela ke dilo tse di ka bonwang.

Gone ke boammaaruri gore batho ga ba simolole gompieno go nna le dipelaelo ka botlhokwa jwa go nna le tsholofelo. Dingwaga di le dikete di le dintsi tse di fetileng, rafilosofi wa Mogerika e bong Aristotle o ne a kopiwa gore a tlhalose se tsholofelo e leng sone, mme o ne a re: “Ke toro ya motho a sa robala.” Mme bosheng jaana, radipolotiki mongwe wa kwa Amerika e bong Benjamin Franklin o ne a bolela jaana a sotla: “Motho yo o tshelang ka tsholofelo o tla bolawa ke tlala.”

Jaanong he, boammaaruri ke bofe ka kgang ya go nna le tsholofelo? A ka metlha ke tsela e batho ba batlang kgomotso ka yone ka go ijesa dijo tsa ditoro fela? Kgotsa a go na le lebaka le le utlwalang la go akanya gore tsholofelo ke sengwe se se fetang seo—sengwe se rotlhe re se tlhokang gore re nne le botsogo jo bo molemo le boitumelo, sengwe se se nang le mabaka a a utlwalang le melemo ya mmatota?