Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fêng Shui—A e Siametse Bakeresete?

Fêng Shui—A e Siametse Bakeresete?

 Kgopolo E e Mo Baebeleng

Fêng Shui—A e Siametse Bakeresete?

KWA Asia, ditsha tsa mabitla di tlhophiwa go ya ka yone. Dikago di tlhamiwa le go kgabisiwa go ya ka yone. Dithoto di a rekiwa le go rekisiwa go ikaegilwe ka yone. Ka Se-China e itsege e le fêng shui, e leng mofuta mongwe wa go dirisa bola kgotsa botlhodi. Le fa fêng shui e ile ya tuma thata kwa Asia ka makgolokgolo a dingwaga, mo dingwageng tsa bosheng e ne ya anamela kwa dinageng tsa Bophirima. Batlhami bangwe ba dipolane ba e dirisa mo go tlhameng dikago tse di goletseng kwa godimodimo thata, diofisi le magae. Bommalapa bangwe ba e dirisa mo go kgabiseng magae a bone. Dibuka di le dintsi le diaterese tsa Internet di a e buelela le go e ruta.

Ke eng se se dirang gore e tume sekanakana? Go ya ka mmueledi mongwe, fêng shui e ka lere “botshelo jo bo tokafetseng, boitekanelo jo bo botoka, manyalo kgotsa bolekane jo bo botoka, khumo e e oketsegileng le kagiso ya mogopolo.” Le fa seno se lebega se itumedisa, tota mokgwa ono ke eng, mme Bakeresete ba tshwanetse go o leba jang?

Fêng Shui ke Eng?

Mafoko a Se-China a a reng fêng shui totatota a bolela “phefo-metsi.” Medi ya fêng shui e simologile dingwaga di le diketekete tse di fetileng ka nako e difilosofi tse dintsi tsa Botlhaba di neng di simolola ka yone. Mo go tsone go ne go na le tumelo ya se go tweng ke go lekalekanngwa ga yin le yang (lefifi le lesedi, mogote le botsididi, selo se se siameng le se se sa siamang). Kgopolo ya yin le yang e ne ya amanngwa le ya chʼi, e fa e tsewa jaaka e ntse e bolelang “moya” kgotsa “mohemo.” Yin, yang le chʼi, mmogo le se go tweng ke dielemente tse tlhano tsa dikgong, lefatshe, metsi, molelo le tshipi, di bopa dikarolo tsa botlhokwa tsa kgopolo ya fêng shui. Baobamedi ba fêng shui ba dumela gore go na le maatla a a nonofileng mo lefelong lengwe le lengwe. Mokgele wa bone o mogolo ke go supa mafelo a maatla ano, kgotsa chʼi, a lefatshe le loapi a lekalekanang mo go one. Seno se dirwa ka go fetola bogodimo jwa lefelo ka bolone kgotsa ka go dira diphetogo dingwe mo teng ga kago mo setsheng se se rileng. Go akanngwa gore go dira gore go nne le tekatekano eno go tla dira gore ba ba berekang kgotsa ba ba dulang mo lefelong leo ba atlege.

Gantsi, baitseanape ba fêng shui ba lebelela khompase ya bola. * Eno ke khompase e potlana ya makenete e e tlhomilweng mo gare ga se e leng tšhate ya tepodinaledi. Khompase eno e na le didiko di le mmalwa tse di kgaogantsweng ka mela, tse di dikologang mo aseng e le nngwe fela. Khompase eno ya bola e na le tshedimosetso e e buang ka dilo tse di tshwanang le dinaledi, dipaka le metlha ya medikologo ya letsatsi. Fa setsha kgotsa kago e sekasekwa, go tsewa ditshedimosetso di le mmalwa tse di farologaneng tsa khompase. Moitseanape yono wa fêng shui o leba gore lenaka la khompase le kgabaganya dintlha tse di mo meleng e e kwa ntle le didiko fa kae, go tswa foo o leka go bona gore ke eng se se tlhokegang go “baakanya” lefelo leo.

Dipopego tsa mafelo a a fa gaufi, meedi ya metsi, mesele ya leswe le e leng mo difensetere le ditswalo di beilweng gone mo kagong, tsotlhe tseno di ka akanyediwa fa go dirwa tshwetso ya gore setsha se ka baakanngwa jang. Ka sekai, kwa Canada ralebenkele mongwe o ne a pega seipone mo setswalong se se kwa morago sa lebenkele la gagwe go “baakanya” tsela e ditswalo tsa lone di beilweng ka yone. Ka tsela e e tshwanang moitseanape wa bola a ka gakolola gore go sutisiwe dimela kgotsa fanitšhara di bewe go sele, go tlosiwe setshwantsho sengwe go bewe se sele, go tsenngwe  bele e nngwe kgotsa go dirwe akwariamo e le gore kago kgotsa phaposi e baakanngwe sentle.

