Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Bokebekwa bo Aname Jaana Gompieno?

Ke Eng fa Bokebekwa bo Aname Jaana Gompieno?

Ke Eng fa Bokebekwa bo Aname Jaana Gompieno?

MEFUTA yotlhe ya bokebekwa ga e a siama. Mme go thata go tlhaloganya bokebekwa jo bo bontshang go tlhoka tlhaloganyo le jo bo dirwang kwantle ga lebaka. E re ka gantsi bokebekwa jono bo dirwa kwantle ga lebaka, seno se akabatsa batho ba ba dirang dipatlisiso. Go oketsega ga metswedi ya tshedimosetso mo dingwageng tsa bosheng jaana go dirile gore batho ba le dimilione di le diketekete ba utlwe ka mefuta eno e e boifisang ya bokebekwa mo lobakeng lwa diura di se kae fela. World Health Organization e bega gore “thubakanyo e ama dikontinente tsotlhe, dinaga le mafelo otlhe.”

Bosheng jaana go ile ga nna le ditiro tsa bokebekwa jo bo se nang tlhaloganyo le mo mafelong a mo dingwageng tse di fetileng a neng a tsewa a babalesegile. Ka sekai, Japane ga e bolo go nna le selekanyo se se kwa tlase sa bokebekwa. Le fa go ntse jalo, ka June 2001, kwa Ikeda, monna mongwe yo o neng a tshotse thipa e kgolo e e segang nama o ne a tsena mo sekolong mme a simolola go kgemetha batho le go ba tlhabakaka ka yone. Mo lobakeng lwa metsotso e le 15 fela o ne a setse a bolaile bana ba le 8 le go gobatsa ba bangwe ba le 15. Motho o kgona go bona sentle gore dilo di fetogile fa o leba pego eno mmogo le dipego tse dingwe tsa kwa Japane, tse di jaaka fa basha ba ne ba bolaya batho ba ba neng ba sa ba itse gotlhelele, ba ba bolaela monate fela.

Tota le mo dinageng tse selekanyo sa bokebekwa se ntseng se le kwa godimo mo go tsone, ditiro dingwe tsa bokebekwa tse di se nang tlhaloganyo di ile tsa dira gore batho ba sale ba sa itumela le e seng. Go ne ga nna jalo fa dikago tsa World Trade Centre kwa New York di sena go tlhaselwa ka September 11, 2001. Ngaka nngwe ya malwetse a tlhaloganyo e bong Gerard Bailes, o ne a akgela jaana: “Tlhaselo eno e dirile gore lefatshe e nne lefelo le le sa tlwaelegang, lefelo le le kotsi le mo go lone re ka se kang ra kgona go bonela pele se se tla diregang.”

Ke Eng fa ba Dira Bokebekwa?

Go na le mabaka a le mantsi a a dirang gore batho ba dire ditiro tsotlhe tse di farologaneng tsa bokebekwa jo bo se nang tlhaloganyo. Selo se se dirang gore go nne thata go tlhaloganya ditiro dingwe tsa bokebekwa ke tsela ya go tlhoka tlhaloganyo e di dirwang ka yone. Ka sekai, go thata go tlhaloganya gore ke eng fa motho a ka ya kwa bathong ba a sa ba itseng gotlhelele a bo a ba bolaya ka go ba tlhabakaka ka thipa, le gore ke eng fa motho a ka feta a kgweetsa koloi gaufi le legae lengwe a bo a simolola go thuntshakaka kwa ntlong eo.

Batho bangwe ba bolela gore thubakanyo ke selo se batho ba tsholwang ba na le sone. Ba bangwe bone ba bolela gore ditiro tseno tsa bokebekwa tse di se nang tlhaloganyo ke sengwe se batho ba ka kgonang go se tila.—Bona lebokoso le le reng “A re Laoletswe Thubakanyo Go sa Le Gale?”

