Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshedimosetso Ya ba Ba Tlileng mo Kopanong

Tshedimosetso Ya ba Ba Tlileng mo Kopanong

BATLHOKOMEDI Tiro ya batlhokomedi ke go go thusa. Tsweetswee dirisana sentle le bone ka go ba ikobela fa ba go naya ditaelo malebana le go phaka, go tswa le go tsena mo lefelong la kopano, go beela ba bangwe manno, jalo le jalo.

BA BA TLILENG GO KOLOBEDIWA Ba ba tlileng go kolobediwa ba beetswe manno go lebagana le serala. Ba tshwanetse go dula mo mannong ao pele ga puo ya kolobetso e simolola ka Matlhatso mo mosong. Ba tshwanetse go tla le toulo le diaparo tse di bori tsa go thuma.

MENEELO Go dirisitswe madi a mantsi go netefatsa gore go na le manno a a lekaneng, thulaganyo ya dibuelagodimo, ya dibidio le ditirelo tse dingwe tse di thusang gore ba ba tlileng kopanong ba itumele le go ikutlwa ba le gaufi thata le Jehofa. Meneelo e lo e ntshang e thusa go duelela ditshwenyegelo tseno le go tshegetsa tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Go na le mabokoso a a beilweng mo lefelong la kopanong gore o tsenye moneelo mo go one. Re lebogela meneelo yotlhe. Setlhopha se se Laolang se go leboga thata ka moneelo o o o ntshang.

MAEMO A POTLAKO Tsweetswee elang tlhoko gore lefapha leno le thusa fela fa go tlhaga MAEMO A POTLAKO.

DILO TSE DI LATLHEGILENG Fa o bona selo mme o sa itse gore ke sa ga mang, tsweetswee se ise kwa Lefapheng la Dilo Tse di Latlhegileng. Fa o latlhegetswe ke sengwe, ya go se leba kwa lefapheng leno. Fa o kopana le ngwana yo o sa itseng kwa batsadi ba gagwe ba leng gone, mo ise kwa lefapheng leno. Go tila gore seo se se ka sa direga, tsweetswee tlhokomela bana ba gago mme o netefatse gore ba na le wena ka dinako tsotlhe.

MANNO Tsweetswee akanyetsa batho ba bangwe. Se lebale gore o beela fela ba lelapa, ba o tlileng le bone ka koloi, ba o nnang le bone kwa gae kgotsa ba o ithutang Baebele le bone. O se ka wa tlogela sepe mo godimo ga ditulo tse o sa di beelang ope.

LEFAPHA LA BAITHAOPI Fa o batla go thusa mo lefapheng lengwe la mo kopanong, tsweetswee ya kwa lefapheng leno gore ba go neye tshedimosetso e e tlhokegang.

POKANO E E KGETHEGILENG

SEKOLO SA BABOLEDI BA BOGOSI Babulatsela ba ba nang le dingwaga di le 23 go ya go di le 65 ba ba ratang go dira mo go oketsegileng mo tirong ya go rera, ba lalediwa go tla pokanong ya ba ba batlang go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi, e e tla tshwarwang thapama ka Sontaga. Lo tla itsisiwe ka nako le lefelo le pokano eno e tla tshwarelwang kwa go lone.

E rulagantswe ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa