Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Megare Eo e E sa Ineeleng e Boang e Tlhasela Gape ka Gone

Kafa Megare Eo e E sa Ineeleng e Boang e Tlhasela Gape ka Gone

Kafa Megare Eo e E sa Ineeleng e Boang e Tlhasela Gape ka Gone

GO BONALA dibaerase, dibakateria, di-protozoa, di-fungus le megare e mengwe e sa bolo go nna teng go tloga fa botshelo bo simologa mo lefatsheng. Bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go tlwaelana le maemo a a farologaneng jwa megare eno, e e leng ditshedinyana tse dinnye go gaisa tsotlhe, bo ile jwa dira gore e kgone go tshela mo mafelong a go se nang setshedi sepe se sengwe se se ka tshelang mo go one. E fitlhelwa mo meseleng e e mo boalong jwa lewatle e e pumpunyegang ka metsi a a molelo mmogo le mo metsing a a tsididitsididi a Arctic. Jaanong megare eno e palela le dilo tse di di gaisang tsotlhe tse di diretsweng go e fedisa—dibolayamegare.

Dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, megare mengwe e ne e itsiwe e baka malwetse, mme go ne go se na ope ka nako eo yo o neng a kile a utlwela ka melemo e e diretsweng go bolaya megare. Ka gone, e ne e re fa motho a tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi jo bo bakilweng ke megare, dingaka di le dintsi di ne di se na kalafi epe e di ka alafang molwetse yoo ka yone fa e se fela gore di mo gomotse le go mo kgothatsa. Thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse ya motho yoo e ne e tshwanetse go lwantsha bolwetse joo ka boyone fela. Fa e le gore thulaganyo ya gagwe ya mmele ya go lwantsha malwetse e ne e le bokoa, matswela e ne e ka nna a a utlwisang botlhoko. Tota le mongaponyana fela o o sa reng sepe gantsi o ne o bolaya motho fa o ne o ka tshwaediwa ke mogare.

Ka gone, go ribololwa ga diokobatsi tsa ntlha tse di babalesegileng tsa di-antimicrobial—dibolayamegare—go ne ga lere diphetogo tse dikgolo mo go tsa kalafi. * Go dirisiwa ga diokobatsi tsa sulfa ka dingwaga tsa bo1930 le ga diokobatsi tse di jaaka penicillin le streptomycin ka dingwaga tsa bo1940 go ne ga dira gore go ribololwe diokobatsi tse dingwe di le dintsi mo masomeng a dingwaga a a neng a latela. Ka dingwaga tsa bo1990, go ne go setse go na le dibolayamegare di ka nna 150 tse di welang mo ditlhopheng di le 15 tse di farologaneng.

Tebelelo ya Phenyo e a Folotsa

Ka dingwaga tsa bo1950 le bo1960, batho bangwe ba ne ba simolola go dumela gore ba fentse malwetse a a bakwang ke megare. Tota le baitse bangwe ba tsa megare ba ne ba dumela gore gautshwane malwetse ano a tla bo a tsewa e le a nako e e fetileng. Ka 1969, ngaka e e okametseng dingaka kwa United States e ne ya tlhalosetsa Kgotlakgolo gore gautshwane batho ba ka nna ba “se ka ba tlhola ba tshwenyega ka malwetse a a bakwang ke megare.” Ka 1972, Macfarlane Burnet, yo o neng a gapa sekgele sa Nobel, le David White ba ne ba kwala jaana: “Go ka direga gore mo isagweng dipego tse di kaga malwetse a a bakwang ke megare di se ka tsa tlhola di nna gone gotlhelele.” Ee ruri, batho bangwe ba ne ba akanya gore malwetse a a ntseng jalo a ka nna a fedisiwa gotlhelele.

Go dumela gore tota malwetse a a bakwang ke megare a fedisitswe go ile ga dira gore batho ba le bantsi ba itshepe go feta selekanyo. Mooki mongwe, yo o neng a tlwaelane thata le bothata jo bogolo jo bo neng bo tle bo bakwe ke megare pele ga go nna le dibolayamegare, o ne a tlhalosa kafa baoki bangwe ba ba neng ba sa le basha mo dingwageng ba neng ba simolotse go tlhokomologa bophepa ka teng. Fa a ne a ba gakolola gore ba tlhape diatla, ba ne ba mo araba ka go re: “O se ka wa tshwenyega, re setse re na le dibolayamegare jaanong.”