Bomankge ba le bantsi ba dumela gore go na le mabaka le maemo a le mantsi a a tlhotlheletsang batho go dira ditiro tsa bokebekwa tse di se nang tlhaloganyo. E bile pego ya Setheo sa FBI (Federal Bureau of Investigation) sa kwa United States ya re: “Dipolao ga di dirwe ke batho ba ba tlhapogetsweng sentle le ba ba akanyang sentle.” Balaodi bangwe ba ka nna ba se ka ba dumalana le pego eno. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba dumalana le se se kaiwang ke mafoko ano. Go na le dilo dingwe tse di dirang gore batho ba ba dirang bokebekwa jo bo se nang tlhaloganyo ba akanye ka tsela e e sa tshwaneng le ya batho ba bangwe. Go na le sengwe se se amileng tsela e ba akanyang ka yone mo ba feleletsang ba dira dilo tse di sa tlwaelegang. Ke eng se se tlhotlheletsang batho go dira dilo tse di ntseng jalo? A re tlhatlhobeng dilo dingwe tse bomankge ba reng di ka tswa di baka bothata jono.

Go Thubega ga Malapa

Mokwadi mongwe wa Tsogang! o ile a botsa mmueledi mongwe wa Lephata la Bosetšhaba la Dipatlisiso kwa Philippines e bong Marianito Panganiban, malebana le maemo a batho ba ba dirang bokebekwa jo bo feteletseng ba goletseng mo go one. O ne a re: “Ba tswa mo malapeng a a thubegileng. Ba tlhoka mongwe yo o amegang ka bone le yo o ka ba bontshang lorato. Batho ba feleletsa ba sa kgone go itshwara ka gonne go se ope yo o ba kaelang mme ba dira dilo tse di duleng mo tseleng.” Babatlisisi ba le bantsi ba bolela gore go tlhoka kutlwano mo lelapeng le go golela mo lelapeng le le tletseng dikgotlhang ke maemo a a tlwaelegileng a batho ba ba dirang bokebekwa ba golelang mo go one.

Setheo sa Bosetšhaba sa United States sa go Dira Dipatlisiso Kaga Bokebekwa se ne sa ntsha lenaane la dilo tse di ka thusang gore go lemogiwe basha ba ba ka nnang ba dira bokebekwa jo bo kotsi mo sekolong. Go ne ga akarediwa dilo tse di latelang tse di diregang mo lelapeng: dikgogakgogano fa gare ga batsadi le bana, batsadi ba ba sa kgoneng go lemoga gore bana ba bone ba na le mathata, go tlhoka botsalano, batsadi ba ba beelang bana ba bone melao e le mmalwa ya boitshwaro kana ba sa ba beele epe gotlhelele le bana ba ba sa rateng go itsiwe gore ke eng se ba se dirang, ba tshela botshelo jwa boitimokanyi ba bo ba dira gore batsadi ba se ka ba itse mokgwa o mongwe o ba tshelang ka one.

Bana ba le bantsi gompieno ba golela mo malapeng a a thubegileng. Ba bangwe ba na le batsadi ba ba sa ipheng nako le bone. Bana ba le diketekete ba godile ba sa newe kaelo e e lekaneng ya boitshwaro le ya mo lelapeng. Bomankge ba le bantsi ba akanya gore go golela mo maemong a a ntseng jalo go ka dira gore bana ba se ka ba kgona go aga botsala le batho ba bangwe, mme seno se dira gore go nne motlhofo gore ba utlwise batho ba bangwe botlhoko, mme gantsi ba sa ipone molato.

