Fetela kwa tshedimosetsong

SEPTEMBER 17, 2018
KE ENG SE SESHA

Go Golotswe Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Dipuo di le Nnê

Go Golotswe Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Dipuo di le Nnê

Ka September 14, 2018, go ile ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika kwa Machakos, Kenya ka Sekikamba le kwa Lubango, Angola ka Senyaneka. Gape ka lone letsatsi leo, kwa Kiambu, Kenya, go ile ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e feletseng ka Sekikuyu. Morago ga malatsi a mabedi kwa Manila, Philippines, go ile ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e tokafaditsweng ka se Seiloko. Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranoletswe mo dipuong di le 172 e feletse kgotsa karolo nngwe ya yone. Palo eno e akaretsa le dithanolo tse di tokafaditsweng di le 15 fa e sa le go gololwa Baebele e e tokafaditsweng ya Seesemane ka 2013.