Mme gone, go ikaega thata ka dibolayamegare le go dirisiwa ga tsone ka tsela e e feteletseng go ile ga nna le matswela a a kotsi. Malwetse a a bakwang ke megare a sa ntse a le gone. Mo godimo ga moo, a ne a boa ka tsela e e dirang gore e nne one malwetse a a bakang dintsho tse dintsi go gaisa malwetse otlhe mo lefatsheng! Dilo tse dingwe gape tse di dirileng gore malwetse a a bakwang ke megare a aname e nnile tlhakatlhakano e e bakwang ke dintwa, go anama ga bothata jwa phepelotlase mo dinageng tse di tlhabologang, go tlhaela ga metsi a a phepa, go tlhoka mafelo a a tshwanetseng a boithomelo, go etela ga batho kwa dinageng tse dingwe ka dipalangwa tse di bofefo le maemo a bosa a a fetofetogang a lefatshe lotlhe.

Dibakateria Tse di Palelang Diokobatsi

Go se ineele go go gakgamatsang ga megare e e tlwaelegileng go itshupile e le bothata jo bogolo, bothata jo tota bo neng bo sa lebelelwa. Mme gone, fa go lebelelwa kwa morago, kgang ya gore megare e ne e tla palela diokobatsi e ne e tshwanetse go nna selo se batho ba neng ba tshwanetse go se lebelela. Ka ntlha yang? Ka sekai, akanya ka selo se se tshwanang le seno se se neng sa direga fa sebolayaditshenekegi sa DDT se ne se simolola go dirisiwa mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1940. * Ka nako eo barekisi ba dilwana tse di dirilweng ka mashi ba ne ba itumetse tota fa go ne go lebega dintshi di nyelela fa di ne di kgatshiwa ka DDT. Dintshi di le mmalwa di ne tsa se ka tsa swa, mme bana ba tsone ba ne ba palela DDT. Ka bonako fela dintshi tseno, e re ka di ne di sa tlhole di bolawa ke DDT, di ne tsa ata fela thata.

Tota le pele ga DDT e dirisiwa, le pele ga dingaka di naya balwetse penicillin ka 1944, dibakateria tse di kotsi di ne di setse di itshupile go se kae gore di ka kgona go emelana le diokobatsi ka tsela e e gakgamatsang. Dr. Alexander Fleming, yo o neng a ribolola penicillin, o ne a lemoga seno. Mo laboratoring ya gagwe o ne a bona kafa dikokomana tse di latelang tsa dibakateria tsa Staphylococcus aureus (tse gantsi di anamang mo dikokelong) di neng di ntse di dira ka iketlo ka gone gore seokobatsi se a neng a se ribolotse se se ka sa tsena mo teng ga tsone se bo se di bolaya.

Seno se ne sa dira gore Dr. Fleming a ntshe tlhagiso dingwaga di le 60 tse di fetileng gore dibakateria tse di kotsi tse di bakelang motho bolwetse di ka nna tsa palela penicillin. Ka jalo fa penicillin e ne e sa kgone go bolaya palo e e lekaneng ya dibakateria tse di kotsi, bana ba tsone ba ba palelang seokobatsi seno ba ne ba tla ntsifala. Ka ntlha ya seo, bolwetse jono bo ne bo tla boa gape bo tlhasela motho mme penicillin e ne e ka se kgone go bo alafa.

Buka ya The Antibiotic Paradox ya re: “Dilo tse Fleming a neng a di bonela pele di ile tsa nna boammaaruri mme tsa baka tshenyo go feta kafa a neng a akantse ka gone.” Seno se ne sa direga jang? Ebu, go ne ga lemogiwa gore dijini tsa mefuta mengwe ya dibakateria—e leng popego ya DNA ya baketeria—di tlhagisa di-enzyme tse di dirang gore penicillin e se ka ya bereka. Ka ntlha ya moo, tota le kalafi e e tseneletseng ya penicillin gantsi e feleletsa e sa thuse sepe. A bo seno se ile sa tshosa jang ne!

