Dikarabo di ka Bonwa Kae?

Dikarabo di ka Bonwa Kae?

Dikarabo di ka Bonwa Kae?

Ke se ba le bantsi ba ipotsang sone gompieno. Morutabana mongwe wa kwa Novosibirsk, Russia, o ne a bolela gore ga go motlhofo go bona dikarabo tsa dipotso tse baithuti ba gagwe ba di botsang ka Modimo le bodumedi. O ne a tlhalosa jaana mo lekwalong:

“Fa ke fitlha kwa gae letsatsi lengwe, ke ne ka fitlhela pampitshana nngwe e tlogetswe moo e e nang le setlhogo se se reng ‘Lebaka La Go Bo O Ka Ikanya Bibela.’ Ke ruta hisitori kwa sekolong, mme gantsi ke tshwanetse go tlotla le baithuti ka ditlhogo tse di tshwanang le kereke, Baebele le Modimo. Ka dinako tse dingwe go boima fela thata go bona dikarabo tsa dipotso tse bana bano ba di botsang.

“Mo nakong e e fetileng, ke ne ke akanya gore batho ba atamela Modimo fela fa ba na le mathata. Mme jaanong ke a tlhomamisega gore ga go a nna jalo gotlhelele. Gape motho a ka nna a ipotsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa se se diragetseng se diragaletse nna? Nna ke mang? Ke tswa kae? Ke ya kae fa ke swa?” Go botlhokwa go bona dikarabo tsa dipotso tseno. Go bonala Baebele e re naya dikarabo tse di kgotsofatsang.”

Morutabana yono o ne a konela jaana: “Ke kwadile lekwalo leno ka gonne ke batla go itse mo go oketsegileng ka Baebele le Modimo.”

Basupi ba ga Jehofa ba kaela batho mo Baebeleng go bona dikarabo tsa dipotso tsa bone. Akanya ka buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Mo dikgaolong tsa yone tse 19 go na le tse di nang le ditlhogo tse di reng: “Modimo wa Boammaaruri ke Mang?,” “Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala Re bo Re Swa?,” le “Ke Eng fa Modimo o Letlile Pogo Gore e Tswelele?” O ka nna wa kopa khopi ya buka eno ya ditsebe di le 192 e e thusang go ithuta Baebele ka go tlatsa setlankana se se fa tlase le go se romela kwa atereseng e e bontshitsweng kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Tsweetswee nthomelelang khopi ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.