Ditlhopha Tse di Rotloetsang go Ila ba Setšhaba se Sele le Makoko a a Kotsi

Bosupi bo bontsha gore ditlhopha dingwe tse di rotloetsang go ila batho ba ditšhaba tse dingwe kana makoko a a kotsi a ile a tlhotlheletsa ditiro dingwe tsa bokebekwa thata. Kwa Indiana, kwa United States of America, lekawana lengwe la motho yo montsho la dingwaga tse 19 le ne le tswa kwa lefelong la mabenkele le ya gae. Nakwana morago ga moo, lekawana leno le ne le rapaletse fa thoko ga tsela le thuntshitswe mo tlhogong. Le ne le thuntshitswe ke lekawana lengwe le le neng la mo tlhopha fela fa gare ga batho ba bangwe botlhe. Ka ntlha yang? Lekawana leno la mmolai le ne le batla go nna leloko la mokgatlho o o gatelelang batho ba bantsho e bile le batla gore le tshwaiwe mmele ka setshwantsho sa bobi jwa segokgo ka go bolaya motho yo montsho.

Go tlhaselwa ga batho ka gase e e botlhole kwa seteisheneng se se ka fa tlase ga lefatshe sa terena kwa Tokyo ka 1995; go ipolaya ga batho ba le setlhopha kwa Jonestown, kwa Guyana; le dintsho tsa maloko a le 69 a Mokgatlho wa Solar Temple kwa Switzerland, kwa Canada le kwa Fora, go ne go tlhotlheleditswe ke makoko a a kotsi. Dikai tseno di bontsha tlhotlheletso e kgolo e ditlhopha dingwe di nnileng le yone mo bathong bangwe. Baeteledipele ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo ba ile ba dira gore batho ba dire “dilo tse di maswe thata” ka go ba solofetsa melemo mengwe.

Bokebekwa le Metswedi ya Tshedimosetso

Bangwe ba bolela gore metswedi ya segompieno e e farologaneng ya tshedimosetso e ka dira gore batho ba nne mafega. Go bolelwa fa thubakanyo e e bontshiwang ka metlha mo thelebisheneng, mo difiliming, mo metshamekong ya bidio le mo Internet, e bolaya segakolodi e bile e tlhotlheletsa bokebekwa. Dr. Daniel Borenstein, yo e leng poresidente wa Mokgatlho wa kwa Amerika wa Malwetse a Tlhaloganyo, o ne a re: “Gone jaanong go na le dipatlisiso di feta 1 000 tse di dirilweng mo lobakeng lwa dingwaga di feta 30 tse di bontshang kafa thubakanyo e e mo boitlosobodutung e dirang gore bana ba rate ntwa ka gone.” Dr. Borenstein o ne a neela bosupi jwa seno fa pele ga komiti ya Senate ya United States ka go bolela jaana: “Re dumela re sa belaele gore fa batho ba leba boitlosobodutu jo bo nang le thubakanyo thata, seno se ka ama setšhaba ka tsela e e sa siamang.”—Bona lebokoso le le reng “Se Ngaka Nngwe e se Bolelang ka Metshameko ya Khomputara.”

Go na le ditiragalo dingwe tse di a tleng di umakiwe go supa gore seno se boammaaruri. Mo tiragalong e e umakilweng mo setlhogong se se fetileng ya monna yo o neng a dirisa tlhobolo go bolaya banyalani ba ba neng ba le fa lotshitshing ba lebile tlhabo ya letsatsi, basekisi ba ne ba ntsha bosupi jo bo bontshang gore go leba difilimi tse di nang le thubakanyo kgapetsakgapetsa ke gone go tlhotlheleditseng monna yono gore a ba bolaele monate fela. Mo tiragalong e batho ba le 15 ba neng ba bolawa ka go thuntshiwa kwa sekolong, go ne ga bolelwa gore baithuti ba babedi ba ba neng ba dira seno ba ne ba fetsa diura di le dintsi letsatsi le letsatsi ba tshameka metshameko ya bidio e e tletseng thubakanyo. Mo godimo ga moo, ba ne ba tlhola ba leba gangwe le gape difilimi tse di rotloetsang thubakanyo.

Diokobatsi

Kwa United States, palo ya batho ba ba neng ba bolawa ke basha ba dingwaga tsa bolesome e ne ya menagana gararo mo lobakeng lwa dingwaga di le robedi. Balaodi ba re seno se bakwa ke eng? Ba re ke digongwana tsa bokebekwa, segolobogolo digongwana tse di dirisang seokobatsi sa crack. Mo bathong ba le 500 ba ba neng ba bolawa bosheng jaana kwa Los Angeles, California, “mapodisi a ne a bolela gore diperesente di le 75 tsa dipolao tseno di ne di amana le digongwana.”