Go ne ga dirwa maiteko a go fedisa malwetse a a bakwang ke megare ka gore go dirwe dibolayamegare tse disha nako le nako mo go tsa kalafi fa e sa le go tloga ka dingwaga tsa bo1940 go ya go tsa bo1970, go akaretsa le di se kae gareng ga dingwaga tsa bo1980 le bo1990. Dibolayamegare tseno di ne di ka bolaya dibakateria tse pelenyana di neng di palela diokobatsi. Mme mo dingwageng di le mmalwa fela, go ne ga tlhaga mefuta ya dibakateria tse di palelang le tsone diokobatsi tseno tse disha.

Batho ba ile ba feleletsa ba lemoga kafa dibakateria tseno tse di palelang diokobatsi di leng botlhale ka tsela e e gakgamatsang ka gone. Dibakateria di na le bokgoni jwa go fetola bokafantle jwa disele tsa tsone gore dibolayamegare di se ka tsa tsena mo teng ga tsone kgotsa go fetola popego ya tsone gore dibolayamegare di se ka tsa kgona go di bolaya. Kafa letlhakoreng le lengwe, dibakateria tseno di ka ntshetsa dibolayamegare kwa ntle ka bonako fela fa di se na go tsena mo teng ga tsone, kgotsa dibakateria di ka nna tsa koafatsa sebolayamegare motlhofo fela ka go dira gore se bole.

E re ka go dirisiwa ga dibolayamegare go ntse go oketsega, mefuta ya dibakateria tse di palelang diokobatsi e ile ya ata le go anama. A seno se bolela gore dibolayamegare di paletswe gotlhelele? Nnyaa, e seng mo maemong otlhe. Fa sebolayamegare sengwe se sa kgone bolwetse bongwe jo bo bakwang ke megare, gantsi se sengwe sone se a bo kgona. Dibakateria tse di palelang diokobatsi ga di bolo go baka mathata, le fa go ntse jalo, go tla go fitlha bosheng fela jaana gantsi di ntse di kgona go laolega.

Tse di Palelang Diokobatsi Tse Dintsi

Baitse ba tsa kalafi jaanong ba ne ba gakgamadiwa ke go lemoga gore dibakateria di kgona go refosana dijini tsa tsone le dibakateria tse dingwe. Kwa tshimologong go ne go akanngwa gore dibakateria tsa mofuta o le mongwe ke tsone fela di kgonang go refosana dijini. Mme moragonyana go ne ga fitlhelwa tsone dijini tseno tse di palelang diokobatsi mo mefuteng e mengwe e e farologaneng gotlhelele ya dibakateria. Ka ntlha ya go refosana dijini jalo, dibakateria tsa mefuta e e farologaneng di ile tsa kgona go palela bontsi jwa mefuta ya diokobatsi tse gantsi di dirisiwang.

Se se dirileng maemo maswe le go feta ke gore ka bo1990, dipatlisiso di ne tsa bontsha gore dibakateria dingwe di kgona go palela diokobatsi ka botsone fela di sa thusiwe ke dibakateria tse dingwe. Tota le fa go dirisiwa sebolayamegare se le sengwe fela, mefuta mengwe ya dibakateria e kgona go dira gore e palele dibolayamegare di le dintsi, tse di dirilweng ka dilo tsa tlholego le tse di itiretsweng ke motho.

Isagwe e e Letobo

Le fa gone gompieno bontsi jwa dibolayamegare di sa ntse di bereka mo bathong ba le bantsi, potso ke gore diokobatsi tseno di tla bo di sa ntse di bereka go le kana kang mo isagweng? Buka ya The Antibiotic Paradox ya re: “Ga re tlhole re lebeletse gore bolwetse bope fela jo bo bakiwang ke megare bo fodisiwe ke sebolayamegare sa ntlha fela se se tla dirisiwang.” Buka eno e oketsa ka go re: “Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, go tlhaela ga dibolayamegare go dira gore go se ka ga nna le dibolayamegare tse di berekang. . . . Balwetse ba a boga le go swa ka ntlha ya malwetse a batho bangwe ba neng ba bolelela pele dingwaga di le 50 tse di fetileng gore a tla bo a fedisitswe gotlhelele mo lefatsheng.”