Pono ya Bokeresete

Se se tlhokomelesegang ke gore dilaeborari ka bontsi di baya dibuka tsa fêng shui mo setlhopheng sa dikwalo tsa tepodinaledi le go bolelela dilo pele. Tota e bile, dibuka dingwe di tlhalosa tiriso eno ya bola e le boitseanape jo bo dirisang dipalo kgotsa mela kgotsa dipopego tsa lefatshe. Ka jalo, batho ka bontsi ba dumela gore fêng shui le mefuta e mengwe ya tiriso ya bola ke ditsela tsa go bolelela dilo pele. Di akaretsa boitseanape le go dirisana le meya, e leng dilo tse di seng disha mo bathong.

Fa Baiseraele ba ne ba tloga kwa Egepeto mme kgabagare ba tsena mo nageng ya Kanana ka lekgolo la bo15 la dingwaga B.C.E., mefuta e e farologaneng ya boitseanape e ne e atile mo dinageng tseno ka bobedi. Modimo o ne a bolela jaana ka Moshe jaaka go begilwe mo go Duteronome 18:14: “Ditšhaba tseno tse o di gapelang thuo di ne di tle di reetse ba ba dirang maselamose le ba ba dirang tiro ya boitseanape; mme fa e le wena, Jehofa Modimo wa gago ga a go naya sepe se se tshwanang le seno.” Mefuta e mentsi ya boitseanape kwa Egepeto le Kanana e simologile kwa Babelona wa bogologolo. Fa Jehofa a ne a tlhakatlhakanya puo ya batho ba Babelona, ba ne ba anamela kwa mafelong a mangwe, ba tsamaya ka ditlwaelo tse di amanang le boitseanape jwa Sebabelona le go dirisana le meya.—Genesise 11:1-9.

Jehofa Modimo o ne a tlhagisa Baiseraele ka tsela e e gagametseng le ka makgetlo a le mantsi gore ba se ka ba amogela ditlwaelo tsa boitseanape tsa ditšhaba tse dingwe, a re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o . . . dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe . . . Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa, mme Jehofa Modimo wa gago o ba leleka fa pele ga gago ka ntlha ya dilo tse di makgapha tseno.” (Duteronome 18:9-12; Lefitiko 19:26, 31) Ba ba neng ba dira boitseanape ba ne ba tshwanetse go bolawa kwantle ga pelaelo.—Ekesodo 22:18; Lefitiko 20:27.

Ke ka ntlha yang fa boitseanape bo ne bo kgalwa thata jaana? Ditiro 16:16-19 e bolela ka mosadi mongwe yo o neng a na le “ledimona la boitseanape.” Ee, boitseanape bo amana thata le bodimona. Ka jalo go dira mofuta ope fela wa boitseanape go ka dira gore motho a amane le Satane le badimona ba gagwe! Go ka felela ka go swa semoyeng.—2 Bakorintha 4:4.

Mekgwa mengwe e e tlwaelegileng ya go kgabisa le go rulaganya mafelo mangwe, ya Botlhaba kgotsa Bophirima, e ka tswa e simolotse e tlhotlhelediwa ke ditlwaelo tsa bodumedi jwa maaka tse di tshwanang le fêng shui. Le fa go ntse jalo ka dinako tse dintsi mekgwa e e ntseng jalo e ile ya se ka ya tlhola e amana ka gope le bodumedi fa nako e ntse e ile. Le fa go le jalo, e tla bo e le go tlola molao wa Modimo ka tsela e e phepafetseng go dirisa fêng shui go bolelela pele isagwe ka boitseanape kgotsa go batla masego kgotsa botsogo jo bo siameng ka yone. Go dira jalo e tla bo e le go tlola molao wa Baebele o o tlhamaletseng wa go sa ame sepe “se se seng phepa.”—2 Bakorintha 6:14-18.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Kwa dinageng tsa Bophirima baitseanape ba lekile go dira gore fêng shui e bonale e amana le saense, bangwe ba dirisa le eleng dikhomputara go ba thusa mo go sekasekeng mafelo mangwe a lefatshe.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Khompase ya bola

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pages 2 and 15: Hong Kong Tourism Board