Pego ya Setheo sa FBI ya re: “Bontsi jwa batho ba ba bolawang ba bolawa ke batho ba ba dirisang diokobatsi.” Batho bangwe ba diokobatsi di sentseng tsela e ba akanyang ka yone ba bolaya batho ka nako ya fa di ba tagile. Ba bangwe ba sireletsa dikgwebo tsa bone tse di seng kafa molaong tsa go rekisa diokobatsi ka go dirisa thubakanyo. Go bonala sentle gore diokobatsi ke lebaka le lengwe le legolo le le tlhotlheletsang batho go dira ditiro tse di setlhogo.

Go Bona Dibetsa Tse di Kotsi Motlhofo

Jaaka fa go umakilwe mo setlhogong se se fetileng, monna a le esi yo o neng a tshotse tlhobolo kwa Tasmania, Australia, o ne a bolaya batho ba le 35. O ne a gobatsa ba bangwe ba le 19. Monna yono o ne a tlhometse ka tlhobolo ya sesole e gape e neng e le motšhinikane. Seno se ne sa dira gore batho ba swetse ka gore go nna le dibetsa tse di ntseng jalo ka tsela e e motlhofo fela ke lebaka le lengwe le le dirang gore bokebekwa bo oketsege.

Pego nngwe e bontsha gore kwa Japane go ne ga nna le ditiragalo di le 32 fela tse mo go tsone go neng ga dirisiwa ditlhobolo go bolaya batho ka 1995, mme bontsi jwa batho ba ba neng ba bolaana mo go tsone e ne e le digongwana. Go farologana le seo, United States e ile ya nna le ditiragalo di le 15 000 tse mo go tsone batho ba neng ba bolawa ka go thuntshiwa. Ke eng fa go na le pharologano e e kana? Batho bangwe ba ne ba bolela gore ke ka gonne Japane e na le melao e e gagametseng malebana le go nna le ditlhobolo.

Go Palelwa ga Batho ke go Itshokela Mathata a Botshelo

Batho bangwe ba ka nna ba bolela jaana fa ba utlwela tiragalo nngwe e e maswe, ‘Motho yoo o tshwanetse a bo a tsenwa!’ Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba dirang tlolomolao e e ntseng jalo ba go ka tweng ba latlhegetswe ke tlhaloganyo. Mme gone, ba le bantsi ba bone ba na le bothata jwa go palelwa ke go itshokela mathata a botshelo. Bomankge ba bontsha gore makoa a motho a nang le one a ka dira gore a dire ditiro tse di feteletseng. Mangwe a makoa ao ke a a latelang: go palelwa ke go ithuta le ke go dirisana sentle le batho ba bangwe; diphelelo tse di sa siamang tse di bakilweng ke go sotliwa mo mmeleng kgotsa ka tlhakanelodikobo; go itlhaola mo bathong; go tlhoa setlhopha se se rileng sa batho, jaaka go tlhoa basadi; go se ipone molato fa o dirile phoso; le go eletsa go laola ba bangwe ka tsela e e sa tshwanelang.

Le fa bothata e ka tswa e le bofe, batho bangwe ba bo letla gore bo ba fekeetse thata mo ba feleletsang ba fetotse tsela e ba akanyang ka yone, mme seo se ka dira gore ba dire dilo tse di sa tlwaelegang. Sekai sa seno ke sa mooki mongwe yo o neng a rata go tlhagelela ka tsela e e feteletseng. O ne a tlhaba bana ka lemao le le ritibatsang mesifa le le neng le dira gore ba se ka ba hema. Morago ga moo, o ne a itumelela go bona botlhe ba mo tlhomile matlho fa a ntse a “boloka” botshelo jwa ngwana mongwe le mongwe. Ka maswabi, o ne a se ka a kgona go dira gore botlhe ba heme gape. Ka jalo, o ne a bonwa molato wa polao.