Dibakateria ga se tsone fela megare e e palelang diokobatsi tse di dirisiwang mo go tsa kalafi. Dibaerase le megare e mengwe le yone e ile ya bontsha ka tsela e e gakgamatsang gore e kgona go fetofetoga le maemo, e leng se se dirang gore go nne le mefuta e mengwe e go bonalang e tla fedisa maiteko otlhe a a dirwang a go ribolola le go dira diokobatsi tse di tla e lwantshang.

Mme gone, ke eng se se ka dirwang? A megare eno e e palelang diokobatsi e ka fedisiwa kana gongwe ya laolega? Go fenngwa ga malwetse ka dibolayamegare le di-antimicrobial tse dingwe go ka tswelela jang go atlega mo lefatsheng le le nnang le tlhaselwa ke malwetse a a bakwang ke megare?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Lefoko “dibolayamegare,” jaaka fa gantsi le dirisiwa, ke molemo o o dirisiwang go lwantsha dibakateria. “Antimicrobial” ke lereo le gantsi le akaretsang seokobatsi sepe fela se se dirisediwang go lwantsha megare e e bakang malwetse, e ka tswa e le dibaerase, dibakateria, di-fungus kana dipharasaete tse dinnye thata.

^ ser. 10 Dibolayaditshenekegi ke botlhole, mme go ntse jalo le ka diokobatsi. Ka bobedi jwa tsone di itshupile di thusa thata mme gape di le kotsi. Le fa gone dibolayamegare di ka bolaya megare e e kotsi, diokobatsi tseno gape di ka bolaya le dibakateria tse di mosola.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

Di-Antimicrobial ke Eng?

Dibolayamegare tse o di fiwang ke ngaka ke bontlhanngwe jwa melemo e e bidiwang di-antimicrobial. Diokobatsi tseno ke karolo ya se se bidiwang gore ke “chemotherapy,” e leng kalafi ya go alafa bolwetse ka dikhemikale. Le fa gone lereo “chemotherapy” gantsi le dirisiwa fa go buiwa ka kalafi ya kankere, kwa tshimologong—tota le gone jaanong—le ne le kaya kalafi ya malwetse a a bakwang ke megare. Mo maemong a a ntseng jalo kalafi eno e bidiwa gore ke “antimicrobial chemotherapy.”

Di-microbe ke ditshedinyana tse dinnye tse di ka bonwang fela fa go dirisiwa maekerosekoupo. Di-antimicrobial ke dikhemikale tse di dirisediwang go lwantsha di-microbe tse di bakang malwetse. Ka maswabi, di-antimicrobial gape di ka bolaya le di-microbe tse di mosola.

Ka 1941, Selman Waksman, yo o neng a ribolola seokobatsi sa streptomycin, o ne a dirisa lereo “dibolayamegare” go bitsa dibolayadibakateria tse di dirwang ka di-microbe dingwe. Dibolayamegare le di-antimicrobial tse dingwe tse di dirisiwang mo kalafing ya malwetse di botlhokwa ka gonne di bolaya fela megare e e rileng. Seno se bolela gore di na le botlhole jo bo bolayang megare kwantle ga gore di go bakele mathata a a masisi.

Le fa go ntse jalo, tota dibolayamegare tsotlhe di botlhole ka selekanyo se se rileng mo go rona. Selekanyo sa kafa seokobatsi se tlileng go ama megare ka gone le kafa se babalesegileng ka gone mo mothong se bidiwa gore ke therapeudic index. Fa selekanyo sa index eno se le segolo, seo se bolela gore seokobatsi se babalesegile; fa selekanyo sa yone se le sennye, seo se bolela gore seokobatsi se kotsi thata. Tota e bile, go ribolotswe diketekete tsa dilo tse di ka bolayang megare, mme bontsi jwa tsone di ka se dirisiwe mo go tsa kalafi ka gonne di le botlhole thata mo bathong kgotsa mo diphologolong.

