Setswana
Karolo ya “Dithuto Tsa Baebele” e Tlhabolotswe
/assets/ct/28ada02fb0/images/syn_placeholder_sqr.png

OCTOBER 6, 2017
KE ENG SE SESHA

Karolo ya “Dithuto Tsa Baebele” e Tlhabolotswe

Karolo ya “Dithuto Tsa Baebele” e Tlhabolotswe

Karolo ya “Dithuto Tsa Baebele” e e mo jw.org e tlhabolotswe gore go nne motlhofo go bona ditlhogo tse motho a di batlang. Go ile ga dirwa diphetogo tse di latelang:

  • Karolo e ntšha ya “Hisitori le Baebele” e tlhalosa kafa Baebele e ileng ya ranolwa, ya phasaladiwa ka gone le kafa dilo tse di fitlheletsweng bosheng jaana di bontshang kafa e buang boammaaruri ka gone ka dilo tsa hisitori.

  • Karolo e ntšha ya “Kagiso le Boitumelo” e tlhalosa kafa o ka lebanang ka gone le mathata a botshelo le se o ka se dirang gore o itumele le fa o na le mathata.

  • Karolo e ntšha ya “Saense le Baebele” e tlhalosa kafa dilo tsa tlholego di bontshang ka gone gore Baebele e bua boammaaruri ka dilo tsa saense.

  • Karolo ya “Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele” e kgaogantswe ka ditlhogo tse di go thusang go bona karabo ya potso e o e batlang.

  • Karolo ya “Banyalani le Batsadi” e ntshitswe mme go tsentswe ya “Lenyalo le Lelapa” mme e na le kgakololo ya Baebele e e ka tokafatsang botshelo jwa lenyalo le go thusa batsadi go godisa bana.