Dilo tse di umakilweng fa godimo di bontsha sentle gore go na le mabaka a mantsi a a tlhotlheletsang batho go dira bokebekwa. Le fa go ntse jalo, mabaka ano a tla bo a sa felela fa re sa umake lebaka le lengwe gape le le botlhokwa thata.

Se Baebele e se Bolelang

Baebele e re thusa go tlhaloganya se se diragalang gone jaanong le gore ke eng fa batho ba dira dilo tse di feteletseng jaana. E tlhalosa sentle boikutlo jo gantsi re bo bonang mo bathong. Ka sekai, dilo tse di umakiwang mo go 2 Timotheo 3:3, 4 di bontsha gore batho ba ne ba tla nna “ba ba se nang lorato lwa tlholego” le “ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo,” le “ba ba tlhogoethata.” Mo bukeng e nngwe ya Baebele, Jesu o ne a re: “Lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”—Mathaio 24:12.

Baebele ya re: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Ee, se re se bonang ke bosupi jwa gore re tshela mo nakong ya bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo. Maemo a lefatshe go akaretsa le boikutlo jwa batho, a nna a senyegela pele. A re akanya gore mathata ano a tla rarabololwa gone jaanong? Baebele e araba jaana: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele.”—2 Timotheo 3:13.

A seno se raya gore batho ba tla nna ba dira ditiro tse di sa feleng tsa thubakanyo le bokebekwa? A re sekasekeng potso eno mo setlhogong se se latelang.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

A RE LAOLETSWE THUBAKANYO GO SA LE GALE?

Batho bangwe ba bolela gore batho ba tsholwa ba na le tshekamelo ya go dira ditiro tsa thubakanyo kana go bolaya. Batho ba ba dumelang gore dilo di itlhagetse fela ba bolela gore re tswa mo diphologolong tse di tlhaga, ka gone re gotsitse mekgwa ya tsone ya go rata ntwa. Dikgopolo tse di ntseng jalo di bontsha gore re laoletswe go sa le gale gore re rate thubakanyo le gore ga go sepe se se ka dirwang ka gone.

Le fa go ntse jalo, go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore seno ga se boammaaruri. Dikgopolo tse di umakilweng fa godimo ga di tlhalose gore ke eng fa mo ditsong tse di farologaneng go na le pharologano e e kgolo mo makgetlong a thubakanyo e diregang ka one le mo mefuteng e e nnang gone ya thubakanyo. Ga ba kgone go bontsha gore ke ka ntlha yang fa mo ditsong tse dingwe thubakanyo e le selo se se tlwaelegileng, mme mo go tse dingwe go sa nne le thubakanyo e ntsi mo e leng gore ga se gantsi o fitlhelang go begwa gore motho o bolailwe. Ngaka e e alafang malwetse a a amanang le tlhaloganyo e bong Erich Fromm o ne a bontsha kafa thuto eno ya gore re rata ntwa ka go bo re gotsitse ditshwene e leng phoso ka gone, ka go bolela gore le fa dingwe tsa tsone di lwa ka gonne di tlhoka dilo dingwe tsa senama kgotsa go itshireletsa, batho ke bone fela ba ba itsegeng ka go bolaya gore ba ijese monate fela.