Sebolayamogare sa ntlha sa tlholego se se neng se ka nowa e ne e le penicillin, se se ntshitsweng mo semeleng se se bidiwang Penicillium notatum. Penicillin e ne ya nowa la ntlha ka 1941. Go ise go ye kae morago ga moo, ka 1943, seokobatsi sa streptomycin se ne sa dirwa ka Streptomyces griseus, e leng bakateria e e tswang mo mmung. Fa nako e ntse e ya, go ne ga dirwa dibolayamegare tse dingwe di le dintsi, tse di dirilweng ka dilo tsa tlholego le tse di itiretsweng ke motho. Le go ntse jalo, dibakateria di ile tsa nna le ditsela tse di di dirisang go emelana le bontsi jwa dibolayamegare tseno, mme seno e nnile bothata jwa tsa kalafi jwa lefatshe lotlhe.

[Setshwantsho]

Mouta wa “penicillin” o le kafa tlase ga sejana o kgoreletsa bakateria gore e se ka ya gola

[Motswedi wa Setshwantsho]

Christine L. Case/Skyline College

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Mefuta ya Megare

Dibaerase ke megare e mennye go gaisa yotlhe. Ke tsone di bakang malwetse a a tlwaelegileng a a jaaka mofikela, foluu le diso tsa mometso. Gape dibaerase di baka malwetse a a masisi a a jaaka pholio, Ebola le AIDS.

Dibakateria ke ditshedinyana tse di nang le sele e le nngwe tse di se nang nucleus mme gantsi di na le chromosome e le nngwe fela. Go na le dibakateria di le dibilione mo mebeleng ya rona, segolobogolo mo maleng a rona. Di re thusa go sila dijo mme ke tsone tse segolobogolo di re fang bitamine K, e e tlhokegang go dira gore madi a gwame.

Mo dibakaterieng di le 4 600 tse di itsegeng ke tse 300 fela tse go bolelwang fa di baka malwetse. Le fa go ntse jalo, dibakateria ke tsone tse di bakang malwetse a le mantsi mo dimeleng, mo diphologolong le mo bathong. Mo bathong di baka malwetse a tshwana le thiibi, kholera, mometso o mosweu, lobete, go bola ga meno, mefuta mengwe ya nyumonia le malwetse a le mmalwa a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo.

Di-protozoa, fela jaaka dibakateria, ke ditshedinyana tse di nang le sele e le nngwe, mme di ka nna le nucleus e feta e le nngwe. Di akaretsa di-amoeba le di-trypanosome le pharasaete e e bakang malaria. Mo e ka nnang nngwetharong ya mefuta ya ditshedi ke dipharasaete—go na le mefuta e e farologaneng ya tsone e ka nna 10 000—le fa gone e le dipharasaete di le mmalwa fela tse di bakang malwetse mo bathong.

Di-Fungus le tsone di ka baka malwetse. Ditshedinyana tseno di na le nucleus mme di na le ditlhalenyana tse di kgweleaganeng jaaka khapete. Gantsi di tshwaetsa motho ka malwetse a a jaaka bolwetse jwa dipodi, jwa sebebe le jwa candidiasis (boswata). Gantsi malwetse a a masisi a a bakwang ke di-fungus a tlhasela fela batho ba thulaganyo ya bone ya mmele ya go lwantsha malwetse e setseng e koafaditswe ke phepelotlase, kankere, diokobatsi kgotsa ke malwetse a a bakwang ke dibaerase tse di fekeetsang thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse.

[Ditshwantsho]

Baerase ya Ebola

Baketeria ya “Staphylococcus aureus

Protozoa” ya “Giardia lamblia

Fungus” e e bakang bolwetse jwa dipodi

[Metswedi ya Ditshwantsho]

CDC/C. Goldsmith

CDC/Janice Carr

Courtesy Dr. Arturo Gonzáles Robles, CINVESTAV, I.P.N. México

© Bristol Biomedical Image Archive, University of Bristol

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Alexander Fleming, yo o neng a ribolola seokobatsi sa “penicillin