Ithute mo Morutising yo Mogolo
Melaometheo e e molemo thata e mo Baebeleng. Bana ba ka kgona go ithuta mo go se Rraabone yo o kwa legodimong a se buang, e seng se batho ba bangwe ba se buang.
Se Bana ba se Tlhokang mo Batsading ba Bone
Buka eno e diretswe gore bana le batho ba ba balang le bone ba nne le metlotlo e e molemo malebana le ditlhogo tsa botlhokwa tsa buka eno.
KGAOLO 1
Lebaka La go Bo Jesu E ne E le Morutisi yo Mogolo
Jesu o ne a ruta ka eng? Mme dithuto tsa gagwe di ne di tswa kae?
KGAOLO 2
Lekwalo le le Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
Lekwalo la gagwe le mo bukeng e e tlhwatlhwakgolo go gaisa buka epe fela.
KGAOLO 3
Ene yo o Dirileng Dilo Tsotlhe
Ke mang yo o dirileng dinonyane a bo a di ruta go opela? Ke mang yo o dirileng bojang jo bo tala? Ke mang yo o go dirileng?
KGAOLO 4
Modimo O na Le Leina
Rotlhe re na le maina. A o itse leina la Modimo? Goreng leina la gagwe le le botlhokwa?
KGAOLO 6
Morutisi yo Mogolo O ne A Direla ba Bangwe Dilo
A o a rata fa mongwe a go direla sengwe se se molemo? Rotlhe re a rata, e bile Morutisi yo Mogolo o ne a itse seno.
KGAOLO 7
Go Utlwa Go a Go Sireletsa
Bana ba ka ithuta mo bagolong. Fa Modimo a re bolelela gore re dire eng, re ka tlhomamisega gore ke selo se se siameng go se dira.
KGAOLO 9
Re Tshwanetse go Gana fa Batho ba re Raela
O tshwanetse go dira eng fa motho a go bolelela gore o dire selo se se sa siamang?
KGAOLO 10
Jesu o Maatla go Feta Madimona
Ga re tlhoke go boifa madimona, mme re tshwanetse go ikela tlhoko gore a se ka a re raela.
KGAOLO 11
Thuso e e Tswang Kwa Baengeleng ba Modimo
Baengele ba Modimo ba thusa batho ba ba ratang Jehofa e bile ba mo direla.
KGAOLO 14
Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Itshwarela ba Bangwe
Jesu o tlotla ka kgang nngwe gore re kgone go e tlhaloganya.
KGAOLO 20
A o Rata go Nna Kwa Pele ka Metlha?
Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe eng fa ba ne ba ngangisana ka kgang eno?
KGAOLO 22
Lebaka La go Bo re sa Tshwanela go Bua Maaka
Bona gore Jehofa o ile a dirang ka Ananiase le Safira.
KGAOLO 23
Lebaka La go Bo Batho ba Lwala
A go tla tsamaya go nna le nako e mo go yone batho ba tla bong ba sa lwale?
KGAOLO 24
Le ka Motlha O se Ka wa Nna Legodu!
Akanya ka dikai tsa batho ba le banê ba ba neng ba tsaya dilo tse e seng tsa bone.
KGAOLO 25
A Batho ba ba Dirang Dilo Tse di Bosula ba ka Fetoga?
Sekai sa ga Saulo le mosadi wa seaka se re naya karabo.
KGAOLO 26
Lebaka La go Bo go Le Thata go Dira se se Molemo
Batho ba ba bosula ba tla dira eng fa o gana go dira se ba se batlang?
KGAOLO 27
Modimo wa Gago ke Mang?
Batho ba obamela medimo e le mentsi. O tshwanetse go dira eng? Basha ba le bararo ba Bahebera ba re naya karabo.
KGAOLO 28
Kafa o ka Itseng ka Teng Gore o Utlwe Mang
“Duela Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”
KGAOLO 29
A Diphathi Tsotlhe di Itumedisa Modimo?
A o ne o itse gore Baebele e bua ka diphathi di le mmalwa? Re ka kgona go itse gore Modimo o ne a akanyang ka tsone.
KGAOLO 30
Se se Ka re Thusang go Fenya Dilo Tse di re Boifisang
Morutisi yo Mogolo ga a ka a re go tla nna motlhofo go direla Jehofa. Mme go na le sengwe se se ka re thusang go nna pelokgale le go bona thuso.
KGAOLO 31
Kwa re ka Bonang Kgomotso Teng
Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa o hutsafetse kgotsa o jewa ke bodutu?
KGAOLO 32
Kafa Jesu a Neng a Sirelediwa ka Teng
Ithute kafa Jehofa a ileng a sireletsa Jesu ka gone mo bathong ba ba neng ba batla go mmolaya fa e sa ntse e le ngwana.
KGAOLO 33
Jesu A ka Re Sireletsa
Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha kafa a ka kgonang go sireletsa batho ba ba mo ratang.
KGAOLO 35
Re ka Tsoga mo Losong!
Modimo o ne a naya Jesu maatla a go tsosa batho mo baswing, go akaretsa le bana.
KGAOLO 36
Ke Bomang ba ba Tlileng go Tsosiwa? Ba Tlile go Nna Kae?
Jesu o ne a reng malebana le dipotso tseno?
KGAOLO 37
Gakologelwa Jehofa le Morwawe
Jesu o ne a bontsha balatedi ba gagwe tsela nngwe e e kgethegileng e ka yone re ka gakologelwang se ene le Jehofa ba re diretseng sone.
KGAOLO 38
Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Rata Jesu
O ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng setlhabelo gore re kgone go nna le botshelo jo bo sa khutleng!
KGAOLO 40
Kafa re ka Itumedisang Modimo ka Gone
Seane sa Baebele se a re: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me.”
KGAOLO 42
Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Bereka
Go bereka go siametse megopolo ya rona le mebele ya rona. O ka ithuta kafa o ka itumelelang tiro ka gone.
KGAOLO 43
Bokgaitsadiarona le Bomorwarraarona ke Bomang?
A ba akaretsa batho ba e seng bana ba batsadi ba rona?
KGAOLO 44
Re Tshwanetse go Nna le Ditsala Tse di Ratang Modimo
“Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”
KGAOLO 45
Bogosi Jwa Modimo ke Eng? Kafa re ka Bontshang ka Teng Gore re Batla bo Tle
Fa Jesu a laola sengwe le sengwe se se mo lefatsheng, o tla dira diphetogo tse dintsi.
KGAOLO 46
A Lefatshe le Tla Fedisiwa ka Morwalela Gape?
Batho ba ba siameng ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng.
KGAOLO 48
O ka Kgona go Tshela mo Lefatsheng le Lesha la Modimo la Kagiso
O tlhoka go dira eng gore o le itumelele ka bosakhutleng?