Porofesa James Alan Fox le Jack Levin ba bolela jaana mo bukeng ya bone ya The Will to Kill—Making Sense of Senseless Murder: “Batho bangwe ba rata thubakanyo go gaisa ba bangwe, mme gone ba sa ntse ba na le bokgoni jwa go itlhophela. Le fa motho a tlhotlhelediwa ke dilo di le dintsi tse di amanang le maikutlo le se a se bonang gore a bolaye motho yo mongwe, seno e sa ntse e le se a se itlhophetseng le se a itiretseng tshwetso ya go se dira, ka jalo seno se dira gore a ikarabele le go nna molato ka se a se dirileng.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

SE NGAKA NNGWE E SE BOLELANG KA METSHAMEKO YA KHOMPUTARA

Dr. Richard F. Corlin, yo e kileng ya bo e le poresidente wa Mokgatlho wa Tsa Kalafi kwa Amerika, o ne a neela setlhopha sa dingaka tse di alogang puo kwa Philadelphia, Pennsylvania, kwa United States of America. Mo puong eno ya gagwe o ne a bua ka metshameko ya khomputara e e rotloetsang thubakanyo. Mengwe ya metshameko eno e naya motshameki dintlha fa a kgonne go ntsha motho dintho, gape e mo naya tse dingwe fa a kgonne go thuntsha motho mo mmeleng le fa a kgonne go thuntsha motho mo tlhogong. Madi a a gasama, le boboko bo tlalatlala gotlhe.

Dr. Corlin o ne a bolela gore bana ga ba letlelelwe go kgweetsa, go nwa bojalwa le go goga motsoko fa ba sa ntse ba le bannye thata. Morago ga moo o ne a re: “Mme gone re ba letla gore ba ithute go dirisa ditlhobolo ba sa ntse ba le mo dingwageng tse mo go tsone ba iseng ba kgone go laola maikutlo a bone, e bile ba ise ba rutiwe le go tlhaloganya sentle gore ba ka dirisa dibetsa tse ba tshamekang ka tsone ka pabalasego jang. . . . Re tshwanetse go ruta bana ba rona go tloga fela ba sa le bannye gore thubakanyo [e na le] ditlamorago ka dinako tsotlhe—ditlamorago tse di masisi.”

Ka maswabi, go na le gore bana ba rutiwe gore thubakanyo e na le ditlamorago, gantsi ke bone ba ba feleletsang e le batho ba ba se nang molato ba ba amiwang ke ditiro tsa bokebekwa. Dipalopalo di bontsha gore letsatsi le letsatsi bana ba le lesome kwa United States ba bolawa ka go thuntshiwa. Dr. Colin a re: “United States ke yone e e di gogang kwa pele mo lefatsheng lotlhe—ka palo ya bana ba ba bolawang ka go thuntshiwa.” O ne a reng fa a konela? O ne a re: “Thubakanyo e go dirisiwang ditlhobolo mo go yone e tsenya setšhaba mo kotsing. Ga go na boammaaruri jo bo fetang joo.”

[Lebokoso mo go tsebe 9]

MABAKA A A DIRANG GORE GO NNE LE BOKEBEKWA

Bomankge ba le bantsi ba akanya gore dilo tse di latelang ke tsone tse di bakang bokebekwa jo bo se nang tlhaloganyo:

Go thubega ga malapa

Ditlhopha tse di rotloetsang go ila batho ba merafe e sele

Makoko a a kotsi

Thubakanyo e e fitlhelwang mo boitlosobodutung

Go tshela mo lefelong le le tletseng thubakanyo

Go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang

Go palelwa ke go itshokela mathata

Tsela e e motlhofo ya go nna le dibetsa tse di senyang

Mefuta mengwe ya malwetse a tlhaloganyo

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Nngwe ya dibomo di le tlhano e e neng ya bolaya batho ba le 12 e bo e gobatsa ba bangwe gape ba feta 80, kwa Quezon City, Philippines

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Aaron Favila December 30, 2000

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Baithuti ba le babedi ba bolaya morutabana le baithuti ba le 12 kwa Sekolong se Segolo sa Columbine, Colorado, kwa United States of America, go tswa foo ba bo ba ipolaya

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Jefferson County Sheriff’s Department April 20, 1999

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bomo e e neng e fitlhilwe mo koloing e bolaya batho ba le 182 e bo e gobatsa ba le 132 mo lefelong la maitiso a bosigo kwa Bali, Indonesia

[Motswedi wa Setshwantsho]

Maldonado Roberto/GAMMA October 12, 2002