Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o swegaswega pelo go bona ditsholofetso tsa Bogosi di diragadiwa?

KAROLO 7

Ditsholofetso Tsa Bogosi—Go Dira Dilo Tsotlhe Disha

Ditsholofetso Tsa Bogosi—Go Dira Dilo Tsotlhe Disha

O KGETLA apole e kima e e buduleng sentle mo setlhareng. O dupa lonko lwa yone lo lo monate pele ga o e latlhela mo serotong se se tletseng. O na le diura di le dintsi o semeletse, mme o ikutlwa o sa lapa e bile o ipaakanyeditse go dira tiro e e oketsegileng. Mmè mmago o fa setlhareng se se gaufi, o bereka a itumetse a ntse a tlotla le ba bangwe ba lelapa le ditsala tse di lo thusang ka thobo. O lebega a le mosha thata—ka tsela e o mo gopolang ka yone bogologolo fa o ne o sa ntse o le ngwana. Go thata go dumela gore o ne wa mmona a ntse a tsofala mo lefatsheng le jaanong le sa bolong go feta. O gopola fa o ne o mo lebile jaaka bolwetse bo ne bo ntse bo mo koafatsa, letsatsi le o neng o mo tshwere ka seatla fa a ne a tlhokafala, le fa o ne o mo lelela kwa lebitleng. Mme gone jaanong o a tshela, ene le batho ba bangwe ba bantsi e bile ba na le botsogo jo bo itekanetseng sentle gape!

Dinako tse di ntseng jalo di tla a tla; re tlhomamisegile ka seno. Re tlhomamisegile ka gonne ka metlha ditsholofetso tsa Modimo di a diragadiwa. Mo karolong eno, re tla sekaseka kafa ditsholofetso tsa Bogosi di tla diragadiwang ka gone mo bogautshwaneng, tse di tla gogelang kwa ntweng ya Haramagedona. Gape re tla sekaseka dingwe tsa ditsholofetso tse di itumedisang tsa Bogosi tse di tla diragadiwang morago ga moo. Ruri re tla itumedisiwa ke go bona nako e Bogosi jwa Modimo bo tla bong bo busa mo lefatsheng lotlhe, bo dira dilo tsotlhe disha!

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 21

Bogosi Jwa Modimo bo Tlosa Baba ba Jone

O ka ipaakanyetsa ntwa ya Haramagedona gone jaanong.

KGAOLO 22

Bogosi bo Diragatsa Thato ya Modimo mo Lefatsheng

O ka tlhomamisega jang gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di tla diragadiwa?